Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tumelo ya Boammaaruri—Ke Eng?

Tumelo ya Boammaaruri—Ke Eng?

Kgopolo E e Mo Baebeleng

Tumelo ya Boammaaruri—Ke Eng?

“KWANTLE GA TUMELO GA GO KGONEGE GO O ITUMEDISA SENTLE, GONNE YO O ATAMELANG MODIMO O TSHWANETSE GO DUMELA GORE O GONE LE GORE O NNA MODUEDI WA BA BA O SENKANG KA TLHOAFALO.”—BAHEBERA 11:6.

TUMELO ke eng? Bangwe ba tlhalosa tumelo e le tumelo ya sedumedi ya go dumela mo Modimong le fa o se na bosupi jo bo nitameng jwa gore o teng. Mokwaladikgang mongwe wa kwa Amerika e bong H. L. Mencken o ne a tlhalosa tumelo ka gore ke “go dumela ka tsela e e sa utlwaleng mo sengweng se se ka nnang sa se ka sa direga.” A eno ke yone tumelo ya boammaaruri e e tlhalosiwang mo Baebeleng? Go botlhokwa thata go tlhaloganya sentle gore tumelo ke eng ka gonne, jaaka go nopotswe fa godimo, ‘kwantle ga tumelo ga go kgonege go itumedisa Modimo.’

Baebele e bolela jaana: “Tumelo ke go tlhomamisega ka dilo tse re di solofetseng.” (Bahebera 11:1, The New Testament in the Language of Today) Ka jalo, tumelo e theilwe mo kitsong ya boammaaruri, e leng dintlha tse go ka thewang ditshwetso tse di siameng ka tsone. Ga e tlhoke gore motho a dumele fela mme e tlhoka gore a nne le lebaka la go dumela.

Go tshwantsha: Gongwe o na le tsala e o ka buang jaana ka yone: “Motho yono ke a mo tshepa. Ke a itse gore o tla diragatsa se a se solofeditseng. Ke a itse gore fa ke na le bothata, o tla nthusa.” Ga go ka ke ga direga gore o bue jalo ka motho yo o simolotseng go mo itse maabane kana malobanyana fela jaana, ga ke re? Motho yono o ne a tla tshwanelwa ke go nna mongwe yo o itshupileng gangwe le gape gore a ka ikanngwa. Go tshwanetse ga nna fela jalo le ka tumelo ya bodumedi, e e tshwanetseng go naya motho tsholofelo le tshepo e e theilweng mo bosuping jo bo nitameng le jo bo ka ikanngwang.

A ke Go Nna le Tumelo Kana ke go Nna Madumelagotlhe?

Bontsi jwa se se tsewang e le tumelo gompieno tota ke go nna madumelagotlhe—go dumela sengwe le sengwe fela, le fa o se na motheo kana lebaka le le utlwalang la go dumela. Gantsi motho yo o nnang madumelagotlhe o dirwa ke go dumela mo maikutlong le mo tumelabotlhoding e e sa tlhomamang. Eno ga se tumelo e e theilweng mo motheong o o tshwanetseng ka gonne ga e na motheo o o ikanyegang wa go dumela.

Tumelo ya madumelagotlhe e ka dira gore motho a itlhaganelele go dira ditshwetso tse di sa dumalaneng le boammaaruri jwa Baebele. Ka mo go tshwanetseng, Baebele e tlhagisa jaana malebana le tumelo e e sa thewang mo motheong o o tshwanetseng: “Motho yo o sa tlhalefang o dumela lefoko lengwe le lengwe, mme senokopela se tle se itebe tsamao ya sone sentle.” (Diane 14:15) Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Tlhomamisang dilo tsotlhe; ngangatlelang se se molemomogolo.” (1 Bathesalonika 5:21) Baebele ga e kgothaletse tumelo ya madumelagotlhe. Mme e kgothaletsa tumelo e e nang le bosupi.

Go kgona go farologanya tumelo ya boammaaruri mo go ya madumelagotlhe ke kgang e e masisi. Motho a ka nna modumedi mme le fa go ntse jalo a se na tumelo ya boammaaruri. Paulo o ne a kwala jaana: “Tumelo ga se thuo ya batho botlhe.” (2 Bathesalonika 3:2) Le fa go ntse jalo, tumelo e e theilweng mo Baebeleng ke thuo ya batho bangwe, mme e ama matshelo a bone eleruri.

Tumelo ya Boammaaruri e Kopanya Motho le Modimo

Tumelo e ka tshwantshiwa le keetane e e gokagantsweng ka digokaganyi tse di jaaka go tshepa le go ikanya tse di kopanyang motho le Modimo. Le fa go ntse jalo, tumelo ya mofuta ono ke selo se se batlang go tlhagolelwa; ga se selo se re tsholwang re na le sone. O ka dira jang gore o tlhagolele tumelo ya boammaaruri? Baebele e tlhalosa jaana: “Tumelo e latela selo se se utlwilweng. Selo se se utlwilweng le sone se nna gone ka lefoko le le kaga Keresete.”—Baroma 10:17.

Ka jalo, o tlhoka go ipha nako ya go itse Modimo le dithuto tsa Morwawe, e bong Jesu Keresete. Kitso eno e tlhoka gore o tseye matsapa. (Diane 2:1-9) O tshwanetse go iteka ka tlhoafalo go batlisisa se Baebele e se bolelang, gore o tle o tlhatswege pelo gore e a ikanyega.

Le fa go ntse jalo, tumelo ya boammaaruri ga e felele fela ka gore motho a nne le kitso kana a dumele gore sengwe se boammaaruri. Gape e akaretsa le pelo—selo se se tlhotlheletsang motho. Baroma 10:10 e bolela jaana: “Motho o supa tumelo ka pelo.” Seno se bolela eng? Jaaka fa o ntse o tlhatlhanya ka dilo tsa bomodimo, o dira gore o di anaanele le go feta, o letla molaetsa wa Baebele gore o nwelele kwa tengteng mo pelong ya gago. Tumelo e a gola le go nonofa fa o ntse o tlhotlheletsega go dira sengwe ka ditsholofetso tsa Modimo e bile o bona bosupi jwa gore o a go segofatsa.—2 Bathesalonika 1:3.

A bo tumelo ya boammaaruri e le selo se se tlhwatlhwakgolo jang ne go nna le sone! Re solegelwa molemo ke go kgona go lebana le maemo a a thata re tshepile Modimo, re ikantse gore o kgona go kaela dikgato tsa rona le gore o iketleeditse go re tlhokomela ka dilo tse re di tlhokang. Mo godimo ga moo, Morwa Modimo, Jesu Keresete, o ne a re bontsha molemo mongwe o o nnetseng ruri wa tumelo: “Modimo o ratile lefatshe mo go kalo mo o bileng wa ntsha Morwaone yo o tsetsweng a le esi, e le gore mongwe le mongwe yo o supang tumelo mo go ene a tle a se ka a senngwa mme a nne le botshelo jo bo sa khutleng.” (Johane 3:16) Botshelo jo bo sa khutleng—a bo e le mpho e e molemolemo jang ne mo go bao ba nang le tumelo!

Go dumela mo tsholofetsong ya Modimo ya gore o duela batlhanka ba gagwe, go dira gore motho a lebe botshelo ka tsela e e farologaneng. Bahebera 11:6 e bolela gore tumelo ya boammaaruri e akaretsa go dumela gore Modimo o kgona go duela “ba ba o senkang ka tlhoafalo.” Go bonala sentle he gore, tumelo ya boammaaruri ga se go dumela sengwe le sengwe, e bile ga se go dumela fela gore Modimo o teng. E akaretsa go amogela gore Modimo o kgona go nna moduedi wa ba ba mo senkang ka tlhoafalo. A ruri o batla go itse Modimo ka pelo yotlhe ya gago? Fa e le gore go ntse jalo, he batla kitso ya boammaaruri mo Lefokong la gagwe, Baebele, mme tumelo ya gago e tla duelwa.—Bakolosa 1:9, 10.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 20]

Drawings of Albrecht Dürer/Dover Publications, Inc.