Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipuo Tse di Tlhotlheletsang di ka Bolaya

Dipuo Tse di Tlhotlheletsang di ka Bolaya

Dipuo Tse di Tlhotlheletsang di ka Bolaya

“Maaka a kgona go anama ka bonako thata mo lefatsheng lotlhe go gaisa boammaaruri.”—Mafoko a go tweng a builwe ke MARK TWAIN.

“MOJUDA ke wena yo o bosula!” go ne ga bua jalo morutabana mongwe ka bogale, fa a ne a faphola morutwana wa gagwe wa dingwaga tse supa. Morago ga moo o ne a laela bana ba bangwe mo tlelaseng gore ba tlhomagane ba tle go mo kgwela mathe mo sefatlhegong.

Morutabana mmogo le morutwana yono—yo e leng ngwana wa ga ntsalae morutabana yono—ba ne ba itse sentle gore mosimane yono le batsadi ba gagwe e ne e se Bajuda. E bile e ne e se ba bodumedi jwa Sejuda. Go na le moo, e ne e le Basupi ba ga Jehofa. E re ka morutabana yono a ne a itse gore Bajuda ba tlhoilwe thata, o ne a dirisa lebaka leno go tlhotlheletsa barutwana ba bangwe go tlhoa morutwana yono wa gagwe. Morutabana yono le barutwana ba gagwe ba ne ba sa bolo go bolelelwa ke moruti wa bone ka dingwagangwaga gore Basupi ba ga Jehofa ba ne ba sa siama. Batsadi ba mosimane yono ba ne ba ntse ba bidiwa Bakomonisi le badiredi ba CIA (Central Intelligence Agency). Ka jalo, baithutimmogo le mosimane yono ba ne ba tlhomagana jalo, ba gakaletse go kgwela “Mojuda yo o bosula” yono mathe mo sefatlhegong.

Mosimane yoo o ne a falola mme a kgona go bolela se se mo diragaletseng. Mme ga go a ka ga nna jalo ka Bajuda ba ba dimilione di le thataro ba ba neng ba nna kwa Jeremane le kwa dinageng tse di mabapi dingwaga di ka nna 60 tse di fetileng. Dipuo tse di tlhotlheletsang tsa bopeloetlhoi di ile tsa dirisiwa thata go nyeletsa matshelo a Bajuda bano mo diphaposing tsa gase le kwa dikampeng tsa pogisetso tsa Banasi. Boikutlo jo bo anameng, jo bo nweletseng, jo bo sa tlhotlhomisiwang le jo bo kotsi thata jwa go ila Bajuda bo ile jwa dira gore batho ba le bantsi ba lebe Bajuda e le baba ba go neng go tlhokega gore ba nyelediwe e bile go siame go dira jalo. Ka jalo, dipuo tse di tlhotlheletsang di ne tsa nna sebetsa se se dirisiwang go gaila batho ka bontsi.

Ee, dipuo tse di tlhotlheletsang di ka nna tsa supiwa mo pepeneneng ka go dirisa matshwao a letlhoo a a jaaka a swastika kana ka tsela e e bofitlha ka go bua puo e e sa siamang ya motlae. Mekgwa ya tsone e e tlhotlheletsang e dirisiwa gantsi ke babusaesi, boradipolotiki, baruti, babapatsi, bagwebi, babegadikgang, bagasi ba radio le ba thelebishene, baphasalatsi le batho ba bangwe ba ba kgatlhegelang go tlhotlheletsa megopolo le boitshwaro jwa batho.

Ke boammaaruri gore melaetsa ya batho ba ba anamisang dipuo tse di tlhotlheletsang e ka nna ya dirisiwa go fitlhelela dilo tse di siameng mo loagong, jaaka letsholo la go fokotsa mokgwa wa gore batho ba kgweetse ba nole. Le fa go ntse jalo, gape dipuo tse di tlhotlheletsang di ka dirisiwa go rotloetsa batho go ila ditlhotshwana tse dinnye tsa lotso longwe kana tsa bodumedi bongwe kana go gogela batho gore ba reke disekerete. Babatlisisi bangwe e bong Anthony Pratkanis le Elliot Aronson ba bolela jaana: “Letsatsi lengwe le lengwe re tobelwa dipuo di le dintsi tse di tlhotlheletsang. Dipuo tseno ga di ntshe mabaka le gone ga di dirise kganetsano gore di re tlhotlheletse, mme di re tlhotlheletsa ka go laola dilo tse re di ratang le ka go tshameka ka maikutlo a rona a botho a a boteng. Motlha wa rona ke motlha wa dipuo tse di tlhotlheletsang, tse di tlhotlheletsang go dira molemo le tse di tlhotlheletsang go dira bosula.”

Dipuo tse di tlhotlheletsang di ile tsa dirisiwa jang go ama tsela e batho ba akanyang ka yone le e ba itshwarang ka yone go ralala makgolokgolo a dingwaga? O ka dirang go itshireletsa mo dipuong tse di kotsi tse di tlhotlheletsang? A go na le motswedi wa tshedimosetso e e ka ikanngwang? Go tla tlotliwa ka dipotso tseno le tse dingwe mo setlhogong se se latelang.

[Setshwantsho mo go tsebe 11]

Dipuo tse di tlhotlheletsang di ne tsa dirisiwa go tlhasela Bajuda ka nako ya Polao ya Kgailo