Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Fa Bolwetse Jo bo Sa Foleng—Bo Tlhasela Lelapa

Fa Bolwetse Jo bo Sa Foleng—Bo Tlhasela Lelapa

Fa Bolwetse Jo bo Sa Foleng—Bo Tlhasela Lelapa

BOITUMELO jwa lelapa looraDu Toit bo a penologa. Go a kgatlha go bona tsela e le ratanang thata ka yone. Fa o ka kopana le lelapa leno, ga o ka ke wa bolela gore le itshoketse mathata a mantsi jaana.

Sa ntlha, e ne ya re fa ngwana wa bone wa ntlha, e bong Michelle, a le dingwaga di le pedi, Braam le Ann ba ne ba utlwa gore o na le bolwetse bongwe jo bo sa foleng jo a bo gotsitseng jo bo koafatsang mesifa thata.

Mmaagwe Michelle, e bong Ann, o tlhalosa jaana: “O iphitlhela fela o tshwanetse go ithuta go lepalepana le bolwetse jo bo sa foleng jo bo koafatsang. O lemoga gore lelapa ga le kitla le tshela jaaka pele.”

Le fa go ntse jalo, e ne ya re fa lelapa leno le se na go nna le ngwana yo mongwe wa mosetsana le wa mosimane, le ne la welwa ke masetlapelo a mangwe. Letsatsi lengwe fa bana bano ba bararo ba ntse ba tshameka kwa ntle, basetsana ba babedi ba ne ba tlhaga ba tabogetse mo ntlong. Ba ne ba goa ba re: “Mma! Mma! Itlhaganele. Ga re itse gore Neil o rileng!”

Fa Ann a tabogela kwa ntle, o ne a bona tlhogo ya ga Neil wa dingwaga tse tharo e lepeletse ntlheng e le nngwe. O ne a sa kgone go e tlhamalatsa.

Ann o bolela jaana: “Ke ne ke tshogile thata, mme seno se diragetse ka ponyo ya leitlho. Ke ne ke utlwisiwa botlhoko ke gore mosimanyana yono yo o itekanetseng sentle jaana o ne a tlile go tshwanelwa ke go lebana le kgwetlho ya go tshela ka bolwetse jo bo koafatsang mesifa jo kgaitsadie a neng a na najo.”

Rralelapa, e bong Braam, o bolela jaana: “Go ise go ye kae, boipelo jwa go simolola botshelo ka lelapa le le itekanetseng sentle bo ne jwa fekeediwa ke dingwe tsa dikgwetlho tse dikgolo thata tse re kileng ra tshwanelwa ke go lebana le tsone.”

Kgabagare, le fa Michelle a ne a bona kalafi ya maemo a a kwa godimo ya kwa bookelong, o ne a tlhokafala ka ntlha ya mathata mangwe a a neng a bakwa ke bolwetse jono jwa gagwe. O ne a le dingwaga di le 14 fela ka nako eo. Neil o ntse a tsweletse a lwa le ditlamorago tsa bolwetse jwa gagwe.

Seno se dira gore re ipotse gore, Malapa a a tshwanang le leno looraDu Toit a lepalepana jang le dikgwetlho tsa go nna le mongwe mo lelapeng yo o nang le bolwetse bongwe jo bo sa foleng? Gore re kgone go araba potso eno, nte re sekaseke dingwe tsa ditsela tse malwetse a a sa foleng a amang malapa ka tsone.