Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Modimo o a Fetoga?

A Modimo o a Fetoga?

Kgopolo E e Mo Baebeleng

A Modimo o a Fetoga?

MONGWE yo o itseng thutomotho e bong George Dorsey o tlhalositse Modimo wa “Tesetamente e Kgologolo” e le “Modimo yo o setlhogo.” O ne a oketsa jaana: “Yahweh o . . . bosula mo go maswe. Ke Modimo wa bathopi, wa babogisi, wa masole, wa phenyo.” Batho ba bangwe le bone ba ikutlwa ka tsela e e tshwanang ka Modimo wa “Tesetamente e Kgologolo”—e bong Yahweh kana Jehofa. Ka jalo, bangwe gompieno ba ipotsa gore a Jehofa eleruri e ne e le Modimo yo o setlhogo yo kgabagare a neng a fetola botho jwa gagwe go nna Modimo yo o lorato le yo o pelotlhomogi wa mo “Tesetamenteng e Ntšha.”

Kgopolo e e ntseng jalo kaga Modimo wa mo Baebeleng ga e simolole go nna teng. E ne ya tlhagisiwa la ntlha ke Marcion, Mokenosetiki mongwe yo o sa ineelang thata mo tumelong ya gagwe wa lekgolo la bobedi la dingwaga C.E. Marcion o ne a gana Modimo wa “Tesetamente e Kgologolo.” O ne a tsaya Modimo yoo a le dikgoka e bile a rata go ipusolosetsa, e le mogateledi yo o neng a duela batho ba ba mo obamelang. Mo letlhakoreng le lengwe, Marcion o ne a tlhalosa Modimo wa “Tesetamente e Ntšha”—jaaka a senolwa ke Jesu Keresete—e le Modimo yo o itekanetseng, Modimo yo o tletseng lorato le bopelotlhomogi, yo o pelontle le yo o itshwarelang.

Jehofa o Tsibogela Kgwetlho ya Maemo a a Fetogang

Lone leina la Modimo, Jehofa, le raya gore “O Dira Gore go Diragale.” Seno se raya gore Jehofa o itira gore a nne Modiragatsi wa ditsholofetso tsotlhe tsa gagwe. Fa Moshe a ne a botsa Modimo leina la gagwe, Jehofa o ne a tlhalosa bokao jwa lone ka tsela eno: “Ke tla nna se ke tla nnang sone.” (Ekesodo 3:14, NW) Thanolo ya ga Rotherham e e baya ka tsela eno: “Ke Tla Nna sengwe le sengwe se ke batlang go nna sone.”

Ka jalo Jehofa o tlhopha go nna sengwe le sengwe se se tlhokegang gore a diragatse maikaelelo le ditsholofetso tsa gagwe tse di siameng. Sesupo sa seno ke gore o bidiwa le go tlhalosiwa ka maina a mantsintsi: Jehofa wa masomosomo, Moatlhodi, Molaodimogolo, Lefufa, Morena Molaodimogolo, Mmopi, Rara, Motlhatlheledi yo Mogolo Thata, Modisa, Moutlwi wa thapelo, Morekolodi, Modimo yo o itumetseng le a mangwe a mantsi. O itlhophetse go nna dilo tseo tsotlhe—le tse dingwe tse dintsi—gore a diragatse maikaelelo a gagwe a a lorato.—Ekesodo 34:14; Baatlhodi 11:27; Pesalema 23:1; 65:2; 73:28; 89:26; Isaia 8:13; 30:20; 40:28; 41:14; 1 Timotheo 1:11.

A jaanong seno se raya gore botho jwa Modimo kana melaometheo ya gagwe e a fetoga? Nnyaa. Jakobe 1:17 e bua jaana malebana le Modimo: “Mo go ene ga go na go fetofetoga ga menogo ya moriti.” Modimo o ne a ka kgona jang go emelana le kgwetlho ya maemo a a fetogang fa ene ka boene a nna a ntse a sa fetoge?

Sekai sa batsadi ba ba lorato ba ba dirang ditiro tse di farologaneng ka ntlha ya bana ba bone se bontsha kafa seno se kgonegang ka teng. Mo letsatsing le le lengwe fela, motsadi a ka nna moapei, motlhokomedi wa ntlo, rramotlakase, mooki, tsala, moitsemolao, morutisi, mogakolodi le tse dingwe tse dintsi. Motsadi ga a fetole botho jwa gagwe fa a dira ditiro tseno; o fetogela fela mo go se a tlhokang go se dira. Go ntse fela jalo le ka Jehofa mme ene e le ka selekanyo se segolo thata. O kgona go itira dilo tse dintsi thata gore a diragatse boikaelelo jwa gagwe le gore dibopiwa tsa gagwe di sologelwe molemo.—Baroma 11:33.

Ka sekai, Jehofa o bolelwa e le Modimo yo o lorato le yo o pelotlhomogi mo Dikwalong Tsa Sehebera le mo go tsa Bokeresete Tsa Segerika. Moporofeti Mika wa lekgolo la borobedi la dingwaga B.C.E. o ne a botsa jaana ka Jehofa: “Ana Modimo o o tshwanang nao ke ofe, o o itshwarelang boikepo, o iphapaanye le tlolo ya masalela a boswa ja one? Ga o tshegetse bogale jwa one ka bosakhutleng, ka o rata boutlwelobotlhoko.” (Mika 7:18) Ka mo go tshwanang, moaposetoloi Johane o ne a kwala mafoko ano a a itsegeng thata: “Modimo ke lorato.”—1 Johane 4:8.

Kafa letlhakoreng le lengwe, mo dikarolong tsoopedi tsa Baebele, Jehofa o bolelwa e le Moatlhodi yo o siameng wa batho ba ba tlolang melao ya gagwe le go gobatsa ba bangwe gangwe le gape, ba feteletsa e bile ba sa ikwatlhaye. Mopesalema o ne a bolela jaana: “Baikepi botlhe [Jehofa] o tlaa ba senya.” (Pesalema 145:20) Ka mo go tshwanang, Johane 3:36 e bolela jaana: “Yo o supang tumelo mo go Morwa o na le botshelo jo bo sa khutleng; yo o sa utlweng Morwa ga a kitla a bona botshelo, mme tšhakgalo ya Modimo e ntse mo go ene.”

Dinonofo Tsa Gagwe ga di Fetoge

Botho jwa ga Jehofa le dinonofo tsa gagwe tse dikgolo—e bong lorato, botlhale, tshiamiso le maatla—ga di ise di fetoge. O ne a bolelela batho ba Iseraele jaana: “Ke nna Jehofa; ga ke a fetoga.” (Malaki 3:6) Modimo o ne a bolela seno dingwaga di ka nna 3 500 morago ga gore a bope batho. Go dumalana le mafoko ao a a builweng ke Modimo, fa go tlhatlhobiwa Baebele yotlhe e supa Modimo yo o sa fetogeng mo melaometheong le mo dinonofong tsa gagwe. Botho jwa ga Jehofa Modimo ga bo a ka jwa fetoga mo makgolong a dingwaga, e re ka go ne go sa tlhokege gore bo fetoge.

Go tlhomama ga Modimo ka ntlha ya se se siameng, jaaka go senolwa mo Baebeleng yotlhe, ga go a fokotsega, le lorato lwa gagwe ga lo gaise kafa lo neng lo le ka teng fa a ne a simolola go dirisana le batho kwa Edene. Go sa tshwane mo go nnang teng mo bothong jwa gagwe mo go bonalang mo dikarolong tse di farologaneng tsa Baebele, eleruri ke dikarolo tse di farologaneng tsa jone botho jono jo bo sa fetogeng. Seno se dirwa ke maemo a a farologaneng le batho ba ba farologaneng ba a dirisanang le bone, mo go tlhokang gore go nne le boikutlo kana dikamano tse di farologaneng.

Ka gone, Dikwalo di bontsha ka phepafalo gore botho jwa Modimo ga bo a fetoga mo makgolong a dingwaga a a ntseng a feta e bile ga bo kitla bo fetoga mo isagweng. Jehofa o gaisa botlhe ka go dira dilo a sa fetoge e bile e le ka tsela e e tshwanang. Ka dinako tsotlhe o a ikanngwa e bile o a ikanyega. Re ka ikaega ka ene ka metlha.

[Ditshwantsho mo go tsebe 24, 25]

Ene Modimo yo o sentseng Sodoma le Gomora . . .

. . . o tla lere lefatshe le lesha la tshiamo