Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kafa o ka Itshokelang go Tlalelwa ka Teng

Kafa o ka Itshokelang go Tlalelwa ka Teng

Kgopolo E e Mo Baebeleng

Kafa o ka Itshokelang go Tlalelwa ka Teng

BATHO botlhe ba a tlalelwa, le fa e ka nna ka selekanyo se se rileng. Le fa go ntse jalo, ba bangwe ba ikutlwa ba ngodiegile thata jaana mo ba bonang go le botoka go swa go na le go tshela.

Baebele e bontsha gore le e leng batlhanka ba ba ikanyegang ba Modimo le bone ba na le mathata le dikgatelelo tse di dirang gore ba tlalelwe. Ka sekai, akanya ka Elija le Jobe—ba ka bobedi ba neng ba na le kamano e e molemo le Modimo. Fa Elija a sena go tshaba gore a falotse botshelo jwa gagwe mo go Mohumagadi Jesebele yo o boikepo, o ne “a itopela [mo go Jehofa] gore a swe.” (1 Dikgosi 19:1-4) Monna yo o siameng e bong Jobe o ne a welwa ke ditiragalo tsa masetlapelo di latelana, go akaretsa le go tshwarwa ke bolwetse jo bo maswe thata le go swelwa ke bana ba le lesome. (Jobe 1:13-19; 2:7, 8) Go tlalelwa ga gagwe go ne ga dira gore a bolele seno: “Go botoka gore ke swe bogolo go go boga jaana.” (Jobe 7:15, The New English Bible) Go bonala sentle gore banna bano ba ba ikanyegang ba Modimo ba ne ba le mo tlalelong e kgolo.

Batho ba bangwe gompieno ba tlalelwa ka ntlha ya ditlamorago tse di utlwisang botlhoko tsa go tsofala, go swa ga molekane kana mathata a a masisi a madi. Ba bangwe ba fitlhela gore go ngomoga pelo thata, ditlamorago tse di sa feleng tsa go diragalelwa ke sengwe se se botlhoko thata kana mathata a lelapa go ba dira gore ba ikutlwe e kete ba ntse ba kgaratlha mo gare ga lewatle, lekhubu lengwe le lengwe le ntse le dira gore go nne thata go fitlha kwa losing lwa lewatle. Monna mongwe o boletse jaana: “O ikutlwa o se motho wa sepe—jaaka e kete ga go na motho yo o tla go gopolang fa o sa tlhole o le teng. Bodutu jo motho a bo utlwang ke jo ka dinako tse dingwe o sa kgoneng go bo itshokela.”

Mo maemong a mangwe dilo di a tokafala, e leng se se fokotsang kgatelelo eno e kgolo. Mme go tweng fa e le gore maemo a rona ga a kitla a fetoga? Baebele e ka re thusa jang gore re itshokele go tlalelwa?

Baebele e ka Thusa

Jehofa o ne a na le bokgoni le maatla a go tlamela Elija le Jobe mo mathateng a bone. (1 Dikgosi 19:10-12; Jobe 42:1-6) A bo go itse seo go re gomotsa jang ne gompieno! Baebele e bolela jaana: “Modimo ke botshabelo jwa rona le thata, thuso e e gaufi thata mo tlalelong.” (Pesalema 46:1; 55:22) Le fa go ka bonala e kete re mo tlalelong thata, Jehofa o re solofetsa gore o tla re tshegetsa thata ka seatla sa gagwe sa moja sa tshiamo. (Isaia 41:10) Re ka dira jang gore re bone thuso eno?

Baebele e tlhalosa gore ka go rapela “kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe e tla disa dipelo tsa [rona] le maatla a [rona] a mogopolo ka Keresete Jesu.” (Bafilipi 4:6, 7) Ka ntlha ya go tlalelwa, re ka nna ra se ka ra bona tharabololo epe ya bothata jwa rona. Le fa go ntse jalo, fa re ‘tshwarelela mo thapelong,’ Jehofa a ka sireletsa dipelo tsa rona le megopolo, a re tlamela ka nonofo e re e tlhokang gore re itshoke.—Baroma 12:12; Isaia 40:28-31; 2 Bakorintha 1:3, 4; Bafilipi 4:13.

Re tla solegelwa molemo fa re bua ka tlhamalalo mo dithapelong tsa rona. Le fa go ka nna thata go tlhalosa megopolo ya rona, re tshwanetse go gololesega go bua le Jehofa kafa re ikutlwang ka teng le ka se re bonang gore ke sone se se bakang bothata. Re tlhoka go mo kopa ka thapelo maatla a a tla re tlamelang letsatsi le letsatsi. Re tlhomamiseditswe jaana: “[Jehofa] o tlaa dirafatsa keletso ya ba ba mmoifang; le gone o tlaa utlwa pitso ya bone, a ba boloke.”—Pesalema 145:19.

Mo godimo ga go rapela, re tshwanetse go tila go itlhaola mo bathong. (Diane 18:1) Batho ba bangwe ba ne ba nonotshiwa ke go ithaopa go thusa ba bangwe. (Diane 19:17; Luke 6:38) Akanya ka mosadi mongwe yo o bidiwang Maria, * yo o sa kgaratlhang fela le bolwetse jwa kankere mme yo gape a neng a latlhegelwa ke ba lelapa la gagwe ba le robedi mo ngwageng o le mongwe fela. Maria o ne tshwanelwa ke go ipateletsa gore a tsoge mo bolaong le go simolola go dira dilo tse a neng a tlwaetse go di dira. O ne a tswa mo e ka nnang letsatsi le letsatsi go ya go ruta ba bangwe ka Baebele mme o ne a nna teng ka metlha kwa dipokanong tsa Bokeresete. Fa Maria a boela gae, o ne a ikutlwa a tlaletswe go feta pele. Le fa go ntse jalo, ka go tlhoma mogopolo mo go se a ka se dirang go thusa ba bangwe, Maria o ntse a itshokile.

Mme go tweng fa e le gore re utlwa go le thata go rapela kana re sa kgone go ikgoga gore re tlogele go itlhaola mo bathong? Fa go ntse jalo re tshwanetse go senka thuso. Baebele e re kgothaletsa gore re ye kwa “[banneng] ba bagolwane ba phuthego.” (Jakobe 5:13-16) Monna mongwe yo o sa bolong go tshwenyega thata mo maikutlong ka lobaka lo loleele o boletse jaana: “Ka dinako tse dingwe go bua le mongwe yo o mo ikanyang go ka go lapolosa mogopolo le go ritibatsa moya, gore o kgone go akanya sentle.” (Diane 17:17) Gone mme, fa e le gore go tlalelwa ka lobaka lo loleele e bile e le mo gogolo ke ka ntlha ya bothata jo bo tlhokang kalafi, go ka nna ga tlhokega thuso e e tshwanetseng ya bomankge. *Mathaio 9:12.

Le fa gone go se na ditharabololo tse di motlhofo, ga re a tshwanela go tlhaetsa matlho bokgoni jwa Modimo jwa go re thusa go itshokela mathata a rona. (2 Bakorintha 4:8) Go rapela ka dinako tsotlhe, go tila go itlhaola le go bona thuso ya batho ba ba tshwanelegang go tla re thusa gore re tlhomame gape. Baebele e solofetsa gore Modimo o tla nyeletsa gotlhelele dilo tse di dirang gore re tlalelwe thata jaana. Bakeresete ba ititeile sehuba gore ba tla ikaega ka ene fa ba ntse ba emetse letsatsi le ka lone ‘dilo tseno tsa pele di se kitlang di gakologelwa.’—Isaia 65:17; Tshenolo 21:4.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 11 Ga se leina la gagwe la mmatota.

^ ser. 12 Tsogang! ga e kgothaletse kalafi epe fela e e rileng. Bakeresete ba tshwanetse go tlhomamisa gore kalafi epe fela e ba e dirisang ga e kgatlhanong le melaometheo ya Baebele. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bona Tora ya Tebelo ya October 15, 1988, ditsebe 25-9.