Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Seno Sotlhe se Bolelang?

Seno Sotlhe se Bolelang?

Seno Sotlhe se Bolelang?

FA O ne o ka sekaseka ditekanyetso tsa boitsholo mo dingwageng tsa bosheng jaana, o ne o tla bona sentle gore go iwa kae. Ga go belaetse gore batho ba le bantsi ba itlhokomolosa ditekanyetso tsa boitsholo thata. Tota seno se bolelang?

A se bolela gore setso sotlhe sa rona le batho botlhe ba latlhilwe, mme ba gaufi le go nyelediwa, jaaka batho bangwe ba bolela? Kana a diphetogo tseno ke karolo fela ya go ya kwa godimo le kwa tlase go go tlholang go direga mo hisitoring?

Batho ba le bantsi ba akanya gore ntlha ya bobedi ke yone e e diregang. Ba tsaya gore go senyega ga maitsholo mo motlheng wa rona ke selo fela se se tlwaelegileng, sengwe sa tse dintsintsi tse di ileng tsa goroga tsa ba tsa feta mo hisitoring. Ba lebeletse thata gore kgabagare maemo a tla boela gape kwa a tswang teng mme batho ba tla boa gape ba nna le ditekanyetso tse di kwa godimo tsa boitsholo. A ba bua boammaaruri?

‘Malatsi a Bofelo’

Nte re sekasekeng dintlha re dirisa buka e ka makgolokgolo a dingwaga e neng e amogelwa thata e le yone e e laolang dikgang tsa boitsholo—Lefoko la Modimo, Baebele. Go sedimosa thata fa re bapisa lefatshe la gompieno le tlhaloso ya boporofeti e Baebele e e nayang malebana le motlha wa makgaolakgang wa hisitori ya batho. Eno ke nako e e e bitsang ‘malatsi a bofelo’ kana “bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo.” (2 Timotheo 3:1; Mathaio 24:3) Jaaka dipolelo tseno di bontsha, paka eno e tla tshwaya bokhutlo jo bo tlhomameng jwa motlha o mongwe le go simolola ga motlha o mosha.

Lefoko la Modimo le ne la bolelela pele gore malatsi a bofelo a ne a tla tshwaiwa ke “dinako tsa mathata tse go leng boima go dirisana le tsone.” Go thusa batho ba ba etseng maemo tlhoko gore ba lemoge malatsi a bofelo, Baebele e naya dintlha di le mmalwa tse fa di kopane di tlhalosang sentle, kana di nayang sesupo se se dikarolo dintsi sa motlha ono o o tlhomologileng.

Mekgwa E e Sa Siamang ya Batho

Ela tlhoko nngwe ya dikarolo tsa sesupo seno e e tlhageletseng thata gompieno: ‘Batho ba tla nna le sebopego sa boineelo jwa bomodimo mme ba latola maatla a jone.’ (2 Timotheo 3:2, 5) Ga go na nako epe mo hisitoring e mo go yone batho ba ileng ba hularela bodumedi gotlhelele jaana. Batho ba le bantsi ba ile ba gana go dumela gore Modimo ke ene molaodi a le nosi fela, mme ba le bantsi ga ba dumele gore Baebele ke yone fela motswedi wa boammaaruri. Gone ke boammaaruri gore dikereke di sa ntse di le teng, mme ke di le mmalwa fela tse di kgonang go tlhotlheletsa batho. Di kgabisitse fela.

Baebele e umaka karolo e nngwe ya sesupo seno: “Batho ba tla nna . . . ba ba se nang boikgapo, ba ba bogale bo tshabegang,” mme “ka ntlha ya go oketsega ga bosenangmolao lorato lwa ba le bantsi lo tla tsidifala.” (2 Timotheo 3:2, 3; Mathaio 24:12) Lefoko la Segerika le le ranotsweng go twe “bogale bo tshabegang” le bolela, gareng ga dilo tse dingwe, “go se nne le kutlwelobotlhoko le maikutlo.” Gompieno bana ba bannye thata ba itshupa ba le “bogale bo tshabegang” mme ba dira ditiro di le dintsi tsa bokebekwa jwa thubakanyo.

Mo godimo ga moo, boranyane le ikonomi tse di gatelang pele ka bonako le bopelotshetlha jo di bo bakileng di dirile gore batho ba le bantsintsi ba latlhe mekgwa e mentle ya bogologolo. Ba sa akanyetse batho ba bangwe, ba dirisa mekgwa epe fela e e leng teng, tota le e e sa ikanyegeng, go phamola dilo ka bontsi jo ba ka bo kgonang go kgotsofatsa dikeletso tsa bone tsa bopelotshetlha. Bosupi jo bongwe jwa bopelotshetlha bo bonwa mo tseleng e batho ba betšhang thata ka yone, mme dipalopalo tsa tlolomolao tsa masome a le mmalwa a dingwaga a a fetileng ke bosupi jo bo maatla le jo bo bontshang boemo jono sentle.

Karolo nngwe e e diregang thata mo motlheng wa rona ke eno: “Batho ba tla nna. . . barati ba menate go na le barati ba Modimo.” (2 Timotheo 3:2, 4) Sekai sengwe sa seno ke gore batho ba batla go ja monate wa go kgotsofatsa nama, mme ga ba batle go sikara maikarabelo a go nna le molekane a le mongwe fela wa lenyalo botshelo jotlhe jwa bone. Seno se ile sa felela ka go senyega ga malapa, bana ba ba sa itumelang le ba ba ikutlwang ba sa atamelana thata le ba malapa a bone, batsadi ba ba se nang balekane le malwetse a a tshelanwang ka tlhakanelodikobo.

Karolo e nngwe ya sesupo seno ke gore “batho ba tla nna baithati, barati ba madi.” (2 Timotheo 3:2) Go ya ka makasine wa kwa Jeremane wa Die Zeit, “selo se segolo se se tsamaisang thulaganyo [ya gompieno ya itsholelo] ke bopelotshetlha.” Go feta le fa e le leng pele, go rata madi ke selo se se botlhokwa thata mo matshelong a batho ba le bantsi. Fa ba ntse ba latelela madi ka bopelotshetlha jaana, ba itlhokomolosa mekgwa e mengwe e mentle.

Ditiragalo Tsa Lefatshe

Mo godimo ga gore Baebele e bue ka go senyega ga mekgwa e mentle ya batho, gape e ne ya bolelela pele gore malatsi a bofelo a ne a tla tshwaiwa ke diphetogo tse dikgolo thata tse di neng di tla ama batho. Ka sekai, e bolela gore “morafe o tla tsogologela morafe, le bogosi bo tsogologele bogosi; mme go tla nna le dithoromo tsa lefatshe tse dikgolo, mme mo mafelong ka go latelana malwetsi a leroborobo le ditlhaelo tsa dijo.”—Luke 21:10, 11.

Kwantle ga mo lekgolong la bo20 la dingwaga, ga go ise go ke go nne le nako epe e nngwe mo hisitoring e mo go yone batho ba le bantsi jaana ba ileng ba diragalelwa ke masetlapelo a mantsi thata jaana a a tshosang lefatshe mo nakong e khutshwane jalo. Ka sekai, batho ba ba fetang kgakala dimilione di le 100 ba ne ba bolawa mo dintweng mo go yone nako eo, e leng palo e e fetang ka makgetlho a le mantsi palo ya batho ba ba neng ba bolawa mo dintweng mo makgolong a le mmalwa a dingwaga a a fetileng a kopantswe. Mo lekgolong la bo20 la dingwaga re nnile le dintwa tse pedi tse di neng di farologane thata le tse dingwe mo e leng gore di ne tsa bidiwa dintwa tsa lefatshe. Go ne go ise go ko go nne le dintwa tse di tshwanang le tseno tse di amang lefatshe lotlhe mo nakong e e fetileng.

Maatla a a Boikepo a a Tlhotlheletsang

Gape Baebele e senola gore go na le sebopiwa sengwe se se maatla se se boikepo sa semoya, “[ene yo o] bidiwang Diabolo le Satane,” yo o ikaeletseng go hepisa batho gore ba latlhe maitseo a boammaaruri le go ba isa kwa maitsholong a a bodileng. E bolela gore mo malatsing a bofelo, o ile a fologela mo lefatsheng, “a le bogale jo bogolo, ka a itse gore o na le lobaka lo lokhutshwane lwa nako.”—Tshenolo 12:9, 12.

Diabolo o tlhalosiwa mo Baebeleng e le “mmusi wa taolo ya moya wa loapi, moya o jaanong o dirang mo barweng ba botlhokakutlo.” (Baefeso 2:2) Seno se bolela gore Diabolo o na le tlhotlheletso e kgolo mo bathong ba le bantsi, gantsi ba sa lemoge, fela jaaka ka dinako dingwe re ka nna ra se ka ra lemoga selo se se sa bonaleng se se kgotlhelang moya mo loaping.

Ka sekai, tsela e Satane a tlhotlheletsang batho ka yone e bonwa mo mekgweng e le mentsi ya segompieno ya tlhaeletsano: dibidio, dibaesekopo, thelebishene, Internet, dipapatso, dibuka, dimakasine le makwalodikgang. Bontsi jwa dilo tseno, segolobogolo tse di itebagantseng le basha ba ba seng kelotlhoko, di tletse ka mekgwa e e feteletseng le e e ferosang sebete, e e jaaka go tlhaola batho ka lotso, tirisabadimo, boitsholo jo bo sa siamang le thubakanyo e e setlhogo.

Batho ba le bantsi ba ba peloephepa ba ile ba tshwarwa ke kgakge fa ba bona gore tsela e Baebele e tlhalosang malatsi a bofelo ka yone e tshwana kgo! le maemo a mmatota a a mo lefatsheng la motlha wa rona. Ke boammaaruri gore go ile ga direga dilo dingwe mo hisitoring pele ga lekgolo la bo20 la dingwaga tse ka ditsela dingwe tse dinnye di neng di bonala di dumalana le se Baebele e se tlhalosang. Le fa go ntse jalo dikarolo tsotlhe tsa sesupo seno di bonala fela mo lekgolong la bo20 la dingwaga mme jaanong le mo go la bo21 la dingwaga.

Motlha o Mosha o o Tlang

Batho ba ba dumelang gore losika lwa motho lo tla senngwa le ba ba dumelang gore dilo di tla tswelela jaaka di ne di ntse ka gale ga ba bue boammaaruri. Go na le moo, Baebele e bontsha sentle gore mokgatlho wa batho wa lefatshe wa gompieno o o renang mo lefatsheng o tla tseelwa sebaka ke sengwe se sesha gotlhelele.

Fa Jesu a sena go bua ka lenaane la dikarolo di le mmalwa tsa sesupo sa malatsi a bofelo, o ne a re: “Ka tsela eno le lona, fa lo bona dilo tseno di diragala, itseng gore bogosi jwa Modimo bo gaufi.” (Luke 21:31) Bogosi jwa Modimo jwa selegodimo e ne e le setlhogo se segolo se Jesu a neng a rera ka sone. (Mathaio 6:9, 10) Mme Modimo o mo tlhomile go nna Kgosi ya Bogosi jono, jo e leng puso e go ise go ye kae e tlileng go busa lefatshe leno lotlhe.—Luke 8:1; Tshenolo 11:15; 20:1-6.

Kwa bokhutlong jwa malatsi a bofelo, Bogosi jwa Modimo jwa selegodimo tlase ga taolo ya ga Keresete bo tla nyeletsa batho botlhe ba e eleng baba ba jone—Diabolo le ba ba mo emang nokeng—mme bo bo bo emisetsa lefatshe la gompieno la batho ba ba se nang maitsholo a mantle ka lefatshe le lesha la tshiamo. (Daniele 2:44) Mo lefatsheng leno le lesha, batho ba ba dipelo di siameng ba tla ipelela botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng le le fetotsweng go nna paradaise.—Luke 23:43; 2 Petere 3:13; Tshenolo 21:3, 4.

Batho ba ba tlhoileng maitsholo a gompieno a a senyegileng e bile ba lemoga gore sesupo sa dikarolo di le dintsi sa malatsi a bofelo se a diragadiwa mo ditiragalong tse di diregang gompieno jaana ba ka lebelela isagwe e e molemolemo. Ka ntlha ya seno re leboga Modimo Mothatayotlhe, yo o amegang ka rona batho e bile a na le boikaelelo jo bo galalelang ka popo ya gagwe, lefatshe.—Pesalema 37:10, 11,29; 1 Petere 5:6, 7.

Basupi ba ga Jehofa ba go laletsa gore o ithute go le gontsi ka Mmopi wa rona yo o lorato le ka tebelelo ya go tshela mo lefatsheng le le phepa mo boitsholong le a le beetseng botlhe ba ba senkang. Jaaka Baebele e bolela, “seno se raya botshelo jo bo sa khutleng, go anya ga bone kitso kaga gago, Modimo o o osi wa boammaaruri, le kaga yo o mo rometseng, Jesu Keresete.”—Johane 17:3.

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Batho ba ba dipelo di siameng ba tla ipelela botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise