Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Maitsholo a Ntse Jang Gompieno?

Maitsholo a Ntse Jang Gompieno?

Maitsholo a Ntse Jang Gompieno?

Moso mongwe ka April 1999, go ne ga tsoga tlhakatlhakano kwa toropong ya Littleton, gaufi le Denver, Colorado, U.S.A. Basha bangwe ba babedi ba ba neng ba apere dijase tse dintsho ba ne ba tsena kwa sekolong se segolo sa lefelo la bone mme ba simolola go thuntshaka baithuti le barutabana. Gape ba ne ba thuntsha le dibomo. Go ne ga swa baithuti ba le 12 le morutabana a le mongwe, mme batho ba ba fetang 20 ba ne ba gobala. Basha bano ba ne ba wetsa masetlapelo ano ka gore le bone ba ipolaye. Ba ne ba na le dingwaga tse 17 le 18 fela mme ba ne ba tlhoile ditlhopha tse di rileng thata.

SEBE sa phiri ke gore sekai seno se se umakilweng fa godimo se direga gongwe le gongwe. Makwalodikgang, diradio le dithelebishene di bega ditiragalo tse di tshwanang le eno mo lefatsheng lotlhe. Go ya ka National Center for Education Statistics, ka 1997 go ile ga begwa mo e ka nnang ditiragalo di le 11 000 tsa thubakanyo e mo go yone go neng go dirisiwa dibetsa kwa dikolong tsa Amerika. Kwa Hamburg, Jeremane, dipego tsa thubakanyo di ne tsa oketsega ka diperesente di le 10 ka 1997, mme diperesente di le 44 tsa babelaelwa e ne e le basha ba dingwaga tse di kwa tlase ga di le 21.

Bonweenwee ke selo se se tlwaelegileng fela thata mo go boradipolotiki le badiredibagolo ba puso. Pego nngwe ya mokomisinara wa lekgotla la Dinaga Tse di Kopaneng Tsa Yuropa (EU [European Union]) e bong Anita Gradin e ne ya senola ka 1998 gore madi a a dirisitsweng mo ditirong tsa bonweenwee tse di neng di dirwa mo teng ga EU ka 1997, a ne a fopholediwa go nna diranta di le dimilione di le dikete di le 8,6. Seno se ne se akaretsa sengwe le sengwe go simolola ka go phimolwa ga dithekete tse di newang batho ba ba tlotseng molao wa go phaka wa pharakano go ya go madi a a neng a amogelwa ka bonweenwee a a neng a thusa mo go tsa temothuo kana a mangwe a lekgotla la EU. Go ile ga letlelelwa gore go bonwe madi a le mantsi ka tsela e e seng ka fa molaong ga ba ga rekisetswa dibetsa le diokobatsi kwa mafelong a mangwe ka bokhukhuntshwane, mme digongwana tsa dikebekwa di ne di naya badiri ba lekgotla la EU madi a pipamolomo gore ba se ka ba bua sepe. Khomishene yotlhe ya EU e ne ya rola marapo ka 1999.

Le fa go ntse jalo, ga se batho ba maemo a a kwa godimo thata fela ba ba tsietsang. Pego nngwe go tswa kwa Khomisheneng ya EU e e malebana le badiri ba ba seng ka fa molaong e ne ya senola gore mo e ka nnang diperesente di le 16 tsa madi a dilo tsotlhe tse di dirwang ke dinaga tsa EU ke madi a dikgwebo tse di sa kwadisiwang le tse di sa dueleng makgetho. Kwa Russia, go begwa gore mo mading otlhe a a tsenang, diperesente di le 50 tsa one ke a a seng ka fa molaong. Mo godimo ga moo, kwa United States, Mokgatlho wa Basekaseki ba ba Tlhomamisitsweng ba Bokebekwa o ne wa bolela gore dikhampani tsa Amerika di latlhegelwa ke madi a feta kgakala didolara di le dimilione di le dikete di le 400 (mo e ka nnang diranta di le dibilione di le 2,5) ngwaga le ngwaga ka gonne badiri ba utswa madi kana dithoto mo dikhampaning tseno.

Internet e ile ya dirisiwa ke batho ba ba tlhakanelang dikobo le bana, ba ba senkang go ba gogela mo ditirong tse di seng ka fa molaong tsa tlhakanelodikobo. Go ya ka mmueledi mongwe wa kwa Sweden wa Save the Children, batho ba ile ba tshwenngwa thata ke ditshwantsho tsa Internet tse di tsosang keletso ya tlhakanelodikobo tse go dirisiwang bana mo go tsone. Kwa Norway ka 1997, mokgatlho ono o ne wa longwa tsebe ka dintlha di le 1 883 malebana le diaterese tsa Web tsa Internet tsa ditshwantsho tse di tsosang keletso ya tlhakanelodikobo tse go dirisiwang bana mo go tsone. Mo ngwageng o o latelang oo dintlha tseo di ne tsa oketsega go nna di ka nna 5 000. Bontsi jwa ditshwantsho tseno di dirwa kwa dinageng tse dipuso kana badiredibagolo ba tsone ba sa kgoneng go laola tiro eno e e tlhabisang ditlhong.

A go Ne go Le Botoka mo Nakong e e Fetileng?

Bontsi jwa batho ba ba tshosiwang ke seemo se se hutsafatsang sa maitsholo mo lefatsheng gompieno ba ka nna ba ikutlwa ba tlhologelelwa moya wa botsalano o o neng o le teng mo metlheng ya batsadi ba bone kana ya borremogolo le bommemogoloabone. Gongwe ba ile ba utlwa gore bogologolo batho ba ne ba tshela botshelo jo bo ritibetseng le gore batho ba maemo otlhe mo setšhabeng ba ne ba tseela go ikanyega le dikarolo tse dingwe tsa boitsholo kwa godimo. Gongwe batho ba ba godileng ba ka tswa ba ba boleletse ka nako ya fa batho ba ba berekang ka thata ba ne ba thusana, ya fa dikamano tsa lelapa di ne di nonofile le nako ya fa basha ba ne ba ikutlwa ba sireletsegile e bile ba thusa mo polasing kana mo lefelong la bodirelo la batsadi ba bone.

Seno se dira gore re ipotse dipotso tseno: A ruriruri maitsholo a batho a ne a le botoka mo nakong e e fetileng? Kana a ke go nna fela le boikutlo jwa go tlhologelelwa dinako tse di fetileng go go fetolang tsela e re gakologelwang metlha e e fetileng ka yone? Nte re bone gore borahisitori le basekaseki ba loago ba araba dipotso tseno jang.

[Lebokoso mo go tsebe 3]

Go Tlhalosa Maitsholo

Mo ditlhogong tseno lefoko leno “maitsholo” le dirisiwa ka kgopolo ya melaometheo ya se se siameng le se se sa siamang mo bathong. Seno se akaretsa go ikanyega, go bua boammaaruri le ditekanyetso tse di kwa godimo mo dilong tsa tlhakanelodikobo le tse dingwe.