Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bolwetse Jo bo Sa Foleng—Bothata Jwa Lelapa Lotlhe

Bolwetse Jo bo Sa Foleng—Bothata Jwa Lelapa Lotlhe

Bolwetse Jo bo Sa Foleng—Bothata Jwa Lelapa Lotlhe

BOLWETSE jo bo sa foleng ke eng? Fa bo tlhalosiwa ka tsela e e motlhofo fela, ke bolwetse jo bo tshwarang motho nako e telele. Mo godimo ga moo, porofesa mongwe o tlhalosa bolwetse jo bo sa foleng e le “seemo se se fetogileng sa botsogo se se se kitlang se alafiwa ka karonyana e e motlhofo fela kana kalafi nngwe ya nako e khutshwane.” Selo se se dirang gore bolwetse jo bo sa foleng kana ditlamorago tsa jone di gwetlhe thata jaana ga se fela tsela e bolwetse jono bo leng ka yone le kafa bo alafiwang ka gone mme ke ka gonne motho o tshwanelwa ke go bo itshokela nako e telele thata.

Mo godimo ga moo, ditlamorago tsa bolwetse jo bo sa foleng ga se ka metlha di amang molwetse fela. Buka ya Motor Neurone Disease—A Family Affair, e bolela jaana: “Bontsi jwa batho ba na le lelapa le ba tswang mo go lone, mme botlhoko le tlalelo tse di utlwiwang ke wena [molwetse] di tlile go utlwiwa le ke batho ba ba gaufi le wena.” Seno se tlhomamisiwa ke mmè mongwe yo morwadie a neng a na le bolwetse jwa kankere. A re: “Mongwe le mongwe mo lelapeng o a amega, le fa a ka tswa a bontsha kana a sa bontshe, a lemoga kana a sa lemoge.”

Gone ke boammaaruri gore bolwetse jo bo sa foleng ga bo kitla bo ama mongwe le mongwe ka tsela e e tshwanang. Le fa go ntse jalo, fa ba lelapa ba tlhaloganya gore bolwetse jo bo sa foleng bo ama bontsi jwa batho jang, ba ka nna ba kgona go lebana le dikgwetlho tsa boemo jono jwa bone jo bo kgethegileng ka tsela e e botoka. Mo godimo ga moo, fa batho ba e seng ba lelapa—badirimmogo, batho ba motho a tsenang sekolo le bone, baagelani, ditsala—ba tlhaloganya tsela e e maatla e bolwetse jo bo sa foleng bo amang ba lelapa ka yone, ba tla kgona go thusa ka tsela e e molemo le e e utlwelang botlhoko. Re sa ntse re akantse ka seno, nte re bone dingwe tsa ditsela tse malapa a ka nnang a amiwa ke bolwetse jo bo sa foleng ka tsone.

Mosepele mo Nageng E e Sa Itsiweng

Bolwetse jo bo sa foleng jo bo tlhaselang lelapa bo ka tshwantshiwa le mosepele o lelapa le o tsayang go ralala naga e le sa e itseng. Le fa dilo dingwe di tla nna di ntse di tshwana thata le tsa naga e lelapa leno le tswang kwa go yone, tse dingwe di tla lebega di sa tlwaelega gongwe e bile di farologane thata. Fa bolwetse jo bo sa foleng bo tlhasela mongwe mo lelapeng, dilo di le dintsi di tla nna di sa fetoga thata mo tseleng e lelapa le tshelang ka yone. Le fa go ntse jalo, tse dingwe di tla fetoga thata.

Kwa tshimologong, bolwetse jo bo sa foleng ka bojone bo ka nna jwa ama thata thulaganyo ya ka metlha e e tlwaelegileng ya lelapa mme bo ka pateletsa mongwe le mongwe mo lelapeng go dira diphetogo gore a kgone go lepalepana le jone. Seno se tlhomamisiwa ke Helen wa dingwaga tse 14, yo mmaagwe a nang le bolwetse jo bo sa foleng jwa go tshwenyega thata mo maikutlong. O bolela jaana: “Re fetola thulaganyo ya rona go ya ka dilo tse Mmè a kgonang kana a sa kgoneng go di dira mo letsatsing lepe fela.”

Tota le kalafi—e boikaelelo jwa yone e leng go okobatsa bolwetse jono—e ka nna ya kgoreletsa thulaganyo e ntšha ya lelapa ya go dira dilo. Akanya ka sekai sa ga Braam le Ann, ba ba umakilweng mo setlhogong se se fetileng. Braam o bolela jaana: “Re ne ra tshwanelwa ke go fetola thulaganyo ya rona ya ka metlha thata ka ntlha ya kalafi ya bana ba rona.” Ann o tlhalosa jaana: “Re ne re ntse re ya re boa kwa bookelong letsatsi lengwe le lengwe. Mme mo godimo ga moo, ngaka e ne ya re kgothaletsa go tsholela bana ba rona dijo tse dinnye garataro ka letsatsi go busetsa dikotla tse di tlhaelang ka ntlha ya bolwetse jwa bone. Ruri go ne ga ntlhoka go nna le tsela e ntšha gotlhelele ya go apaya.” Mme kgwetlho nngwe e kgolo le go feta e ne e le go thusa bana go ikatisa go ya kafa go laetsweng ka teng gore ba nonotshe mesifa ya bone. “Seno,” go gakologelwa jalo Ann, “e ne e le ntwa ya ka metlha ya gore ke mang yo o tla batlang go ikatisa.”

Fa molwetse a simolola go tlwaela kalafi e e seng monate—mme ka dinako tse dingwe e le botlhoko—le go nna a tlhatlhobiwa ke dingaka, o simolola go ikaega fela thata ka ba lelapa gore ba mo thuse ka tsela e e molemo le go mo ema nokeng mo maikutlong. Ka ntlha ya moo, ba lelapa ga ba a lebana fela le go ithuta ditsela tse disha tsa go kgona go tlhokomela molwetse mme gape botlhe ba patelesega go fetola mekgwa ya bone, maikutlo, tsela e ba tshelang ka yone le dithulaganyo tsa bone tsa ka metlha.

Go a utlwala he gore, dilo tseno tsotlhe tse di tlhokegang di batla gore lelapa le itshoke thata. Mmè mongwe yo morwadie a neng a le kwa bookelong a alafelwa bolwetse jwa kankere o ne a bolela gore go ka “lapisa thata go feta kafa motho a ka akanyang ka teng.”

Ketsaetsego E e Sa Feleng

Buka ya Coping With Chronic Illness—Overcoming Powerlessness, e bolela jaana: “Mathata a a nnang a tswelela pele a bolwetse jo bo sa foleng a tlhagisa boikutlo jo bo boifisang jwa go se tlhomamisege.” Fela fa ba lelapa ba simolola go tlwaela maemo mangwe, ba ka nna ba lebana le a mangwe a a fetogileng gongwe e bile a le boima go feta a ntlha. Matshwao a bolwetse a ka nna a fetofetoga kana a ka nna a gakala ka tshoganyetso fela, mme kalafi e ka nna ya palelwa ke go tokafatsa boemo jaaka go ne go lebeletswe. Kalafi e ka nna ya tshwanelwa ke go fetolwa gangwe le gape kana e ka nna ya feleletsa e bakile mathata a a sa lebelelwang. Fa molwetse a simolola go ikaega thata ka thuso e lelapa leno le le mo tlalelong le lwelang go e mo naya, maikutlo a gagwe a nako e e fetileng a a neng a setse a kgona go a laola a ka nna a runya ka tshoganyetso fela.

Le fa go ka nna jang, boemo jo bo ka se kang jwa bonelwa pele jwa malwetse le dikalafi di le dintsi bo dira gore batho ba ipotse dipotso tse di tshwanang le tseno: Go tla tsaya lobaka lo lo kae? Bolwetse jono bo tla gakala go le kana kang? Re sa ntse re ka kgona go itshoka go le kana kang? Gantsi bolwetse jo bo sa foleng bo dira gore batho ba ipotse jaana la bofelo—“Go tla tsaya lobaka lo lo kae pele loso lo itaya?”

Bolwetse, kalafi e e rulagantsweng, letsapa le go se tlhomamisege, tsotlhe fa di kopanngwa di felela ka sengwe se se sa lebelelwang.

Matswela a Jone mo Botsalanong Jwa Lona

Kathleen, yo monna wa gagwe a neng a na le bolwetse jo bo sa foleng jwa go tshwenyega thata mo maikutlong, o tlhalosa jaana: “Ke ne ka tshwanelwa ke go lwantshana le boikutlo jwa go ikutlwa ke kgaphetswe kwa thoko le jwa go ikutlwa ke thibetswe go dira dilo dingwe.” O tswelela jaana: “Boemo jono bo ne bo le thata tota ka gonne re ne re sa tlhole re kgona go laletsa batho gore ba re etele kana gore rona re ba etele. Kgabagare, re ne re sa tlhole re na le ditsala.” Fela jaaka Kathleen, batho ba le bantsi ba feleletsa ba tshwanelwa ke go lebana le go ikutlwa ba le molato e re ka ba sa kgone go laletsa baeng e bile ba sa kgone go eta fa bone ba laleditswe. Ke ka ntlha yang fa seno se direga?

Bolwetse ka bojone kana ditlamorago dingwe tsa kalafi di ka nna tsa dira gore go nne thata gongwe e bile go se kgonege gore motho a nne le seabe mo dilong tse di dirwang le batho ba bangwe. Ba lelapa le molwetse ba ka nna ba nna le boikutlo jwa gore bolwetse jono bo dira gore batho ba ba lebe ka tsela e sele, kana ba ka nna ba boifa gore bo tla ba tlhabisa ditlhong. Go tshwenyega thata mo maikutlong go ka nna ga dira gore molwetse a ikutlwe a sa tshwanelege go ka itsalanya le batho ba e neng e le ditsala tsa gagwe pele, kana ba lelapa ba ka nna ba bo ba ikutlwa ba se na maatla a go etelana le batho ba bangwe. Ka ntlha ya mabaka a a sa tshwaneng, go ka nna motlhofo fela gore bolwetse jo bo sa foleng bo feleletse bo dirile gore lelapa lotlhe le itlhaole mo bathong le bo le ikutlwe le jewa ke bodutu.

Mo godimo ga moo, ga se mongwe le mongwe yo o tla itseng gore a reng kana a itshware jang fa a na le motho yo o nang le bolwetse bongwe jo bo sa foleng. (Bona lebokoso “Kafa o ka Thusang ka Teng,” mo tsebeng ya 11.) Ann o bolela jaana: “Fa ngwana wa gago a sa tshwane le bana ba bangwe, batho ba le bantsi ba rata go mo gotolela matlho le go bua dilo tse di sa akanyetseng. Tota e bile, le wena o simolola go ipega molato ka ntlha ya bolwetse jono, mme dipuo tsa bone di dira gore o ikutlwe o le molato le go feta.” Selo se Ann a se buang se amana le sengwe gape se se ka nnang sa diragalela malapa.

Maikutlo a a Tshwenyang

Mmatlisisi mongwe o bolela jaana: “Ka nako ya fa bolwetse bo lemogwa, bontsi jwa malapa bo tsenwa ke letshogo, ga ba dumele e bile ba a latola. Go thata go itshokela boemo jono.” Ebu, e ka nna selo se se fekeetsang maikutlo thata go utlwa gore motho yo o mo ratang o na le bolwetse jo bo kotsi kana jo bo koafatsang. Ba lelapa ba ka nna le boikutlo jwa gore ditsholofelo le ditoro tsa bone di senyegile, mme ba sala ba na le boikutlo jwa go se tlhomamisege ka isagwe le boikutlo jo bogolo jwa go latlhegelwa le jwa kutlobotlhoko.

Ke boammaaruri gore, malapa a le mantsi a a boneng mongwe mo lelapeng a na le matshwao a bolwetse a a tsayang lobaka lo loleele e bile a ngomola pelo mme a sa itse gore matshwao ano a bakwa ke eng, a ka nna a ikutlwa a wetse makgwafo fa go lemogiwa se se bakang matshwao ano. Le fa go ntse jalo, malapa a mangwe a ka nna a ikutlwa ka tsela e e farologaneng fa go lemogiwa se se bakang matshwao ano. Mmè mongwe mo Afrika Borwa o dumela jaana: “Go ne go le botlhoko thata fa kgabagare re ne re bolelelwa gore bana ba rona ba tshwenngwa ke eng mo e leng gore ruri go ka bo go le molemo fa nkabo ke sa bolelelwa.”

Buka ya A Special Child in the Family—Living With Your Sick or Disabled Child e tlhalosa gore “go tlwaelegile gore motho a fuduege maikutlo . . . fa a ntse a leka go itlwaetsa boemo jono jo bosha. Ka dinako tse dingwe maikutlo a gago a ka gakala thata mo e leng gore o boifa gore ga o ka ke wa kgona go a itshokela.” Mokwadi wa buka eno e bong Diana Kimpton, yo bomorwawe ba babedi ba neng ba na le bolwetse jwa cystic fibrosis, o bolela jaana: “Ke ne ke boifa tsela e nna ka bonna ke neng ke ikutlwa ka yone mme ke ne ke tlhoka go itse fela gore go siame go utlwa botlhoko jalo.”

Go tlwaelegile gore malapa a boife—a boife masaitseweng, bolwetse, kalafi, botlhoko le loso. Bana ke bone ba segolobogolo ba ka nnang ba boifa thata—segolo jang fa ba sa tlhalosediwe sentle gore go diregang.

Gape go galefa ke selo se se tlwaelegileng thata. Makasine mongwe wa Afrika Borwa wa TLC o tlhalosa jaana: “Gantsi maloko a lelapa e ka nna one a a dirang gore molwetse a galefe.” Ba lelapa le bone ba ka nna ba ikutlwa ba galefile—ba galefetse dingaka gonne di sa ka tsa bona bothata jono ka bonako, kana ba ikgalefela ka gonne ba fetiseditse bolwetse jono mo baneng ba bone, kana ba galefela molwetse gonne a sa ka a itlhokomela sentle, kana Satane Diabolo ka go bo a ba baketse pogo eno, kana e bile ba ka nna ba galefela Modimo, ba na le boikutlo jwa gore ke ene yo o tshwanetseng go pegwa molato ka bolwetse jono. Go ikutlwa o le molato ke tsela e nngwe e e tlwaelegileng thata e batho ba ikutlwang ka yone fa mongwe a na le bolwetse jo bo sa foleng. Buka ya Children With Cancer—A Comprehensive Reference Guide for Parents e bolela jaana: “Mo e ka nnang motsadi mongwe le mongwe kana bomonnawe ngwana yo o nang le bolwetse jwa kankere ba ikutlwa ba le molato.”

Maikutlo ano a a fetofetogang gantsi a felela ka gore motho a tshwenyege thata mo maikutlong—ka selekanyo se segolo kana se sennye. Mmatlisisi mongwe o kwala jaana: “Gongwe eno ke yone tsela e batho ka bontsi ba ikutlwang ka yone thata. Ke na le faele e e tletseng ka makwalo a a supang seno.”

Ee, Malapa a ka Kgona go Lepalepana le Jone

Ka fa letlhakoreng le lengwe, malapa a le mantsi a ile a lemoga gore go lepalepana le boemo jono ga go thata jaaka go ne go lebega go ntse pele. “O tla fitlhela gore dilo tse mogopolo wa gago o di akanyang ga di tshwane gotlhelele le se tota se tla diragalang,” go tlhomamisa jalo Diana Kimptom. Go tswa mo go se se neng sa mo diragalela o ne a lemoga gore “isagwe ga e letobo thata jaaka o ka akanya mo malatsing ao a ntlha.” Tlhomamisega gore malapa a mangwe a ile a kgona go ralala mosepele wa one mo nageng e a sa e itseng ya bolwetse jo bo sa foleng mme le lona lo ka kgona. Malapa a le mantsi a ile a fitlhela gore go itse fela gore malapa a mangwe a kgonne go lepalepana le bolwetse jono go dirile gore a wele makgwafo le go nna le tsholofelo.

Le fa go ntse jalo, ba lelapa ba ka nna ba ipotsa gore, ‘Re ka lepalepana le bolwetse jono jang?’ Setlhogo se se latelang se tla sekaseka dingwe tsa ditsela tse malapa a ileng a kgona go lepalepana le bolwetse jo bo sa foleng ka tsone.

[Mafoko a a mo go tsebe 13]

Malapa a tshwanetse go tlhokomela molwetse le go fetola mekgwa ya one, maikutlo le tsela e a tshelang ka yone

[Mafoko a a mo go tsebe 14]

Go tla direga gore molwetse le ba lelapa ba gakale mo maikutlong

[Mafoko a a mo go tsebe 15]

O se ka wa itlhoboga. Malapa a mangwe a kgonne go lepalepana le jone, mme le wena o ka kgona

[Lebokoso mo go tsebe 15]

Dingwe Tsa Dikgwetlho Tsa Bolwetse Jo bo Sa Foleng

• Go ithuta ka bolwetse jono le kafa o ka lepalepanang le jone

• Go fetola tsela e motho a tshelang ka yone le thulaganyo ya ka metlha

• Go lebana le diphetogo mo botsaleng jwa gago le ba bangwe

• Go boloka boikutlo jwa gore dilo di ntse jaaka gale le gore di mo taolong

• Go lelela go latlhegelwa ke mongwe ka ntlha ya bolwetse jono

• Go itshokela maikutlo a a gatelelang

• Go nna o na le tsholofelo