Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kafa Malapa a Lepalepanang le Bolwetse Jo bo Sa Foleng ka Teng

Kafa Malapa a Lepalepanang le Bolwetse Jo bo Sa Foleng ka Teng

Kafa Malapa a Lepalepanang le Bolwetse Jo bo Sa Foleng ka Teng

GO LEPALEPANA le mathata go ka tlhalosiwa e le “go kgona go dirisana sentle le mathata a motho a lebanang le one le go a rarabolola.” (Taber’s Cyclopedic Medical Dictionary) Go akaretsa go lebana le mathata a bolwetse jo bo sa foleng ka tsela e e tla go thusang go bo laola go sekae le go ritibala maikutlo. Mme ka ntlha ya gore bolwetse jo bo sa foleng ke selo se se amang lelapa lotlhe, go tlhokega gore botlhe mo lelapeng ba thusane ka lorato le ka boikanyegi gore lelapa le kgone go lepalepana le bolwetse jono ka katlego. Nte re sekaseke dingwe tsa ditsela tse malapa a di dirisang go lepalepana le bolwetse jo bo sa foleng ka tsone.

Botlhokwa Jwa Kitso

Go ka nna ga se ka ga kgonega gore lo alafe bolwetse jono, mme fa lo itse tsela ya go lepalepana le jone lo ka kgona go fokotsa tsela e e maatla e bolwetse jono bo ka lo amang tlhaloganyo le maikutlo ka yone. Seno se dumalana le seane sa bogologolo se se reng: “Monna wa kitso o kokotletsa nonofo.” (Diane 24:5) Lelapa le ka bona jang kitso ya kafa le ka lepalepanang le bolwetse jono ka teng?

Kgato ya ntlha ke go batla ngaka e go leng motlhofo go bua le yone le e e ratang go thusa, e e iketleeditseng go ipha nako ya go tlhalosetsa molwetse le ba lelapa sengwe le sengwe ka kelotlhoko. Buka ya A Special Child in the Family e bolela jaana: “Ngaka e e molemo e utlwela lelapa lotlhe botlhoko e bile e na le bokgoni jotlhe jo bo tlhokegang jwa kalafi.”

Kgato e e latelang ke go botsa dipotso tse di rileng go fitlha lo tlhaloganya boemo sentle kafa lo ka kgonang ka teng. Le fa go ntse jalo, gakologelwa gore fa lo etetse ngaka, go motlhofo go tsenwa ke letshogo le go tlhakana tlhogo mme lo ka lebala le dilo tse lo neng lo batla go di botsa. Kakantsho nngwe e e thusang ke gore lo kwale dipotso tse lo batlang go di botsa go sa le gale. Segolobogolo, lo ka nna lwa batla go itse gore lo ka lebelela maemo afe a a tla bakwang ke bolwetse jono le a a tla bakwang ke kalafi le gore lo tshwanetse go dira eng fa a tlhaga.—Bona lebokoso le le reng “Dipotso Tse ba Lelapa Ba ka Di Botsang Ngaka.”

Go botlhokwa thata go naya bana ba bangwe mo lelapeng tshedimosetso e e feletseng malebana le mogoloabone kana monnaabo yo o nang le bolwetse jo bo sa foleng. Mmè mongwe o gakolola jaana: “Go tloga fela kwa tshimologong ba tlhalosetse gore molato ke eng. Go ka nna motlhofo fela gore ba ikutlwe ba kgaphetswe kwa thoko mo lelapeng fa ba sa tlhaloganye gore go diregang.”

Gape malapa mangwe a ile a kgona go batla tshedimosetso e e mosola ka go batlisisa kwa dilaeboraring tsa lefelo la one, kwa mabenkeleng a dibuka kana mo Internet—mme gantsi ba bona tshedimosetso e e malebana le bolwetse jo bo rileng ka botlalo.

Go Tswelela lo Tshela Sentle Kafa lo ka Kgonang ka Teng

Go tlwaelegile fela gore ba lelapa ba batle gore molwetse a tswelele a tshela sentle kafa a ka kgonang ka teng. Tsaya ka sekai Neil du Toit, yo o umakilweng mo setlhogong se se fetileng. Ditlamorago tse di mo koafatsang tsa bolwetse jwa gagwe di sa ntse di mo betisa pelo. Le fa go ntse jalo, o fetsa diura di le 70 ka kgwedi a dira tiro e a ipelelang go e dira thata—go bolelela batho ba lefelo la gagabo ka tsholofelo ya gagwe e e theilweng mo Baebeleng. O bolela jaana: “Gape ke kgotsofadiwa thata ke go ruta Baebele mo phuthegong.”

Gape go tshela sentle go akaretsa go kgona go rata batho ba bangwe le gore le bone ba go rate, go ipelela ditiro tse di itumedisang le go nna o ntse o na le tsholofelo. Balwetse ba sa ntse ba ka rata go ipelela botshelo go ya bokgakaleng jo bolwetse jwa bone le kalafi di tla ba letlelelang ka teng. Rre mongwe yo lelapa la gagwe le neng la lepalepana le bolwetse jo bo sa foleng ka dingwaga di feta di le 25 o tlhalosa jaana: “Re rata go nna re ya go iphokisa phefo, mme ka ntlha ya bolwetse jwa morwaarona, ga re kgone go tsamaya tsamaya fela re iphutholola maoto. Ka jalo re dira dilo ka tsela e e farologaneng. Re ya go iphokisa phefo kwa mafelong a a sa re tlhokeng go dira dilo tse di tla re lapisang thata.”

Ebu, balwetse ba gakologelwa dilo tse di ba kgontshang go kgotsofalela botshelo ka selekanyo se se rileng. Balwetse ba le bantsi ba sa ntse ba ka kgona go anaanela mafelo a mantle le medumo e e monate, go ya fela ka gore ba tshwerwe ke bolwetse bofe jo bo sa foleng. Fa ba ikutlwa ba kgona go laola dikarolo tse di rileng tsa botshelo jwa bone thata, go ka direga thata gore ba tswelele ba tshela sentle kafa ba ka kgonang ka teng.

Go Dirisana le Maikutlo a a Gatelelang

Karolo ya botlhokwa thata ya go kgona go lepalepana le bolwetse e akaretsa go ithuta go laola maikutlo a a gobatsang. Bongwe jwa one ke kgalefo. Baebele e a dumela gore motho a ka nna le lebaka la go galefa. Le fa go ntse jalo, gape e re kgothaletsa go nna “bonya [go] galefa.” (Diane 14:29) Ke ka ntlha yang fa go le botlhale go dira jalo? Go ya ka buka nngwe, kgalefo “e ka go ja mo teng mme e ka go shakgatsa kana ya go dira gore o bue dilo tse di utlwisang botlhoko tse moragonyana o tla di ikwatlhaelang.” Tota le fa o ka galefa gangwe fela seno se ka baka tshenyo e e ka nnang ya tsaya lobaka lo loleele gore e baakanngwe.

Baebele e gakolola jaana: “A letsatsi le se ka la phirima lo santse lo rumolesegile.” (Baefeso 4:26) Go phepafetse gore ga re ka ke ra dira sepe go dira gore letsatsi le diege go phirima. Le fa go ntse jalo, re ka kgona go tsaya dikgato tsa go kokobetsa ka bonako boikutlo jwa rona jwa go ‘rumolesega’ gore re se ka ra tswelela re ikutlwisa botlhoko re bo re utlwisa le ba bangwe botlhoko. Mme gantsi o ka kgona go rarabolola bothata sentle thata fa o setse o ritibetse maikutlo.

Fela jaaka go ntse ka lelapa lengwe le lengwe, ga go pelaelo gore le la lona le tla nna le dinako tsa mathata le tsa menate. Batho ba le bantsi ba fitlhela gore ba kgona go itshoka botoka fa ba gomotsana kana ba gomodiwa ke motho mongwe o sele yo o pelotlhomogi le yo o ba utlwelang botlhoko. Seno ke sone se se neng sa diragalela Kathleen. O ne a simolola pele ka go tlhokomela mmaagwe, yo a neng a na le bolwetse jwa kankere, mme moragonyana a tlhokomela monna wa gagwe, yo a neng a na le bolwetse jo bo sa foleng jwa go tshwenyega thata mo maikutlong mme kgabagare a nna le bolwetse jwa Alzheimer. O dumela jaana: “Go kgona go bua le ditsala tse di kutlwelobotlhoko go ne ga dira gore ke wele makgwafo ke bo ke gomotsege.” Rosemary, yo a neng a tlhokomela mmaagwe ka dingwaga tse pedi, o a dumela le ene. O bolela jaana: “Go bua le tsala ya boammaaruri go nthusitse gore ke nne ke itekanetse.”

Le fa go ntse jalo, o se ka wa gakgamala fa o sa kgone go kgaotsa go lela ka nako ya fa o ntse o bua. “Go lela go go golola mo botlhokong jo o bo utlwang, mme go dira gore o kgone go fenya kutlobotlhoko ya gago,” go rialo buka ya A Special Child in the Family. *

Nna le Boikutlo jo bo Siameng

Kgosi e e botlhale e bong Solomone o ne a kwala jaana: “Keletso ya go tshela e ka go kokotletsa fa o lwala.” (Diane 18:14, Today’s English Version) Babatlisisi ba gompieno ba ile ba lemoga gore dilo tse balwetse ba di lebeletseng—tse di siameng kana tse di sa siamang—gantsi di na le go tlhotlheletsa matswela a kalafi ya bone. Le fa go ntse jalo, lelapa le ka nna le ntse le na le tsholofelo jang le fa le lebane le bolwetse jo bo sa foleng?

Malapa a kgona go lepalepana le bolwetse botoka fa a tlhoma mogopolo mo dilong tse a sa ntseng a ka kgona go di dira mme gone a sa bo itlhokomolose. Rre mongwe o dumela jaana: “Seemo seno se ka lo dira gore lo nne le maikutlo a a sa siamang, le fa go ntse jalo, lo tshwanetse go gakologelwa gore lo sa ntse lo na le dilo tse dintsi. Lo sa ntse lo tshela, lo sa ntse lo na le ba lelapa le ditsala.”

Le mororo bolwetse jo bo sa foleng bo sa tshwanela go nyenyefadiwa, go dira metlae ka tsela e e molemo ka jone go ka thusa go kganela boikutlo jwa go latlhegelwa ke tsholofelo. Tsela e lelapa looraDu Toit lo dirang metlae ka yone e bontsha ntlha eno. Kgaitsadie Neil du Toit e bong Collete o tlhalosa jaana: “Ka ntlha ya gore re ithutile go lepalepana le maemo a a rileng, re kgona go tshega dilo tse di re diragalelang tse di ka nnang tsa lebega di utlwisa batho ba bangwe botlhoko thata. Mme ruri go dira jalo go thusa go fokotsa go gatelelwa ke maikutlo.” Baebele e re tlhomamisetsa gore “pelo e e ipelang e dira sentle jaaka kalafi.”—Diane 17:22NW.

Dilo Tse di Botlhokwatlhokwa Tsa Semoya

Karolo ya botlhokwa e e dirang gore Bakeresete ba boammaaruri ba nne ba tsogile sentle mo semoyeng e akaretsa ‘go itsise Modimo ditōpō tsa bone ka thapelo le mokokotlelo.’ Matswela a seno a tla nna jaaka a solofeditswe jaana mo Baebeleng: “Kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe e tla disa dipelo tsa lona le maatla a lona a mogopolo.” (Bafilipi 4:6, 7) Morago ga gore mmè mongwe a fetse dingwaga di ka nna 30 a tlhokomela bana ba gagwe ba babedi ba ba neng ba na le bolwetse jo bo sa foleng, o ne a bua jaana: “Re ithutile gore ruri Jehofa o go thusa go itshoka. Ruri o a go nonotsha.”

Mo godimo ga moo, batho ba le bantsi ba nonotshiwa ke ditsholofetso tsa Baebele tsa lefatshe la paradaise le le se nang botlhoko le matshwenyego. (Tshenolo 21:3, 4) Braam o bolela jaana: “Ka ntlha ya bolwetse jo bo sa foleng jo lelapa la rona le ileng la lebana le jone, re bona bokao jo bo oketsegileng mo tsholofetsong ya Modimo ya gore ‘setlhotsa se tlaa [tlola] jaaka kwalata, le loleme lwa semumu lo tlaa opela.’” Fela jaaka go ntse ka malapa a mangwe a mantsi, lelapa looraDu Toit le tlhoafaletse Paradaise thata ka nako e “monni wa gona a [se kitlang] a re: ‘Ke a bobola.’”—Isaia 33:24; 35:6.

Nametsega. Kutlobotlhoko le matshwenyego a a imetsang batho, ka boone ke karolo ya bosupi jo bo bontshang gore go tla tloga go nna le maemo a a botoka. (Luke 21:7, 10, 11) Le fa go ntse jalo, gone jaanong dilo di le dintsi tse di diragalelang batlhokomedi le balwetse di ka supa gore eleruri Jehofa ke “Rra mautlwelobotlhoko, le Modimo wa kgomotso yotlhe, o o re gomotsang mo pitlaganong yotlhe ya rona.”—2 Bakorintha 1:3, 4.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 17 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ka botlalo ya kafa motho a ka itshokelang tsela e e maatla e bolwetse bo amang maikutlo ka yone, tsweetswee bona setlhogo se se reng “Go Nna Motlhokomedi—Go Itebaganya le Kgwetlho Eo,” mo Tsogang! ya February 8, 1997, ditsebe 3-13.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 16]

Dipotso Tse ba Lelapa Ba ka Di Botsang Ngaka

• Bolwetse jono bo tlile go gola jang, mme bo tlile go felela ka eng?

• Bo tlile go nna le matshwao afe, mme a ka laolwa jang?

• Go ka dirisiwa kalafi efe e nngwe?

• Go dirisa kalafi e e farologaneng go ka nna le ditlamorago, dikotsi le melemo efe?

• Re ka dira eng go tokafatsa boemo, mme re tshwanetse go tila eng?

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 19]

Kafa o ka Thusang ka Teng

Batho bangwe ba ka nna ba tila go eta kana ba ithaopela go thusa ka gonne ba sa itse se ba ka se buang kana gore ba lepalepane jang le boemo. Ba bangwe ba ka nna ba rata go thusa thata mme ba ka imetsa ba lelapa le go feta fa ba gatelela go dira se ba akanyang gore se a thusa. Ka gone, motho a ka dirang gore a thuse lelapa le leloko lengwe la lone le nang le bolwetse jo bo sa foleng kwantle ga gore a itshunye nko mo dilong tsa lone tsa botho?

Reetsa ka go supa kamego. Jakobe 1:19 e bolela jaana: “Nna bofefo kaga go utlwa.” Supa gore o a amega ka go nna moreetsi yo o molemo le ka go letla ba lelapa go bula mafatlha fa ba batla go bua. Ba ka nna ba rata go dira jalo thata fa ba ka lemoga gore o “utlwela ba bangwe.” (1 Petere 3:8) Le fa go ntse jalo, gakologelwa gore ga go na batho ba babedi kana malapa a mabedi a a ka ikutlwang ka tsela e e tshwanang ka bolwetse jo bo sa foleng. Ka jalo, “o se ka wa naya kgakololo fa e le gore ga o na kitso e e feletseng ka bolwetse jono kana ka boemo jono,” go rialo Kathleen, yo o ileng a tlhokomela mmaagwe mme moragonyana a tlhokomela monna wa gagwe yo o neng a na le bolwetse bongwe jo bo sa foleng. (Diane 10:19) Mme gakologelwa gore le fa o ka tswa o na le kitsonyana nngwe ka bolwetse jono, molwetse le ba lelapa ba ka nna ba se ka ba senka kana ba amogela kgakololo ya gago.

Thusa ka tsela e e mosola. Le mororo o ikela tlhoko gore o se ka wa itshunya nko mo dilong tsa botho tsa lelapa leno, nna gone fa ruri ba go tlhoka. (1 Bakorintha 10:24) Braam, yo o ntseng a umakwa mo ditlhogong tseno tsotlhe, o bolela jaana: “Ditsala tsa rona tsa Bakeresete di ne di re thusa fela thata. Ka sekai, fa re ne re ya go robala kwa bookelong ka ntlha ya boemo jo bo sa itumediseng jwa ga Michelle, ka metlha re ne re na le ditsala di ka nna nnè go ya go thataro tse di neng di nna le rona bosigo jotlhe. Nako nngwe le nngwe fa re ne re tlhoka thuso, re ne re e bona.” Mosadi wa ga Braam e bong Ann, o oketsa jaana: “Go ne go le tsididi thata, mme ditsala tsa rona di ne di re naya mefuta e e farologaneng ya sopo letsatsi le letsatsi ka dibeke di le pedi. Re ne re otliwa ka sopo e e bolelo le ka letlepu la lorato lo logolo.”

Rapela le bone. Ka dinako tse dingwe o ka nna wa se ka wa nna le sepe se se ka thusang se o ka se dirang. Le fa go ntse jalo, sengwe sa dilo tse di kgothatsang thata e ka nna go kgothatsa balwetse le ba malapa a bone ka kgopolo nngwe e e agang ya dikwalo kana thapelo e e tswang pelong. (Jakobe 5:16) “Le ka motlha o se ka wa nyatsa maatla a go rapelela—le go rapela mmogo le—batho ba ba nang le bolwetse jo bo sa foleng le ba malapa a bone,” go rialo Nicolas wa dingwaga di le 18, yo mmaagwe a nang le bolwetse jo bo sa foleng jwa go tshwenyega thata mo maikutlong.

Ee, go ema ba malapa nokeng ka tsela e e tshwanetseng go ka ba thusa thata gore ba itshokele matshwenyego a bolwetse jo bo sa foleng. Baebele e baya seno jaana: “Tsala e rata motho ka metlha, le morwarramotho o tsaletswe go thusa ka dinako tsa mathata.”—Diane 17:17, The New English Bible.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 20]

Fa Bolwetse bo sa Fole

Malapa mangwe a ka nna a okaoka go tlotla ka kgang ya gore moratiwa wa bone yo o nang le bolwetse jo bo sa foleng a ka nna a swa nako nngwe le nngwe. Le fa go ntse jalo, buka ya Caring​​—⁠How to Cope e bolela gore “fa o na le kitsonyana ya gore o ka lebelela eng le gore o tshwanetse go dira eng, go ka nna ga go thusa go fokotsa letshogo la gago.” Le mororo dikgato tse di maleba tse di tshwanetseng go tsewa di tla farologana go ya ka melao ya lefelo le motho a nnang kwa go lone le ditlwaelo tsa gone, dikakantsho dingwe tse ba lelapa ba ka nnang ba di akanyetsa fa ba oka moratiwa wa bone yo o nang le bolwetse jo sa foleng kwa gae ke tseno.

Pele go Nako

1. Botsa ngaka gore lo ka lebelelang mo malatsing a bofelo le mo diureng tsa bofelo le gore ke eng se lo tshwanetseng go se dira fa e le gore molwetse o tlhokafala go le bosigo.

2. Kwala lenaane la batho ba ba tla tlhokang go bolelelwa ka loso.

3. Akanyetsa ditsela tse di farologaneng tse a ka fitlhwang ka tsone:

• Ke dilo dife tse molwetse a neng a di kopa?

• Gore a fitlhwe kana a fisiwe? Bapisa ditlhwatlhwa le ditirelo tsa batsamaisi ba ba farologaneng ba diphitlho.

• Phitlho e tshwanetse go tshwarwa leng? Dira gore go nne le nako e e lekaneng ya gore ba losika ba ba nnang kgakala ba rulaganye dipalangwa.

• Ke mang yo o tla tsamaisang phitlho kana tirelo ya segopotso?

• E tla tshwarelwa kae?

4. Le fa molwetse a ka tswa a le mo maibing, a ka nna a bo a sa ntse a utlwa gore go ntse go tweng le gore go ntse go dirwang go mo dikologa. Lo ele tlhoko gore lo se ka lwa bua sengwe mo pele ga gagwe se lo sa batleng a se utlwa. Lo ka nna lwa batla go mo gomotsa ka go bua lo ritibetse le ka go mo tshwara letsogo.

Fa yo Lo mo Ratang a Tlhokafala

Dilo dingwe tse ba bangwe ba ka di dirang go thusa ba lelapa ke tseno:

1. Naya ba lelapa nako e e lekaneng gore ba nne ba le bangwe le moswi gore ba tle ba kgone go amogela gore moratiwa wa bone o tlhokafetse.

2. Rapela mmogo le ba lelapa.

3. Fa ba lelapa ba setse ba siame, ba ka nna ba anaanela go thusiwa gore ba itsise batho ba ba latelang:

• Ngaka gore e tlhomamise loso le go dira lekwalo la loso.

• Motsamaisi wa phitlho, mmoshara, kana kwa baswi ba fisiwang gone gore ba tsaye setopo.

• Ba losika le ditsala. (Lo ka nna lwa bua sengwe sa go tshwana le seno ka botlhale: “Ke lo leletsa mogala jaana malebana le [leina la molwetse]. Ke maswabi go lo bolelela gore ke lo tsholetse dikgang tse di seng monate. Jaaka lo itse, o ntse a lwa le [bolwetse] ka lobakanyana, mme o tlhokafetse [leng le kae].)

• Kantoro ya makwalodikgang gore e bege ka loso lono fa ba lelapa ba eletsa go dira jalo.

4. Ba lelapa ba ka nna ba batla go tsamaya le mongwe gore a ba thuse go feleletsa dithulaganyo tsa phitlho.

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Ba lelapa ba tshwanetse go dira bojotlhe jwa bone go tswelela ba tshela sentle kafa ba ka kgonang ka teng

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Go rapela le ba lelapa go ka ba thusa gore ba lepalepane le bolwetse