Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A go Siame go Obamela Jesu?

A go Siame go Obamela Jesu?

Kgopolo E e Mo Baebeleng

A go Siame go Obamela Jesu?

GO RALALA makgolokgolo a dingwaga, batho ba le bantsi mo go Labokeresete ba ne ba obamela Jesu Keresete jaaka e kete ke ene Modimo Mothatayotlhe. Le fa go ntse jalo, Jesu ka boene o ne a kaela gore re lebe le go obamela Jehofa Modimo fela. Ka sekai, fa Jesu a ne a tlhotlhelediwa gore a obamele Diabolo, o ne a bolela jaana: “Jehofa Modimo wa gago ke ene yo o tshwanetseng go mo obamela, e bile ke ene a le esi yo o tshwanetseng go mo direla tirelo e e boitshepo.” (Mathaio 4:10) Moragonyana Jesu o ne a laela barutwa ba gagwe jaana: “Lo se ka lwa bitsa ope rraalona mo lefatsheng, gonne Rraalona o mongwe, Wa selegodimo.”—Mathaio 23:9.

Jesu o ne a tlhalosetsa mosadi mongwe wa Mosamaria mofuta wa kobamelo o batho ba tshwanetseng go e naya Modimo. Kobamelo ya bone e tshwanetse ya bo e theilwe mo moyeng le mo boammaaruring. Eleruri, “Rara o batla ba ba ntseng jalo go mo obamela.” (Johane 4:23, 24) Ee, Modimo ke ene fela yo o tshwanetseng go tlotlwa ka kobamelo. Go obamela motho ope o sele kana sengwe se sele e tla bo e le go obamela medingwana, e leng selo se se kgalwang mo Dikwalong tsa Sehebera le tsa Segerika.—Ekesodo 20:4, 5; Bagalatia 5:19, 20.

Bangwe ba ka nna ba ganetsa ba re, ‘A mme Baebele ga e supe gore le Jesu re tshwanetse ra mo obamela? A Paulo ga a ka a bolela jaana mo go Bahebera 1:6: “A baengele botlhe ba Modimo ba mo obamele [Jesu]”?’ (King James Version) Re ka tlhaloganya jang lokwalo lono go ya ka se Baebele e se buang ka go obamela medingwana?

Kobamelo mo Baebeleng

Sa ntlha, re tshwanetse go tlhaloganya gore Paulo o ne a raya eng fano fa a bua ka kobamelo. O ne a dirisa lefoko la Segerika e leng pro·sky·neʹo. Unger’s Bible Dictionary e bolela gore lefoko leno tota le raya go ‘atla letsogo la mongwe e le go mmontsha tshisimogo thata kana go mo tlotla.’ An Expository Dictionary of New Testament Words ya ga W. E. Vine, e bolela gore lefoko leno “le raya go bontsha go sisimoga ka tlotlo, e ka tswa e le go sisimoga motho . . . kana Modimo ka tlotlo.” Mo metlheng ya Baebele pro·sky·neʹo gantsi e ne e akaretsa go khubamela mongwe wa maemo a a kwa godimo.

Akanya ka setshwantsho se Jesu a neng a se bolela sa lekgoba le le neng le sa kgone go duela mong wa lone madi otlhe ao le neng le mo kolota one. Go dirisitswe sebopego sa lefoko leno la Segerika mo setshwantshong seno, mme fa King James Version e le ranola, e bolela gore “motlhanka a wela fa fatshe a mo obamela [karolo ya pro·sky·neʹo] [a obamela kgosi] a re, Morena, a ko o nne pelotelele le nna, mme ke tlaa go lefela gotlhe fela.” (Mathaio 18:26; mokwalo o o sekameng ke wa rona.) A monna yono o ne a mo obamela jaaka modingwana? Nnyaa le eseng! O ne a supa fela tshisimogo le tlotlo tse di tshwanetseng kgosi, mong le mookamedi wa gagwe.

Ditiro tse di ntseng jalo tsa go obama kgotsa tsa go supa tlotlo, di ne di tlwaelegile thata kwa Botlhaba mo metlheng ya Baebele. Jakobe o ne a khubama ga supa fa a ne a kopana le morwarraagwe e bong Esau. (Genesise 33:3) Bomorwarraagwe Josefa ba ne ba khubama kana ba obama fa pele ga gagwe, ba tlotla boemo jwa gagwe kwa kgotleng ya kwa Egepeto. (Genesise 42:6) Re akantse mabaka ano, re kgona go tlhaloganya sentle se se neng sa diragala fa balepadinaledi ba ne ba fitlhela ngwana Jesu, yo ba neng ba mo tlotla jaaka “yo o tsetsweng e le kgosi ya Bajuda.” Jaaka go bontshitswe mo go King James Version, pego eno e re bolelela gore ba ne ba “wela fa fatshe ba mo obamela [pro·sky·neʹo].”—Mathaio 2:2, 11.

Go phepafetse he gore lefoko pro·sky·neʹo, le le ranotsweng e le “kobamelo” mo dithanolong tse dingwe tsa Baebele, ga le dirisiwe fela go raya mofuta wa kobamelo e e tshwanetseng Jehofa Modimo. Le ka kaya gape tlotlo e e bontshiwang motho yo mongwe. E le go leka go tila go sa tlhaloganye mo go ka nnang teng, dithanolo dingwe tsa Baebele di tlhalosa lefoko pro·sky·neʹo mo go Bahebera 1:6 e le “ba mo tlotle thata” (New Jerusalem Bible), “ba mo tseele kwa godimo” (The Complete Bible in Modern English), “ba obege fa pele ga gagwe” (Twentieth Century New Testament), kana “ba obame fa pele ga gagwe” (Thanolo ya Lefatshe le Lesha).

Jesu o Tshwanelwa ke go Ikobelwa

A Jesu o tshwanelwa ke go ikobelwa mo go ntseng jalo? Ee ruri! Mo lekwalong le a le kwaletseng Bahebera, moaposetoloi Paulo o tlhalosa gore Jesu “o ne a nna kafa seatleng sa moja sa Yo O Tlotlometseng kwa mafelong a a kwa godimo,” e le “moruaboswa wa dilo tsotlhe.” (Bahebera 1:2-4) Ka jalo, “ka leina la ga Jesu lengole lengwe le lengwe le tle le obame la ba ba kwa legodimong le ba ba mo lefatsheng le ba ba kafa tlase ga lefatshe, le loleme longwe le longwe lo tle lo bolele ka tshosologo fa lo dumela gore Jesu Keresete ke Morena kgalalelong ya Modimo Rara.”—Bafilipi 2:10, 11.

Ka tsela e e bonalang thata, Keresete o tla tloga a dirisa boemo jono jo bo tlotlometseng le maatla ano a magolo a a tsamaisanang le jone go fetola lefatshe leno go le dira paradaise ya lefatshe lotlhe. Ka kaelo ya Modimo, e bile e le ka ntlha ya setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu, o tla fedisa bohutsana, botlhoko le kutlobotlhoko tsotlhe mo lefatsheng gore ba ba ikobelang taolo ya gagwe ya tshiamo ba solegelwe molemo. A seno ga se dire gore a tshwanelwe ke go tseelwa kwa godimo, re mo tlotle le go mo ikobela?—Pesalema 2:12; Isaia 9:6; Luke 23:43; Tshenolo 21:3, 4.

“Modimo o o Batlang Boineelo jo bo Feletseng”

Le fa go ntse jalo, Baebele e bontsha ka phepafalo gore kobamelo ya rona—e leng tlotlo ya sedumedi le boineelo—e tshwanetse ya newa Modimo fela. Moshe o ne a mo tlhalosa e le “Modimo o o batlang boineelo jo bo feletseng.” Mme Baebele e re rotloetsa gore re ‘obamele One o o dirileng legodimo le lefatshe le lewatle le metswedi ya metsi.’—Duteronome 4:24, NW; Tshenolo 14:7.

Eleruri Jesu o na le seabe sa botlhokwa thata mo kobamelong ya boammaaruri, sone se a tshwanelwang ke go tseelwa kwa godimo le go tlotliwa ka ntlha ya sone. (2 Bakorintha 1:20, 21; 1 Timotheo 2:5) Ke ene fela tsela e re ka kgonang go atamela Jehofa Modimo ka yone. (Johane 14:6) Ka gone, Bakeresete ba boammaaruri ba dira sentle fa ba isa kobamelo ya bone kwa go Jehofa Modimo, Mothatayotlhe fela.