A Botshelo ga bo Tlhole bo Tsewa e le Jwa Sepe?
A Botshelo ga bo Tlhole bo Tsewa e le Jwa Sepe?
“Ke lefatshe le mo go lone botshelo bo sa tlholeng bo tsewa e le jwa sepe. Loso lo ka rekwa ka diponto [madi a kwa Boritane] di le makgolo a le mmalwa fela mme go na le batho ba bantsi ba ba sa itsapeng go go direla tiro eo.”—The Scotsman.
Ka April 1999 mo tlhaselong nngwe e e neng ya tshosa lefatshe lotlhe, basha ba babedi ba dingwaga tsa bolesome ka setlhogo ba ne ba tlhasela Sekolo se Segolo sa Columbine kwa Littleton, Colorado, U.S.A., mme ga swa batho ba le 15. Ditlhotlhomiso di bontshitse gore mongwe wa batlhasedi bao o ne a na le tsebe nngwe mo Internet e a neng a kwadile mo go yone a re: “BASWI GA BA MANGANGA!” Batlhasedi ba babedi bao ba ne ba swa mo matlhotlhapelong ao.
GO BOLAYA batho go aname lefatshe lotlhe, mme batho ba bantsintsi ba swa setlhogo letsatsi le letsatsi. Afrika Borwa e ne e di goga kwa pele mo lefatsheng ka go bolawa ga batho ba le 75 mo go bangwe le bangwe ba le 100 000 ka 1995. Botshelo ga bo tlhole bo tsewa e le jwa sepe bogolo jang kwa nageng nngwe ya kwa Borwa jwa Amerika, kwa go bolailweng batho ba ba fetang 6 000 teng ka ntlha ya mabaka a sepolotiki ka 1997. Ke selo se se tlwaelegileng go hira motho gore a go bolaele yo mongwe. Pego nngwe kaga naga eo e bolela jaana: “Se se tshosang ke gore go bolaya bana le gone go tlhatlogetse kwa godimo thata: Ka 1996, go ne ga bolawa bana ba le 4 322, e leng palo e e oketsegileng ka diperesente di le 40 mo dingwageng di le pedi fela.” Le fa go ntse jalo, le e leng bana tota ba fetoga babolai—ba bolaya bana ba bangwe ba bo ba bolaye batsadi ba bone. Ee ruri, botshelo ga bo tlhole bo tsewa e le jwa sepe.
‘Tlwaelo Eno ya go Bolaya’ e Bakwa ke Eng?
Dipalopalo tseno di bontshang? Go sa tlotle botshelo mo go ntseng go oketsega. Batho ba ba ratang go laola le ba ba ratang madi bobe ba bolaya fela ba sa tshwenngwe ka gope ke segakolodi. Balaodi ba digongwana tsa diokobatsi ba laela gore go bolawe batho mmogo le maloko otlhe a malapa a bone. Ba tlhofofatsa dipolao tsa bone ka go dirisa mafoko a a jaaka “go itaya,” “go phimola,” “go fedisa,” kana “go khutlisa” batho ba ba bolawang mo go se ba se bitsang ditlhaselo. Go gaila le go ganyaola batho ka merafe ya bone le gone go okeditse palo ya dintsho mme go dirile gore
botshelo jwa motho bo se tlhole bo tsewa e le jwa sepe. Ka ntlha ya seo, dipolao e setse e le selo sa letsatsi le letsatsi mo dikgannyeng tsa thelebishene mo lefatsheng lotlhe.Fa re oketsa mo godimo ga dilo tseno thubakanyo le bosetlhogo jo bo tlotlomadiwang mo dithelebisheneng le mo dibaesekopong, go bonala e kete setšhaba sa rona se tserwe sa potokwa mo setsong se se maswe thata se se remeletseng fela mo go bolayeng. Encyclopædia Britannica e bolela jaana malebana le kgang eno: “Mo sephatlong sa bofelo sa lekgolo la bo20 la dingwaga, loso e ile ya nna selo se batho ba ratang go bua thata ka sone ka tsela e e gakgamatsang. Pele ga moo, go ne go gakgamatsa gore e ne e le kgang e diphopholetso tse di tlhokang go akanyediwa sentle tsa saense di neng di e kekologa fela thata mme tsa filosofi tsone di ne di bua ka selekanyo se se rileng fela ka yone.” Go ya ka Josep Fericgla, porofesa mongwe wa Catalonia yo o ithutang ka ditso tsa batho, “loso e setse e le one moila wa bofelo o o dirang mo setšhabeng sa rona, mme ka gone, ke sengwe sa dilo tse di botlhokwa thata gompieno tse di dirisiwang go laola megopolo ya batho.”
Gongwe selo se se tlhomologileng thata ka ‘tlwaelo eno ya go bolaya’ ke tumelo e e tlwaelegileng thata ya gore go nna le maatla, go laola ba bangwe, madi le boitapoloso ke dilo tse di botlhokwa thata go feta botshelo jwa motho le mekgwa e mentle ya boitsholo.
‘Tlwaelo eno ya go bolaya’ e anamisiwa jang? Batsadi ba ka dirang go thibela tlhotlheletso eno e e sa siamang e e ba dikologileng le e e amang bana ba bone? Tseno ke dingwe tsa dipotso tse di tlileng go arabiwa mo ditlhogong tse di latelang.
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 4]
Botshelo ke Bokae?
▪ “Basha ba digongwana dingwe [kwa Mumbai, India] ba tlhoka madi mo go maswe, ba ka dira tumalano ya go bolaya motho gore ba amogele madinyana a a kana ka di-rupee di le 5 000 [diranta di le 730].”—Far Eastern Economic Review.
▪ “O Bolaile Motho yo o Neng a Iphetela ka Tsela yo o Neng a Gana go mo Naya Sekerete.”—Setlhogo sa dikgang mo go La Tercera, kwa Santiago, Chile.
▪ “Go ja mo e ka nnang didolara di le 7 000 [diranta di le 44 000] go dira tumalano ya go bolaya motho kwa Russia [ka 1995] . . . Go dira ditumalano tsa go bolaya motho go oketsegile thata kwa Russia e e kileng ya bo e laolwa ke bokomonisi eo ikonomi ya yone e golang ka bofefo.”—Reuters, go ya ka pego ya Moscow News.
▪ “Mogwebi mongwe wa matlo wa kwa Brooklyn o ne a tshwarwa . . . le go latofadiwa ka go duela mosha mongwe bontlhanngwe jwa didolara tse 1 500 [diranta di le 9 500] gore a mmolaele mosadi wa gagwe yo o neng a imile le mmaagwe mosadi yono.”—The New York Times.
▪ ‘Tlhwatlhwa ya go bolaya motho kwa Engelane e ntse e fokotsega . . . Ditlhwatlhwa tsa go bolaya motho . . . di fokotsegile go tswa go [diranta di le 300 000] dingwaga di le tlhano tse di fetileng go ya go madi a motho a ka kgonang go a duela a [diranta di le 50 000 go ya go di le 100 000].”—The Guardian.
▪ ‘Bamafia ga se sepe fa ba bapisiwa le digongwana tse di bogale tsa kwa Balkan. Seno ke setlhopha sa bokebekwa jwa mofuta o sele, se se nang le melao e mesha le dibolao tse disha. Se na le dibomo le ditlhobolo tsa motšhinikane e bile ga se okaoke go di dirisa.’—The Guardian Weekly.