Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kafa Lelapa la Rona le Neng la Kopanngwa Gape ka Teng

Kafa Lelapa la Rona le Neng la Kopanngwa Gape ka Teng

Kafa Lelapa la Rona le Neng la Kopanngwa Gape ka Teng

Jaaka go boletse Lars le Judith Westergaard

NTLO ya bone e lebega e ka tshwanela lelapa lepe fela le le itumetseng kwa Denmark. Ke ntlo e ntle e e nang le tshingwana e e itumedisang, mo motseng o o kagiso. Mo teng ga ntlo, go na le senepe se segolo mo loboteng se se nang le bana ba mo lelapeng ba ba itekanetseng le ba ba nyenyang.

Rre wa teng e bong Lars, ke mogolwane mo phuthegong ya Basupi ba ga Jehofa. Mosadi wa gagwe e bong Judith, ke mmulatsela (moreri wa nako e e tletseng). Le fa gone e le banyalani ba ba itumetseng, ga se ka metlha go neng go le jalo. Lars le Judith ba ile ba nna le mathata ba bo ba tlhoana mme seo sa felela ka gore ba tlhalane le lelapa la bone le arogane. Le fa go ntse jalo, gone jaanong lelapa la bone le kopane gape. Ka ntlha yang? Bone ka bobone ba tlhalosa se se diragetseng.

Lars le Judith ba dumetse go re bolelela gore dilo di senyegile kae mo lenyalong la bone le kafa ba neng ba kopanngwa gape ka teng. Ba akanya gore boitemogelo jwa bone bo ka nna jwa thusa batho ba bangwe.

Go Simologile Sentle Fela

Lars: Lenyalo la rona le ne le itumedisa thata kwa tshimologong, ka April 1973. Go ne go lebega re tlile go nna le isagwe e ntle tota. Re ne re sa itse Baebele le fa e le Basupi ba ga Jehofa, mme le fa go ntse jalo re ne re tlhomamisegile gore re ka dira lefatshe lefelo le le botoka le motho a ka tshelang mo go lone fa batho botlhe ba ne ba ka dira ka natla gore le nne jalo. Ka jalo re ne ra tshwarega thata mo ditirong tse dintsi tsa sepolotiki. Boitumelo jwa rona bo ne jwa gola fa lelapa la rona le ne le oketsega ka basimane ba bararo ba ba itekanetseng le ba ba matlhagatlhaga—e bong Martin, Thomas le Jonas.

Judith: Ke ne ke na le maemo a a kwa godimo mo mokgatlhong mongwe wa tirelosetšhaba. Mo godimo ga moo, ke ne ke tshwaregile mo ditirong tsa sepolotiki le mo mekgatlhong ya babereki. Fa go ntse go ya ke ne ka dirwa moeteledipele.

Lars: Le nna ke ne ke dira mo mokgatlhong mongwe o mogolo wa babereki mme ke ne ka gatela pele go fitlha ke bona maemo a a botlhokwa. Ditiro tsa rona di ne di gatela pele mme go ne go lebega go se na sepe se se ka re kgoreletsang.

Go Katologana

Lars: Mme gone re ne re tshwaregile thata mo ditirong tsa rona tse di farologaneng mo re neng re nna le nako e nnye thata re le mmogo. Re ne re le mo mokgatlhong o le mongwe wa sepolotiki mme re dira mo dikarolong tse di farologaneng tsa one. Basimane ba rona ba bararo ba ne ba tlhokomelwa ke batho ba bangwe, e ka tswa e le mongwe kwa ga gagwe kana kwa ditheong tse di tlhokomelang bana motshegare. E re ka bobedi jwa rona re ne re amegile thata ka dikgang tsa rona ka borona, botshelo jwa lelapa la rona bo ne jwa tlhakatlhakana. Fa go ne go direga gore re nne fa gae re le babedi, gantsi go ne go tsoga dikomano. Mme ka simolola go dirisa nnotagi e le molemonyana o o nkokobetsang.

Judith: Gone mme, re ne re ntse re ratana e bile re rata le bana, mme le fa go ntse jalo lorato lwa rona lo ne lo sa tlhagolelwe kafa lo neng lo tshwanetse go dirwa ka teng; e ne e kete lo a fela. Kamano ya rona e ne ya simolola go nna bosula tota mme bana ba ne ba boga ka ntlha ya gone.

Lars: Ke ne ka swetsa go tlogela tiro e le go leka ka natla go busetsa lelapa la rona mo kamanong e e siameng. Ka 1985 re ne ra fuduga mo toropong go ya kwa motseng o re nnang mo go one gone jaanong. Dilo di ne tsa tokafala go senene, mme fela nna le mosadi wa me re ne ra tswelela go amega ka dilo tse di farologaneng. Kgabagare, ka February 1989, lenyalo la rona la dingwaga di le 16 le ne la fela ka gore re tlhalane. Lelapa la rona le ne le thubegile.

Judith: Go ne go utlwisa botlhoko go bona lelapa la rona le kgaogana le go bona kafa bana ba neng ba boga ka teng. Re ne re tlhoane thata jaana mo re neng re sa kgone le go dumalana gore re abelwe go tlhokomela basimane ba rona mmogo, ka jalo ke ne ka abelwa go ba tlhokomela botlhe ba le bararo.

Lars: Nna le Judith re ne re dirile maitekonyana a a rileng go dira gore lelapa la rona le le neng le thubega le nne mmogo. Re ne ra bo ra rapela Modimo gore a re thuse. Mme le fa go ntse jalo re ne re itse go le gonnye fela ka Modimo.

Judith: Dithapelo tsa rona di ne tsa dira gore re nne le maikutlo a gore Modimo ga a re reetse. Re lebogela gore fa e sa le go tloga ka nako eo re bone gore ruri Modimo o reetsa dithapelo.

Lars: Re ne re sa lemoge gore rona ka borona re ne re tlhoka go dira maiteko a a tseneletseng gore re dire diphetogo. Ka jalo go tlhalana go ne ga dira gore re lemoge seno ka tsela e e botlhoko.

Lars o Dira Phetogo E e Sa Lebelelwang

Lars: Fa ke ntse ke nna ke le nosi, dilo di ne tsa fetoga ka tsela e le nna ke neng ke sa e lebelela. Letsatsi lengwe ke ne ka amogela dimakasine tse pedi mo Basuping ba ga Jehofa. Pele ga moo ke ne ke tlhola ke koba Basupi. Mme fa ke ntse ke bala dimakasine tseo, ke ne ka bona gore totatota Basupi ba dumela mo Modimong le mo go Jesu Keresete. Ke ne ke gakgametse tota. Ke ne ke ntse ke sa itse gore ke Bakeresete.

Mo e ka nnang ka yone nako eo, ke ne ka ya go nna le mosadi mongwe yo ke neng ke kopane le ene. Go ne ga direga gore o ne a kile a nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Fa ke simolola go botsa dipotso, o ne a mpontsha mo Baebeleng gore Jehofa ke leina la Modimo. Ka jalo “Basupi ba ga Jehofa” go raya gore “Basupi ba Modimo”!

Mosadi yono o ne a ntirela dithulaganyo tsa gore ke nne teng kwa puong ya phatlalatsa kwa Holong ya Dikopano ya Basupi ba ga Jehofa. Se ke neng ka se bona moo se ne sa nkgatlha tota. Ke ne ka etela kwa Holong ya Bogosi ya mo lefelong leo gore ke ithute mo go oketsegileng, mme ka nna le thuto ya Baebele. Ga go a ka ga ntsaya lobaka lo loleele gore ke lemoge gore tsela e ke neng ke tshela ka yone e ne e sa siama, ka jalo ke ne ka tlogela go nna le mosadi yono yo e neng e le tsala ya me mme ka ya go nna ke le nosi kwa toropong e ke tsaletsweng kwa go yone. Morago ga go okaoka ke ne ka ikgolaganya le Basupi ba ga Jehofa ba mo lefelong leo mme ka tsweletsa thuto ya me ya Baebele.

Le fa go ntse jalo, ke ne ke sa ntse ke na le dipelaelo dingwe. A Basupi ba ga Jehofa ruri ke batho ba Modimo? Go tweng ka dilo tsotlhe tse ke neng ke di ithutile fa ke sa ntse ke le ngwana? E re ka ke ne ke godisitswe ke le Mosabata, ke ne ka ikgolaganya le moruti wa Mosabata. O ne a dumela go ithuta le nna Laboraro mongwe le mongwe, fa Basupi ba ga Jehofa ba ne ba ithuta le nna Mantaga mongwe le mongwe. Ke ne ke ipatlela fela karabo e e utlwalang go tswa mo ditlhopheng tseno ka bobedi mo dikgannyeng tse nnè tse di kgethegileng: go boa ga ga Keresete, tsogo ya baswi, thuto ya Tharonngwe le tsela e phuthego e tshwanetseng go rulaganngwa ka yone. Go ne ga ntsaya dikgwedi di le mmalwa fela gore ke tlose dipelaelo tsotlhe. Mo go nngwe le nngwe ya dikarolo tse nnè tseno—le mo dilong tse dingwe tsotlhe—e ne e le ditumelo tsa Basupi ba ga Jehofa fela tse di neng di theilwe gotlhelele mo Baebeleng. Ditlamorago tsa gone e ne ya nna gore ke ne ka simolola ka boitumelo go nna le seabe mo ditirong tsotlhe tsa phuthego mme ka bonako fela ka ineela mo go Jehofa. Ka May 1990, ke ne ka kolobediwa.

Go Tweng ka Judith?

Judith: Fa mathata a lenyalo la rona a ne a gaketse, ke ne ka simolola go ya kwa kerekeng gape. E rile ke utlwa gore Lars o fetoga mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, ga ke a ka ka itumela le e seng. Morwaarona yo mmotlana, Jonas, wa dingwaga di le lesome, o ne a tle a etele rraagwe, mme ke ne ka iletsa Lars go ya le Jonas kwa dipokanong dipe fela tsa Basupi. Lars o ne a ikuela kwa balaoding, mme ba ne ba le mo letlhakoreng la me.

Ke ne ke setse ke na le monna yo mongwe. Gape ke ne ke tshwaregile thata mo dipolotiking le mo mefuteng e e farologaneng ya tirelosetšhaba. Ka jalo fa ka nako eo mongwe a ne a ka re lelapa la rona le ne le ka kopana gape, go ne go ka lebega go se kitla go kgonega.

E le go senka tshedimosetso e e leng kgatlhanong le Basupi ba ga Jehofa, ke ne ka ya kwa moruting wa kereke ya mo lefelong la rona, yo o neng a ipolela ka bonako gore o ne a sa itse sepe ka Basupi le gore o ne a se na dibuka tse di buang kaga bone. Sotlhe se a neng a se bua e ne e le gore go ka nna botoka fa nka tsamaela kgakala le bone. Gone mme, seno ga se a ka sa dira gore ke se ka ka tlhola ke ila Basupi ba ga Jehofa. Mme morago ga moo ke ne ka patelesega go kopana le bone ka tsela e ke neng ke sa e lebelela.

Morwarre yo o nnang kwa Sweden e ne e setse e le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, mme o ne a ntaleditse go nna teng mo lenyalong la gagwe kwa Holong ya Bogosi! Tiragalo eo e ne ya fetola thata tsela e ke neng ke leba Basupi ka yone. Ke ne ka gakgamadiwa ke gore e ne e se batho ba ba sa kgatlheng jaaka ke ne ke tlhola ke akanya. Ba ne ba le molemo, ba itumetse e bile ba kgona go dira metlae.

Go sa ntse go le jalo, Lars yo e kileng ya bo e le monna wa me, o ne a fetogile gotlhelele. O ne a na le boikarabelo go feta pele, a ipha nako le bana, a le molemo e bile a na le boitshwaro mo puong, le gone o ne a sa tlhole a nwa thata jaaka a ne a dira pele. Botho jwa gagwe bo ne bo kgatlha tota! Jaanong e ne e le monna yo ke neng ke sa bolo go batla gore a nne ene. Go ne go betisa pelo tota go akanya gore ga ke sa tlhole ke nyalane le ene le gore gongwe letsatsi lengwe o tla nyalana le mosadi yo mongwe!

Ka jalo ka loga leano la go mo “tlhasela” ka tsela e e bofitlha. Ka nako nngwe fa Jonas a ntse a nna le rraagwe, ke ne ka rulaganya go ya go bona Jonas le Lars ke tsamaya le bonnake ba babedi ka seipato sa gore bommangwaneagwe ba babedi ba kgone go bona setlogolo sa bone. Re ne ra kopana kwa parakeng ya boitlosobodutu. Fa bommangwane ba ntse ba tlhokometse mosimane, nna le Lars re ne ra bona panka mme ra nna fa fatshe.

Ke ne ka gakgamadiwa ke gore ka bonako fela fa ke bua kaga isagwe ya rona, Lars o ne a ntsha buka mo potleng ya gagwe. E ne e bidiwa Go Dira Botshelo Jwa Lelapa la Gago go Itumedisa. * O ne a nnaya buka eno mme a akantsha gore ke bale dikgaolo tse di buang kaga seabe sa monna le mosadi mo lelapeng. O ne a akantsha thata gore ke bale ditemana tse di nopotsweng.

Mme fa nna le Lars re emelela mo pankeng, ke ne ke batla go mo tshwara ka letsogo, mme o ne a gana ka tsela e e maitseo. Lars o ne a sa ikaelela go dira kgolagano sesha le nna a sa itse gore ke leba tumelo ya gagwe e ntšha jang. Seo se ne sa nkgopisa, mme morago ga foo ke ne ka lemoga gore boikutlo jwa gagwe bo ne bo lekalekane sentle e bile go ne go tla ntswela molemo fa a ka nna monna wa me gape.

Seno sotlhe se ne sa dira gore ke batle go itse mo go oketsegileng ka Basupi ba ga Jehofa. Letsatsi le le latelang, ke ne ka ikgolaganya le mosadi mongwe yo ke neng ke itse gore ke Mosupi mme ra rulaganya gore ene le monna wa gagwe ba tle go nnaya tshedimosetso e ke neng ke e batla ka bodumedi jwa bone. Ke ne ka botsa dipotso di le dintsi mme ba ne ba di araba tsotlhe ba dirisa Baebele. Ke ne ka kgona go bona gore se Basupi ba ga Jehofa ba se rutang se theilwe ka tlhamalalo mo Baebeleng. Dilo tsotlhe tse re neng re tlotla ka tsone, ke ne ka tshwanelwa ke go dumela gore di boammaaruri.

Mo nakong eo ke ne ka itomolola mo Kerekeng ya Boefangele ya Lutere mme ka khutlisa ditiro tsa me tsa bopolotiki. Ke ne ka bo ka tlogela go goga. Eo e ne e le kgato e e thata go di gaisa tsotlhe. Ke ne ka simolola go ithuta Baebele ka August 1990 mme ka April 1991 ke ne ka kolobediwa go nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa.

Lenyalo la Bone la Bobedi

Judith: Jaanong ka bobedi re ne re le Basupi ba ba kolobeditsweng. Le fa gone re ne re arogane, ka bobedi re ile ra ithuta Baebele. Ka thuso ya dithuto tsa yone tse di molemo, re ne re sa tlhole re tshwana le pele. Re ne re sa ntse re amega ka yo mongwe, gongwe e le ka tsela e e fetang e re neng re dira ka yone pele. Ka jalo, jaanong re ne re gololesegile go ka nyalana gape—mme ke sone se re neng ra se dira. Re ne ra dira maikano ka lekgetlho la bobedi, mme mo lekgetlhong leno e le mo Holong ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa.

Lars: Go ne go diragetse kgakgamatso—lelapa la rona le ne le kopane gape! A bo re ne ra ikutlwa re itumetse jang ne le go ipela!

Judith: Barwa ba rona, bontsi jwa ba losika le ditsala tse dintsi tse disha le tsa bogologolo ba ne ba le teng mo lenyalong. E ne e le selo se se jesang kgakge tota. Gareng ga baeng go ne go na le bangwe ba ba neng ba re itse mo lenyalong la rona le le fetileng; ba ne ba itumeletse go re bona re le mmogo gape e bile ba ne ba gakgamaditswe ke go bona boipelo jwa boammaaruri mo Basuping ba ga Jehofa.

Bana

Lars: Fa re se na go kolobediwa re ne ra itumelela go bona barwa ba rona ba babedi ba tlhopha go neela matshelo a bone mo go Jehofa.

Judith: Jonas o ne a anaanela boammaaruri jo bo tswang mo Baebeleng fa e sa le go tloga a kopana le jone a sa ntse a le mosimane fa a ne a etela rraagwe. O ne a na le dingwaga di le lesome fela fa a ne a mpolelela gore o batla go ya go nna le rraagwe ka gonne, jaaka a ne a tlhalosa, “Rre o latela Baebele.” Jonas o ne a kolobediwa fa a le dingwaga di le 14. O feditse sekolo mme gone jaanong ke modiredi wa nako e e tletseng.

Lars: Morwa wa rona yo mogolo e bong Martin, jaanong o na le dingwaga di le 27. Diphetogo tse a neng a di bona mo go rona di ne tsa dira gore a akanye thata. O ne a tloga fa gae mme a ya go nna kwa karolong e nngwe ya naga. Dingwaga tse pedi tse di fetileng o ne a simolola go ithuta Baebele le phuthego ya Basupi ba ga Jehofa ya mo lefelong le a nnang mo go lone. Morago ga dikgwedi di le tlhano fela, o ne a setse a siametse go kolobediwa. O ntse a tswelela go dira dithulaganyo tsa isagwe ya botshelo jwa gagwe e le Mokeresete.

Morwa wa rona yo o mo magareng e bong Thomas, ga a ise a nne mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Gone mme re sa ntse re mo rata mme re na le kamano e e molemo le ene. O itumeletse diphetogo tse di nnileng teng mo lelapeng la rona. Mme rotlhe re a dumela gore ka thuso ya melaometheo e rona batsadi re ithutileng yone go tswa mo Baebeleng, lelapa la rona le kopantswe gape. A bo re segofaditswe jang ne gore jaanong gangwe le gape re kgona go kokoanya lelapa la rona, basimane botlhe ba bararo le batsadi ba le mmogo!

Botshelo Jwa Rona Gompieno

Lars: Ga re bolele gore re setse re itekanetse. Mme le fa go ntse jalo re ithutile sengwe—gore go ratana le go tlotlana ke dilo tsa botlhokwa thata tse di atlegisang lenyalo. Motheo o lenyalo la rona le ntseng mo go one gone jaanong ke o o farologaneng thata le o le neng le le mo go one pele. Gone jaanong re dumetse go nna kafa tlase ga bolaodi jo bo kwa godimo thata go feta jwa rona, ka go bo re a lemoga gore re tshelela Jehofa. Nna le Judith re ikutlwa re kopane e le tota mme re lebile isagwe ka boikanyo.

Judith: Ke akanya gore re sesupo se se maatla sa gore Jehofa ke mogakolodi yo o gaisang botlhe wa lenyalo le wa lelapa.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 30 E gatisitswe ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc., ka 1978; jaanong ga e sa tlhole e gatisiwa.

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Lars le Judith ka lenyalo la bone la ntlha, ka 1973

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Basimane ba bararo ba ne ba latlhegelwa ke lelapa la bone le le kopaneng mme ba le bone gape

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Lars le Judith gompieno, ba kopantswe gape ke go latela melaometheo ya Baebele