Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Ke Rata Tsela e e Tlhalosang Dilo ka Yone”

“Ke Rata Tsela e e Tlhalosang Dilo ka Yone”

“Ke Rata Tsela e e Tlhalosang Dilo ka Yone”

Ke kafa monna mongwe yo mosha yo o leng motlatsamotsamaisi wa kgwebo nngwe go tswa kwa Yucatán, kwa Mexico, a boletseng ka teng ka tsela e makasine wa Tsogang! o tlhalosang ditlhogo tsa one ka teng. Mo lekwalong o ne a tlhalosa gore o ne a newa Tsogang! ke modirimmogo le ene yo e leng Mosupi kwa femeng ya kgwebo ya inshorense kwa boobabedi ba berekang teng.

O ne a bolela jaana ka Tsogang!: “Ke motswedi wa mmatota wa tshedimosetso le boammaaruri. Ke rata tsela e e tlhalosang dilo ka yone, ka go bo ga e a sekamela mo dipolotiking e bile ga e tlotlomatse batho bangwe go feta ba bangwe. Ke bone ditharabololo tsa mathata ka go bala makasine ono. Eno ke kgatiso e ntle, e e buang dilo ka tsela e e lekalekaneng sentle, e e mo nakong, e e rutang. Ke batla go lo bolelela gore lo dira tiro e ntle fela thata!”

Dingwaga di le mmalwa tse di fetileng Tsogang! e ne ya sekaseka kgwetlho ya go lebana le loso lwa mongwe yo o mo ratang. Moragonyana tshedimosetso eo e ne ya rulaganngwa sesha mme ya kwalwa mo boroutšhareng jwa Fa Mongwe Yo o Mo Ratang a Tlhokafala. Gongwe wena kana mongwe yo o mo itseng lo ka gomodiwa ke go bala boroutšhara jono jwa ditsebe di le 32. O ka nna wa kopa khopi ka go tlatsa setlankana se se fano le go se romela kwa atereseng e e bontshitsweng mo setlankaneng kana kwa atereseng e e tshwanetseng mo go tse di bontshitsweng mo tsebeng ya 5 ya makasine ono.

□ Nthomeleleng khopi ya boroutšhara jwa Fa Mongwe Yo o Mo Ratang a Tlhokafala. Bontsha puo e o e batlang

□ Tsweetswee ikgolaganyeng le nna malebana le thuto ya mahala ya legae ya Baebele.