Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tumelo e e Nonofileng mo Gare ga Masetlapelo

Tumelo e e Nonofileng mo Gare ga Masetlapelo

Tumelo e e Nonofileng mo Gare ga Masetlapelo

DINGWAGA di ka nna 60 tse di fetileng, Mina Esch o ne a amogela posokarata e e tswang kwa monneng wa gagwe e bong Peter. Molaetsa ono o o neng o kwadilwe ka letsogo o ne o le mokhutshwane mme o sa utlwale. Le fa go ntse jalo, o ne a itumeletse go o amogela e bile o ne wa mo diga makgwafo. Monna wa ga Mina e ne e le motshwarwa kwa kampeng ya pogisetso ya Buchenwald, a rometswe gone ke puso ya Bonasi ka go bo e le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Ka fa morago ga posokarata go ne go na le molaetsa ono o mokhutshwanyane: “Motshwarwa yono e sa ntse e le Moithuti wa Baebele [jaaka Basupi ba ga Jehofa ba ne ba itsiwe ka nako eo] yo o tlhogoethata . . . Ka ntlha ya lone lebaka leno fela, o tseetswe tshiamelo ya go kwalelana le ba bangwe ka tsela e nngwe e sele.” Molaetsa ono o ne wa bolelela Mina gore Peter o ne a sa ntse a nitame mo tumelong ya gagwe.

Posokarata eno, e jaanong e setseng e onetse e bile e timpetse, e adimilwe Museum of Jewish Heritage—A Living Memorial to the Holocaust e e leng kwa Battery Park kwa New York City. Posokarata eno, mmogo le senepe sa ga Peter Esch, di na le seabe mo go aneleng ka karolonyana ya masetlapelo a a setlhogo a a wetseng motho—Polao ya Kgailo—a go neng ga bolawa Bajuda ba le dimilione di le thataro mo go one. Karolo e kgolo ya dipontsho mo musiamong ono e na le dinepe tse di fetang 2 000 le dipapetlana tsa hisitori le tsa setso di le 800 tse di bolelang ka maitemogelo a setšhaba sa Bajuda go tloga ka bo1880 go fitlha jaanong, go akaretsa le Polao ya Kgailo. Ke ka ntlha yang fa Museum of Jewish Heritage e le lefelo le le tshwanelang go ka baya lekwalo la ga Peter Esch mo go lone?

Dr. Jud Newborn yo e leng mokwalahisitori wa mo musiamong ono o ne a tlhalosa jaana: “Maitlhomomagolo a musiamo ono ke go bontsha hisitori ya Bajuda. Basupi ba ga Jehofa ba ne ba bogisediwa se ba leng sone. Basupi ba ne ba bogisediwa fela dilo tse ba di dumelang le ka gonne ba ne ba sa dumele mo tlhaoleleng, ba sa dumele go ikana gore ba tla ema mmusaesi yo o bosula, wa lefatshe nokeng. Mme ba ne ba sa dumele go lwa mo ntweng ya gagwe. . . . Bajuda ba ne ba kgaratlha go boloka melaometheo ya bone le tumelo ya bone le fa ba ne ba lebane le kganetso e e setlhogo. Musiamo ono o tlotlomatsa go ema o nitame jalo mo dilong tsa bodumedi. Ka ntlha ya seno, setheo seno le sone se amogela le go kgatlhwa ke tumelo ya Basupi ba ga Jehofa mo motlheng wa Bonasi.”

Mo legaeng la lone la nakwana kwa Museum of Jewish Heritage, lekwalonyana leno le supa go kgaratlha ga monna mongwe yo boikanyegi jwa gagwe mo go Jehofa bo neng jwa lekwa. Peter Esch o ne a falola dipogisego tsa gagwe kwa kampeng ya Bonasi, tumelo ya gagwe e ntse e nonofile.

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Museum of Jewish Heritage, kwa New York City

[Ditshwantsho mo go tsebe 15]

Esch, yo e leng mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, o ne a tsenngwa mo kgolegelong go tloga ka 1938 go ya go 1945 ka go bo a ne a gana go tlogela dilo tse a di dumelang