Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Loida o Simolola go Bua

Loida o Simolola go Bua

Loida o Simolola go Bua

Jaaka go boletse mmaagwe Loida

FELA jaaka go ntse ka mmè mongwe le mongwe yo o imileng, ke ne ke tshwenyegile gore ngwanake a ka tloga a tsholwa a na le mofuta mongwe wa bogole. Le fa go ntse jalo, ke ne ke sa ipaakanyetsa selelo se se ngomolang pelo se ngwanake wa boraro e bong Loida a neng a se lela fa a ne a tsholwa. Ngaka e ne e robile kgetlane ya ga Loida ka di-forcep tsa yone ka phoso. Loida o ne a romelwa kwa gae dibeke di le mmalwa morago ga gore a ariwe gore go baakanngwe lerapo leno. Le fa go ntse jalo, boitumelo jwa rona e ne ya nna jwa nakwana.

Mo dikgweding di le mmalwa tse di latelang, re ne ra simolola go bona gore go ne go na le sengwe se se neng se sa tsamaye sentle. Melemo ya ga Loida e ne e mmakela mathata a a seng kana ka sepe—go akaretsa letshoroma, letshololo le go wa mototwane—mme kalafi ya matshwao ano e ne e lebega e gakatsa dilo fela thata. Go ise go ye kae, Loida o ne a sa kgone go laola tsela e mmele wa gagwe o tshikinyegang ka yone. Kgabagare dingaka di ne tsa re bolelela gore Loida o na le bolwetse jwa boboko jo bo golafatsang. Di ne tsa re bolelela gore o ne a se kitla a kgona go tsamaya kana go bua—kana le e leng go re tlhaloganya.

Maiteko a Ntlha a go Bua le Ene

Le mororo go ne go sa bonale sentle gore Loida o tla fola, ke ne ke sa ntse ke na le boikutlo jwa gore o ne a ka kgona go tlhaloganya dilo di le dintsi. Ka jalo, ke ne ka mmalela dibuka tse di motlhofo go tlhaloganngwa mme ka leka go mo ruta ditlhaka. Le fa go ntse jalo, Loida o ne a sa kgone go bua, le fa e le go bontsha gore o tlhaloganya sengwe mo go se ke neng ke se bua. Go ne go se na tsela e ke neng nka itse ka yone gore go na le sengwe—fa e le gore se teng—se a neng a kgona go se tlhaloganya.

Fa dingwaga di ntse di feta, matsapa a me a go ruta Loida a ne a lebega e le a bophiri. Le fa go ntse jalo, ke ne ke fetsa diura di le dintsi ke mmalela. Re ile ra bo ra mo akaretsa mo thutong ya rona ya lelapa ya Baebele e re e tshwarang le morwadiarona yo mmotlana e bong Noemí, re dirisa buka ya Go Reetsa Morutisi yo Mogolo le Buka ya Me ya Dipolelo tsa Bibela. * Ke ne ka balela Loida bontsi jwa dikgaolo tsa dibuka tseno gangwe le gape.

Go palelwa ke go bua le motho yo o mo ratang go betisa pelo eleruri. Fa ke ne ke tsamaya le Loida go ya kwa parakeng, o ne a tle a lele thata a sa gomotsege. Ka ntlha yang? Ke ne ke bona e kete o ne a utlwisiwa botlhoko ke kgang ya gore o ne a sa kgone go taboga le go tshameka jaaka bana ba bangwe. Nako nngwe, Loida o ne a thubega ka selelo fa mogoloe a ne a mpalela sengwe go tswa mo bukeng nngwe ya sekolo. Go ne go bonala sentle gore o ne a tshwentswe ke sengwe, mme ke ne ke sa kgone go bona gore ke eng. Loida o ne a bua fela ka go dira medumo mengwe e le mmalwa e e sa utlwaleng sentle, e e neng e bontsha dilo tsa botlhokwa tse a neng a di tlhoka jaaka dijo, metsi, go ya go robala, kana go ya kwa ntlwaneng.

E ne ya re fa Loida a le dingwaga di le robongwe, o ne a simolola go tsena sekolo sa bana ba ba tlhokang tlhokomelo e e kgethegileng. Le fa go ntse jalo, mo dingwageng di le tharo tse di latelang bolwetse jwa gagwe bo ne jwa gakala. O ne a boifa go tsamaya le e leng dikgato di le mmalwa fela a sa thusiwe, mme go ne go setse go le gonnye gore a lese go ntsha medumo e a neng a leka go bua le rona ka yone. Nna le monna wa me re ne ra swetsa ka gore go tla nna botoka gore re rute Loida kwa gae.

Mo dingwageng di le thataro tse di latelang, ke ne ka leka go ruta Loida sentle kafa ke neng nka kgona ka teng. Ke ne ke kwala ditlhaka mo letlapanakwalelong, ke solofela gore Loida o tla di kwalolola. Maiteko a me a ne a sa thuse sepe. A bothata e ne e le gore Loida o ne a sa kgone go tlhaloganya, kana a e ne e le gore o ne a sa kgone go kwala ka a ne a sa kgone go laola motsamao wa matsogo a gagwe?

E ne ya re fa Loida a le dingwaga di le 18, go ne ga nna thata go mo thusa mo e leng gore ke ne ka rapela Jehofa ka tlhoafalo, ke mo kopa gore a nthuse gore ke kgone go bua le morwadiake. Thapelo ya me e ne ya arabiwa ka tsela e e gakgamatsang.

O Simolola go Bua

Dilo di ne tsa fetoga fa barwadiake ba ne ba kgabisa kamore ya rona sesha. Pele ba gagola pampiri ya bogologolo e e neng e kgabisitse lebota, Noemí o ne a kwala maina mangwe mo leboteng—maina a mo Baebeleng le maina a ditsala le a maloko a ba lelapa. Ka go batla go itse fela, morwadiake e bong Rut o ne a botsa Loida gore a o ne a itse gore “Jehofa” o kwadilwe fa kae. Se se gakgamatsang ke gore Loida o ne a ya fa leboteng mme a baya tlhogo ya gagwe go bapa le mo leina la Modimo le neng le kwadilwe gone. Rut o ne a ipotsa gore a Loida o ne a ka kgona go lemoga maina a mangwe, ka jalo o ne a mo leka. Se se neng sa gakgamatsa Rut ke gore Loida o ne a kgona go supa lengwe le lengwe la maina ao—tota le maina ao Loida a iseng a ko a a bone a kwadilwe pele! Rut o ne a kokoanya ba lelapa botlhe gore ba tle go iponela ka bobone. Loida o ne a kgona go bala!

Fa nako e ntse e ile, re ne ra tla ka mokgwa mongwe o o neng o tla thusa Loida go “bua” le rona. Re ne ra ngaparetsa ditlhaka mo leboteng la phasitšhi ya rona e telele. Go baya ditlhaka mo lomating lo lo tshwarwang ka matsogo go ne go se kitla go thusa, ka gonne Loida o ne a sa kgone go laola matsogo a gagwe sentle mo a neng a ka supa tlhaka nngwe le nngwe. Ka jalo, fa Loida a ne a eletsa go bua le rona, o ne a kwala molaetsa wa gagwe ka gore a ye kwa tlhakeng nngwe le nngwe e a e batlang e e mo leboteng. Jaaka o ka akanya, seno se ne se tla lapisa thata. Tota e bile, Loida o ne a tshwanelwa ke go tsamaya dikilometara go tlhama tsebe e le nngwe fela ya se a neng a batla go se bua, mme go ne go ka tsaya diura di le dintsi gore a e fetse!

Le fa go ntse jalo, Loida o itumelela go bo a kgona go “bua” le rona. Tota e bile, molaetsa wa gagwe wa ntlha o a neng a re naya one o ne o balega jaana: “Ke itumetse thata ka gonne ka thuso ya ga Jehofa jaanong ke kgona go bua.” Re ne ra botsa Loida jaana re gakgametse: “O ne o tle o dire eng fa o ntse fa fatshe letsatsi lotlhe?” Loida o ne a re bolelela gore o ne a tle a akanye mo mogopolong wa gagwe se a neng a eletsa go ka re bolelela sone. Eleruri, Loida o ne a bolela gore ke dingwaga tse 18 a ntse a eletsa thata go bua. O ne a bolela jaana: “Fa Rut a ne a simolola go tsena sekolo, ke ne ka ipalela buka ya gagwe ya sekolo. Ke ne ke tsamaisa molomo wa me e bile ke ntsha medumo mengwe, mme lo ne lo sa kgone go ntlhaloganya. Ke lone lebaka le le neng le dira gore gantsi ke simolole go lela.”

Ke ne ka tsholola dikeledi ke kopa gore a intshwarele go bo ke ne ke sa mo tlhaloganye sentle. Loida o ne a araba jaana: “O mmè yo o molemo, mme ga wa ka wa itlhoboga. Ka metlha ke ne ke itumela thata fa ke na le wena. Ke go rata fela thata. Ka jalo o se tlhole o lela. Wa utlwa?”

Go Gatela Pele mo Semoyeng

Loida o ne a setse a na le kitso ya Baebele mme a tshwere le ditemana dingwe tsa Baebele ka tlhogo. Mme go ise go ye kae o ne a re bolelela gore o batla go akgela kwa Pokanong ya phuthego ya Tora ya Tebelo, e leng motlotlo wa Baebele wa beke le beke wa dipotso le dikarabo. O ne a tla dira seno jang? Mongwe wa rona o ne a mmalela setlhogo sotlhe. Morago ga moo, Loida o ne a tlhopha potso e a neng a batla go e araba. Re ne re kwala karabo ya gagwe go ya kafa a re peletetseng yone. Mme kwa pokanong eno, mongwe wa rona o ne a tla bala kakgelo ya ga Loida. Nako nngwe Loida o ne a re bolelela jaana: “Ke itumela thata go bo ke kgona go nna le seabe le nna, ka gonne seno se dira gore ke ikutlwe ke le karolo ya phuthego.”

E ne ya re fa Loida a le dingwaga di le 20 o ne a bolela gore o batla go kolobediwa. Fa a ne a bodiwa gore a o ne a itse gore go ineela mo go Jehofa go bolelang, o ne a bolela gore o ne a setse a dirile seo dingwaga di le supa tse di fetileng—fa a ne a sa ntse a le dingwaga di le 13. O ne a bolela jaana: “Ke ne ka rapela Jehofa mme ka mmolelela gore ke batla go mo direla ka bosakhutleng.” Ka August 2, 1997, Loida o ne a bontsha boineelo jwa gagwe mo go Jehofa ka go kolobediwa mo metsing. Loida o ne a re bolelela jaana: “Ke leboga Jehofa, selo se segolo se ke neng ke se eletsa se diragetse!”

Loida o itumelela go bua le ba losika le baagelani ka Bogosi jwa Modimo. Ka dinako tse dingwe o tsamaya le rona fa re ya go rerela batho kwa mebileng. Gape o nna a baakantse lekwalo le re tla le tlogelang fa mojakong fa re fitlhela go se na ope mo ntlong. Loida o kgatlhegela thata batho ba ba godileng le ba ba lwalang. Ka sekai, re na le kgaitsadi mongwe mo phuthegong ya rona yo o kgaotsweng leoto. Loida o ne a re bolelela jaana: “Ke a itse gore go ntse jang fa motho a sa kgone go tsamaya,” mme ka jalo o ne a kwalela kgaitsadi yono lekwalo le le mo kgothatsang. Gape go na le mosimanyana mongwe wa kwa phuthegong e nngwe e bong Jairo, yo o suleng ditokololo go tloga mo tlhogong go ya kwa tlase. E ne ya re fa Loida a utlwa ka boemo jono jwa gagwe jo bo utlwisang botlhoko, o ne a mo kwalela lekwalo. Karolo nngwe ya lone e ne e balega jaana: “Go ise go ye kae Jehofa o tla re fodisa. Ga go kitla go nna le matshwenyego kwa Paradaiseng. Mme ke tla go kopa gore re gaisane ka go taboga. Ke ja ditshego ka gonne go tlile go nna monate thata. Go akanya fela gore re tlile go nna jaaka Jehofa a re bopile, re sa lwale . . . A ga se selo se se itumedisang?”

Thuso ya go Itshoka

Jaanong ke setse ke tlhaloganya dilo di le dintsi ka ga tsela e Loida a neng a itshwara ka yone pele e e neng e tlhola e dira gore ke gakgamale. Ka sekai, Loida o bolela gore fa a ne a sa ntse a le monnye o ne a sa rate go tlamparelwa ka gonne o ne a betwa ke pelo thata. O ne a bolela jaana: “Ke ne ke utlwisiwa botlhoko ke go bo bokgaitsadiake ba kgona go bua le go ithuta dilo tse nna ke neng ke sa kgone go di ithuta. Ke ne ke ikutlwa ke galefile thata. Go ne go na le dinako tse dingwe tse ke neng ke bona gore go ka bo go le botoka fa nkabo ke sule.”

Le fa Loida a kgona go bua, o sa ntse a lebana le dikgwetlho tse dintsi. Ka sekai, kgwedi nngwe le nngwe o na le dinako tse a wang mototwane ka go latelana ka tsone tse mo go tsone a lebegang e kete o betwa ke sengwe mme matsogo a gagwe le maoto a tshikinyege ka tsela e e sa laolegeng. Mo godimo ga moo, fa a ka tshwaediwa ke bolwetse bope fela—le e leng mofikelanyana fela—o koafala fela thata. Gangwe le gape Loida o tshwenyega thata mo maikutlong ka ntlha ya bolwetse jono jwa gagwe. Ke eng se se mo thusang go itshoka? Le gale, nte a ipolele ka mafoko a gagwe:

“Thapelo ke yone e e nthusang thata. Go bua le Jehofa go dira gore ke itumele thata, ke ikutlwe ke atamalane thata le ene. Gape ke anaanela lorato le tlhokomelo tse ke di newang ke ba bangwe kwa Holong ya Bogosi. Ke ikutlwa ke le lesego thata gore le fa ke na le mathata a botsogo, ke godisitswe ke batsadi ba babedi ba ba molemo ba ba nthatang tota. Le ka motlha nka se lebale se bokgaitsadiake ba ntiretseng sone. Ditlhaka tsele tse dintle tse di neng di le mo leboteng di namotse botshelo jwa me. Fa Jehofa le lelapa la gaetsho ba ne ba ka bo ba sa nthate, botshelo jwa me bo ka bo se na bokao.”

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 7 Di gatisitswe ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc. Buka ya Go Reetsa Morutisi yo Mogolo ga e tlhole e gatisiwa jaanong.

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Loida le lelapa la gagabo