Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Lefatshe le Tshwakgotswe ke Motsoko

Lefatshe le Tshwakgotswe ke Motsoko

Lefatshe le Tshwakgotswe ke Motsoko

BILL e ne e le monna yo o siameng, yo o botlhale, yo o nonofileng. O ne a rata lelapa la gagwe. Le fa go ntse jalo, o ne a simolola go goga a sa ntse a le mmotlana. Moragonyana mo botshelong jwa gagwe o ne a simolola go ila mokgwa ono. Le fa a ntse a goga sekerete, o ne a tlhagisa bomorwawe ka tlhoafalo gore ba se ka ba bo ba goga motsoko, a tlhalosa ka fa go leng boeleele ka gone. Ka dinako dingwe o ne a ka sugakanya sephuthelwana sa disekerete ka diatla tsa gagwe tse di thata a bo a se latlhela ka kwa ga kamore ya gagwe, a ikana gore ke sa bofelo se a neng a se goga. Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae o tla bo a boela a goga gape—a simolola ka go ikutswa, e re morago a go dire phatlalatsa.

Bill o ne a tlhokafala dingwaga di le 15 tse di fetileng, a bolawa ke kankere, morago ga dikgwedi a na le setlhabi se se botlhoko thata. Fa a ne a sa goge, gongwe o ka bo a sa ntse a tshela le gompieno. Mosadi wa gagwe o ka bo a sa ntse a na le monna; bomorwawe ba ka bo ba sa ntse ba na le rraabone.

Le fa gone loso lwa ga Bill lo ne lo utlwisitse ba lelapa la gagwe botlhoko thata, ga se ene motho wa ntlha go swa ka tsela eno. Go ya ka World Health Organization (WHO), malwetse a a amanang le go goga motsoko a bolaya mo e ka nnang batho ba le dimilione di le nnè ngwaga le ngwaga, kana motho a le mongwe metsotswana mengwe le mengwe e le robedi. Go goga motsoko ke selo se segolo thata se se bakang malwetse se se ka kgonang go thibelwa mo lefatsheng lotlhe. Fa batho ba tswelela ka tsela e ba dirang ka yone gone jaanong, mo dingwageng di le 20 go goga motsoko e tla bo e le sone selo se segolo thata se se bakang dintsho le makoa a mangwe mo lefatsheng lotlhe, se bolaya batho ba le bantsi go feta ba ba bolawang ke AIDS, thiibi, go swa ga bommè fa ba belega, dikotsi tsa dikoloi, go ipolaya, le go bolaya batho ba bangwe di kopantswe mmogo.

Disekerete di a bolaya. Le fa go ntse jalo, ba ba di gogang ba fitlhelwa gongwe le gongwe. Bobotlana batho ba le dikete di le dimilione di le 1,1 mo lefatsheng lotlhe ba a goga, go rialo WHO. Seno se raya gore ke mo e ka nnang nngwetharong ya bagolo botlhe ba ba mo lefatsheng.

Babatlisisi ba lekanyetsa gore le fa gone jaanong ditlamo tse di dirang motsoko di duela diranta di le makgolo a a dimilione ka ntlha ya go isiwa kgotlatshekelo, madi ano a mannye fa a bapisiwa le morokotso wa diranta di le dibilionebilione o di o dirang. Kwa United States fela, go lekanyediwa gore go dirwa disekerete di le dikete di le dimilione di le 1,5 mo madirelong a motsoko letsatsi le letsatsi. Mo lefatsheng lotlhe, ditlamo tsa motsoko le ditlamo tse di ikemetseng ka nosi tsa puso di rekisa disekerete di feta dibilione di le tlhano ngwaga le ngwaga!

Ke ka ntlha yang fa batho ba le bantsi ba ganelela mo mokgweng ono o o diphatsa jaana? Fa e le gore o a goga, o ka tlogela jang? Dipotso tseno di tla arabiwa mo ditlhogong tse di latelang.