Dikotsi Tsa go Kopa Dilifite
Dikotsi Tsa go Kopa Dilifite
KA MMEGADIKGANG WA TSOGANG! KWA AUSTRALIA
Mo letsatsing le le fisang la selemo la 1990, Paul Onions wa dingwaga tse 24 wa kwa Boritane yo o neng a jere kgetsana mo magetleng o ne a kopa dilifite mo Tselakgolong ya Hume, kwa borwa jwa Sydney, kwa Australia. Paul o ne a itumela thata fa mongwe yo o neng a sa mo itse a ema gore a pagame. O ne a sa itse gore go pagama gono go ne go tla mo tlisa gaufi le loso. *
KWANTLE ga go lemoga kotsi, Paul o ne a nna kwa setulong se se kwa pele sa koloi eno mme a tlotla le mokgweetsi. Mo metsotsong e le mmalwa fela mokgweetsi yo o neng a bonala a le botsalano o ne a nna bogale le go nna manganga. Mme ka tshoganetso mokgweetsi yono o ne a tswa mo tseleng, a bolela gore o batla go ntsha ditheipi tsa mmino mo tlase ga setulo. Ga a ka a ntsha ditheipi, mme o ne a ntsha tlhobolo—e a neng a supa Paul mo sehubeng ka yone.
Paul o ne a tlhokomologa taelo ya mokgweetsi ya gore a se ka a suta mo setulong, mme a ntsha lebanta la pabalesego ka bonako, a itatlhela kwa ntle ga koloi mme a taboga ka lobelo lwa gagwe lotlhe mo tselakgolong. Mokgweetsi o ne a mo lelekisa ka dinao, bakgweetsi ba bangwe ba dikoloi ba mmona sentle. Kgabagare o ne a mo tshwara, a mo phamola ka sekipa mme a mo latlhela fa fatshe. Paul a kgona go ikgophola mo go ene, a tabogela fa pele ga bene e e neng e tla e lebagane le ene, a pateletsa mokgweetsi yo o neng a tshogile, mmè le bana ba gagwe, gore a eme. Fa Paul a rapela mmè yono, o ne a mo pega, a akga koloi a e tsenya mo tseleng mme ya tsamaya ka lobelo. Motho yono yo o neng a tlhasetse Paul o ne a lemogiwa moragonyana gore ke motho yo o bolayang batho ka bontsi yo o neng a bolaya batho ba le supa ba ba kopang dilifite, ba bangwe ba bone ba neng ba tsamaya ka ditlhotshwana.
Ke eng se se dirileng gore mmolai yono a kgatlhegele go tlhasela batho bano? Fa mmolai a le kwa tshekong, moatlhodi o ne a lemoga seno: “Botlhe ba ba neng ba bolailwe ba ne ba le basha. Ba ne ba na le dingwaga tsa gareng ga di le 19 le di le 22. Mongwe le mongwe wa bone o ne a tsamaela kgakala
le legae, e leng se se bontshang gore fa ba ne ba ka diragalelwa ke sengwe, go ne go ka feta nako e e rileng pele go lemogwa gore go na le bothata.”Kgololesego ya go Kgarakgatshega
Gompieno go setse go le motlhofo mo bathong ba le bantsi go etela kwa dinageng tse di kwa kgakala go feta mo dingwageng di le mmalwa tse di fetileng. Ka sekai, mo lobakeng lwa dingwaga di le tlhano, palo ya batho ba kwa Australia ba ba etelang kwa Asia e imenne gabedi. Basha ba le bantsi le makawana le makgarebe ba pagama difofane tse di yang kwa kgakalakgakala, e le go ya go senka boitemogelo kana go lekeletsa sengwe. Ba le bantsi ba bajanala bano ba rulaganya go kopa dilifite e le gore ba ka nna le ditshenyegelo tse di kwa tlase. Ka maswabi, kwa dikarolong di le dintsi tsa lefatshe, go kopa dilifite ga e sa tlhole e le tsela e e kgatlhang le e e bolokesegileng ya go eta jaaka pele—e ka tswa e le mo bathong ba ba kopang dilifite kana ba ba fang batho dilifite.
Go nna le boikutlo jo bo siameng le go tlhoafalela go eta ga go a tshwanela go tseela go ritibala maikutlo le go akanyetsa dilo ka botlhale sebaka. Bukana nngwe e e kwaletsweng malapa a a senkang bana ba bone ba ba nyeletseng e akgela jaana: “Go tlhoafalela go eta gantsi go dira gore basha ba tloge ba sa ipaakanyetsa loeto sentle e bile ba sa tlhaloganye sentle dikotsi kana maikarabelo a bone.”
Bukana eno e oketsa jaana: “Batho ba ba etang le setlhopha se se rulagantsweng sa bojanala, ba ba etang ka tsa kgwebo kana ba ba latelang dithulaganyo tsa maeto ga se gantsi ba nyelelang. E ka tswa e le kwa Australia kana kwa nageng epe e nngwe, batho ba gantsi ba bolelwang ba nyeletse, go bonala e le ba ba latlhelang dikgetsana tsa bone mo magetleng ba bo ba tsamaya ka ditsela tse di tlhwatlhwa tlase.”
E ka tswa motho a kopa dilifite kana nnyaa, go tsamaya o se na thulaganyo ya loeto—le fa gone go ka lebega go kgatlha mo bathong ba ba sa batleng go ikutlwa ba tlamilwe ke thulaganyo—go dira gore motho a tlhaselwe motlhofo. Fa ba losika le ditsala ba se na le fa e le lesedinyana la gore motho yo o tsamaileng o fa kae, ba ka se kgone go thusa fa go ka tlhaga kotsi. Ka sekai, go ka tweng fa motho yo o tsamaileng a ka felela a le kwa bookelong a idibetse mme kwa gae go se na ope yo o itseng gore o ne a le kae?
Go Ikgolaganya le ba Bangwe
Mo bukeng ya gagwe ya Highway to Nowhere, mokwaladikgang wa kwa Boritane e bong Richard Shears o ne a kwala ka batho ba le supa ba ba neng ba kopa dilifite ba ba neng ba nyelela ba ba neng ba “kgaotsa ka tshoganetso go buisana le ba malapa a bone le ditsala.” Gone mme, kwa tshimologong malapa a ka nna a se ke a tlhomamisega gore a ba losika ba nyeletse kana ke fela gore ga ba ikgolaganye le bone. Seno se ka dira gore ba etsaetsege go itsise balaodi fa ba sa utlwe sepe go tswa kwa bathong bano ba ba tsamaileng.
Mongwe wa batho bano ba ba kopang dilifite, ka makgetlho a le mantsi o ne a tshwanelwa ke go kgaosetsa motlotlo wa gagwe mo founong le batsadi ba gagwe ka gonne a ne a feletswe ke madi a go founa. Batsadi ba gagwe ba rotloetsa malapa gore a neye bana ba bone dikarata tsa founo kana tsela nngwe ya gore ba kgone go founela kwa gae, ka go bo ba akanya ka se se ba diragaletseng. Le fa gone seno e ka tswa e se sone se se ka bong se bolokile botshelo jwa lekgarebe leno, gantsi go buisana gangwe le gape go ka thusa motho yo o tsamaileng yono gore a tile kana ka tsela nngwe a itshokele mathatanyana a a ka tlhagang.
Batho ba ba supa bano ba ba neng ba tsamaya ba kopa dilifite ba ba latlhegetsweng ke matshelo a bone ba ka tswa ba ne ba kile ba bala dibuka tsa bojanala tse di bolelang gore Australia ke nngwe ya dinaga tse di bolokesegileng go gaisa tsotlhe mo lefatsheng gore motho a ka tsamaya a kopa dilifite. Le fa go ntse jalo, le mo lekgetlhong leno go kopa dilifite go ile ga itshupa e le go lekeletsa dilo ga boeleele—le fa lo tsamaya ka ditlhotshwana le fa lo le mo dinageng tse di “bolokesegileng go gaisa tsotlhe.”
[Ntlha e e kwa tlase]
^ ser. 3 Go tshwanetse go elwa tlhoko gore kwa dinageng tse dingwe go kopa dilifite ga go kafa molaong.
[Setshwantsho mo go tsebe 25]
Batsadi ba ka tila go tshwenyega go sa tlhokege ka go naya bana ba bone dikarata tsa founo kana tsela nngwe ya go dira gore ba founele kwa gae