Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Tweng ka go Iphunya Mmele?

Go Tweng ka go Iphunya Mmele?

Basha ba Botsa Jaana . . .

Go Tweng ka go Iphunya Mmele?

‘La ntlha fa ke ne ke bona batho ba iphuntse dipounama le dikarolo tse dingwe tsa mebele ya bone, ke ne ka re “Ija! A bo go le gontle jang ne!”’—Lisa.

LISA ga se ene fela a ikutlwang jalo. Basha ba le bantsi ba tsenya manyena mo dikarolong tse di farologaneng tsa mmele, le eleng mo dintshing tsa bone tsa matlho, mo dinkong, mo ditsebeng, mo lolemeng, mo dipounameng le mo khubung. Ke mokgwa o o bidiwang go iphunya mmele. *

Heather wa dingwaga tse 16 le ene o batla go iphunya mmele jalo. O dumela gore fa a ka tsenya lenyena mo khubung ya gagwe le tla lebega le le “lentle thata.” Le fa go ntse jalo, Joe wa dingwaga tse 19, ene o setse a ikgabisitse ka tshipi ya gouta mo lolemeng. Mme mosetsana mongwe yo mosha ene o ne a tlhopha go iphunya dintshi tsa matlho ka a ne a batla sengwe se se “bonalang sentle” se se neng se tla “tlogela batho ba atlhame.”

Kgopolo eno ya go rwala dibenya mo mmeleng ga se selo se sesha. Bogologolo mo metlheng ya Baebele, mosadi mongwe yo o neng a boifa Modimo e bong Rebeka o ne a rwala lenyena mo nkong. (Genesise 24:22, 47) Fa Baiseraele ba tswa kwa Egepeto, ba ne ba rwele manyena mo ditsebeng. (Ekesodo 32:2) Le fa go ntse jalo, ga go itsiwe gore a ba ne ba iphunya ditsebe le dinko gore ba tsenye dibenya tse di ntseng jalo. Le fa go ntse jalo, batlhanka ba ba ikanyegang ba ne ba iphunya ditsebe, e le letshwao le le bontshang gore ba ikanyega mo go beng ba bone ka nitamo. (Ekesodo 21:6) Go iphunya mmele go ile ga nna ga ratwa thata le ke ditso tse dingwe tsa bogologolo. Ba-Aztec le Ba-Maya ba ne ba iphunya diteme ka ntlha ya mabaka a semoya. Go iphunya dipounama go sa ntse go aname thata mo Afrika le mo Baindieng ba kwa Amerika Borwa. Ba-Melanesia le baagi ba India le ba Pakistan ba rata thata go itsenya mekgabisa mo nkong.

Go fitlha mo e ka nnang dingwaga di le mmalwa tse di fetileng, kwa mafatsheng a Bophirima go iphunya e ne e le selo se se dirwang ke basadi fela mme ba iphunya loreto lwa tsebe. Mme jaanong basha le bagolo ba banna le ba basadi ba rwala dibenya mo e ka nnang mo karolong nngwe le nngwe ya mmele e ba ka kgonang go di tsenya mo go yone.

Lebaka La go Bo ba Iphunya

Batho ba le bantsi ba iphunya ka gonne ba akanya gore go mo fesheneng—go dirwa ke mongwe le mongwe. Ba bangwe ba akanya gore go tla tokafatsa tsela e ba lebegang ka yone. Eleruri, feshene eno e gakaditswe ke bommabontle ba maemo a a kwa godimo, bagaka ba metshameko le baopedi ba ba ratwang thata ka go rwala dibenya mo mebeleng ya bone. Mme mo basheng bangwe, go iphunya mmele go bonala e le tsela e ba bontshang ka yone gore ba a itaola, ba batla go tlhomologa, e bile ba batla go bontsha gore ga ba tshwane le batho ba bangwe. Mokwaladikgang mongwe e bong John Leo o akgela jaana: “Go bonala boikaelelo jwa bone jo bogolo jwa go nna ba iphunya mmele gangwe le gape jaana, e le go batla go rumola batsadi ba bone le go tshosa batho.” Go lebega go se kgotsofale, go se batle go laolega, go nna bodipa le go tsuologa e le tsone dilo tse di tlhotlheletsang boikutlo jono jo bo dirang gore motho a batle go bontsha se a leng sone.

Gape go na le ba ba iphunyang mmele gonne ba batla go kgotsofatsa bothata bongwe jo ba nang le jone jwa tlhaloganyo kana jwa maikutlo. Ka sekai, basha bangwe ba akanya gore seno se tla dira gore ba itlotle thata. Batho bangwe ba ba kileng ba sotlwa fa ba sa le bana ba ile ba bona gore go iphunya mmele ke tsela e ba bontshang ka yone gore ba kgona go laola mebele ya bone gape.

Dikotsi Tsa Pholo

A mme ga go kotsi go iphunya mmele ka ditsela tseno? Dingaka di le dintsi di bolela gore dingwe tsa tsone di kotsi. Ke boammaaruri gore go iphunya mmele ka bowena go kotsi. Mme go ya kwa mothong yo go tweng ke mankge wa go phunya mmele go ka nna le dikotsi tsa gone. Bontsi jwa bone ga ba a thapisiwa sentle ka gonne ba ithutile tiro eno ya bone mo ditsaleng, mo dimakasineng le mo dibidiong. Ka ntlha ya seno, ba ka nna ba se ka ba dirisa mekgwa e e siameng ya bophepa kana e bile ba ka nna ba se ka ba tlhaloganya dikotsi tsa go phunya mmele. Gape, batho ba le bantsi ba ba phunyang ba bangwe mmele ga ba tlhaloganye mmele wa motho sentle. Bothata jono bo masisi ka gonne go phunya mmele mo go sa tshwanelang teng go ka dira gore motho a dutle madi thata. Mme go phunya tshikana go ka dira gore motho a gobalele ruri.

Kotsi e nngwe e e masisi ke go tshwaediwa ke malwetse. Didirisiwa tse di sa phepafadiweng ka dibolayamegare di ka fetisa malwetse a a bolayang a a jaaka a sebete, AIDS, thiibi le go kitlana ditlhaa. Tota le fa go ka tswa go dirisitswe mekgwa ya go phepafatsa ka dibolayamegare, go sa ntse go tlhokega gore motho a nne kelotlhoko le fa a setse a iphuntse. Ka sekai, go iphunya mo khubung go ka dira gore e ruruge ka e nna e gotlhwa ke diaparo nako le nako. Ka jalo go ka nna ga tsaya dikgwedi di le robongwe gore e fole.

Dingaka di bolela gore go phunya lehihiri la motho la nko kana la tsebe go kotsi thata go feta go phunya loreto lwa tsebe. Lokwalodikgang longwe lo lo tswang kwa American Academy of Facial Plastic and Reconstructive Surgery lo tlhalosa jaana: “Selo se se tshwenyang thata ke maroba a manyena a mantsintsi a a leng mo karolong e e fa godimo ya tsebe—fa karolo eno e ka tshwaediwa ke bolwetse bongwe jo bo masisi e ka nna ya jega yotlhe. Manyena a a tsenngwang mo nkong le one a kotsi—fa karolo eno e ka tshwaediwa ke bolwetse bongwe e ka nna ya ama ditshika tsa madi tse di gaufi le yone mme bolwetse bo ka nna jwa anamela le kwa bobokong.” Lokwalodikgang lono lo konela jaana: “Ka tshwanelo, motho o tshwanetse go [iphunya] loreto lwa tsebe fela.”

Dikotsi tse dingwe ke go nna le dipadi tse di maswe le go lwadiwa ke dibenya tse di tsenngwang mo marobeng a a phuntsweng. Fa go ka direga gore manyena a a tsenngwang mo dikarolong tse di bosisi, tse di tshwanang le mabele, a tshwarwe kana a gogiwe ke diaparo, go ka nna motlhofo thata gore a gagole nama. Fa mosetsanyana a ka nna le lebadi mo letseleng, le ka tswala maroba a mashi, mme fa a sa senke kalafi, a ka nna a go fitlhela go le thata kana go sa kgonege gore a amuse ngwana wa gagwe mo nakong e e tlang.

Bosheng jaana American Dental Association e ne ya bolela gore go iphunya molomo ke selo se se kotsi mo botsogong jwa batho. Dikotsi tse dingwe tsa go iphunya mo molomong di akaretsa go betwa ke dibenya morago ga go di metsa, go swa bogatsu le go nna le loleme lo lo sa tlholeng lo kgona go latswa, go dutla madi o sa kgaotse, go nna le meno a a robegileng kana a a thubegileng, mathe a a tswang thata, go tswa ditete ka tsela e e sa laolegeng, go gobala marinini, go sa kgone go bua sentle, go nna le mathata a go hema, a go tlhafuna le a go metsa. Fa mosadi mongwe yo mosha e bong Kendra a sena go phunya loleme lwa gagwe, lo ne lwa “buduloga jaaka balunu.” Se se neng sa gakatsa dilo le go feta, motho yo a neng a mo phunya o ne a dirisitse lenyena la talama le le neng le diretswe go tsenngwa mo seledung, mme le ne la sega loleme lwa ga Kendra la bo la gagola le thishu e e ka fa tlase ga loleme. O batlile a sa tlhole a kgona go bua.

Modimo o ne a ruta batho ba gagwe e bong Baiseraele go tlotla mebele ya bone le go tila go itshegaka mmele. (Lefitiko 19:28; 21:5; Duteronome 14:1) Mme le mororo gompieno Bakeresete ba se ka fa tlase ga Molao wa ga Moshe, ba sa ntse ba kgothadiwa gore ba tlotle mebele ya bone. (Baroma 12:1) A ga go botlhale he, go tila mathata a a sa tlhokegeng ao go iphunya mmele go ka a tlisetsang botsogo? Le fa go ntse jalo, go na le dintlha dingwe kwantle ga botsogo tse o tshwanetseng go di sekaseka.

Go Bolelela Batho Eng?

Baebele ga e re neye taelo e e tlhamaletseng malebana le go iphunya mmele. Mme gone e re kgothaletsa go ikgabisa ka “boingotlo le go itekanela sentle ga mogopolo.” (1 Timotheo 2:9) Le mororo sengwe se ka nna sa tsewa se tlotlega kwa karolong nngwe ya lefatshe, kgangkgolo ke gore se lebiwa jang kwa o nnang teng. Ka sekai, go ka nna ga tsewa go amogelesega kwa karolong nngwe ya lefatshe gore basadi ba iphunye loreto lwa tsebe. Mme kwa nageng e nngwe kana mo setsong se sengwe, seno se ka nna sa kgopisa ba bangwe.

Le fa go ka tswa go ratwa ke batho ba ba tumileng, go iphunya mmele ga banna le go rwala manyena, go tla go fitlha jaanong ga go ise go amogelwe ke batho ka kakaretso kwa dinageng tsa Bophirima. Lebaka lengwe e ka nna gore mekgwa eno ka lobaka lo loleele e ntse e le letshwao le le tlhaolang bagolegwa, digopa tse di kgweetsang dithuthuthu, baopedi ba mmino wa punk rock le basodoma. Batho ba le bantsi ba tsaya go iphunya mmele go amana le boitsholo jo bo duleng mo tseleng le go tsuologa. Ba le mmalwa ba bona go tshosa, e bile go ferosa sebete. Mosetsana mongwe wa Mokeresete e bong Ashley o bolela jaana: “Mosimane mongwe mo tlelaseng ya rona o sa tswa go iphunya nko. O akanya gore ke selo se sentle. Nna ke akanya gore ke selo se se maswe thata!”

Ga go gakgamatse he, go bo lebenkele lengwe le le itsegeng thata kwa Amerika le na le molao wa gore badiri ba ba kopanang le bareki ka tlhamalalo ba tshwanetse go rwala lenyena le le lengwe fela mo tsebeng nngwe le nngwe mme ga ba a letlelelwa go iphunya mo mafelong a mangwe a a ka bonwang ke batho. Mosadi mongwe yo e leng sebueledi sa khampani eno o tlhalosa jaana: “Ga o ka ke wa itse gore bareki ba tla reng ka gone.” Bagakolodi ba ditiro le bone ba gakolola baithuti ba basimane ba kholetšhe ba ba kopang tiro gore ba “se ka ba rwala manyena mo ditsebeng kana dibenya tse dingwe tse di tsenngwang mo marobeng a a phuntsweng mo mmeleng; basadi ga ba a tshwanela go rwala . . . manyena mo nkong.”

Bogolo jang basha ba Bakeresete ba tshwanetse go tshwenyega ka gore ba dire gore batho ba bangwe ba ba lebe ka tsela e e siameng, go akaretsa le fa ba le mo tirong ya go rera. Ga ba batle go ba ‘naya lebaka lepe la go kgopega, e le gore bodiredi jwa bone bo tle bo se ka jwa bonwa molato.’ (2 Bakorintha 6:3, 4) Le fa wena o ka tswa o na le pono efe ka go iphunya mmele, o rata kana o sa rate, tsela e o lebegang ka yone e bolela sengwe ka boikutlo jwa gago le ka mokgwa wa gago wa botshelo. O batla go bolelela batho eng?

Kgabagare wena—mmogo le batsadi ba gago—lo tshwanetse go swetsa gore lo tla dira eng ka kgang eno. Kgakololo e e molemo ya Baebele ya re: “Lo se ka lwa letla gore lefatshe le lo leng mo go lone le lo pateletse go bopega jaaka lone.” (Baroma 12:2, Phillips) Kana gone, ke wena yo o tlileng go tshwanelwa ke go tshela le ditlamorago tsa gone.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 4 Ka seno, ga re bue ka mokgwa o o tlotlegang wa go iphunya o o tlwaelegileng le o o amogelwang mo dinageng di le dintsi. Go na le moo, re bua ka mekgwa e e feteletseng e e ratwang thata gompieno.—Bona Tora ya Tebelo ya May 15, 1974, ditsebe 318-19 (ka Seesemane).

[Ditshwantsho mo go tsebe 21]

Go iphunya mmele go ratwa thata ke basha