Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Letsatsi le le Tshwanetseng go Gakologelwa

Letsatsi le le Tshwanetseng go Gakologelwa

April 19, 2000

Letsatsi le le Tshwanetseng go Gakologelwa

BOSIGO jwa pele ga Jesu a swa, o ne a thaya segopotso sa loso lwa gagwe. E ne e le moletlonyana o monnye fela. O ne a bolelela barutwa ba gagwe jaana mo go one: “Nnang lo dire seno e le go nkgopola.”—Luke 22:19.

Monongwaga segopotso sa tiragalo eno se tla nna ka Laboraro, April 19, ka lotlatlana.

Ka gone, Basupi ba ga Jehofa go ralala lefatshe ba tla bo ba kokoane mo bosigong jono jo bo kgethegileng go keteka Segopotso seno jaaka Jesu a kopile. O lalediwa ka lorato gore o tle go kopanela le bone fa ba tla bo ba bogetse. Tsweetswee ikgolaganye le Basupi ba ga Jehofa mo lefelong la gaeno gore ba go itsise nako le lefelo le pokano eno e tla tshwarelwang kwa go lone.