Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O se Tsewe Maikutlo ke Dipuo Tse di Tlhotlheletsang!

O se Tsewe Maikutlo ke Dipuo Tse di Tlhotlheletsang!

O se Tsewe Maikutlo ke Dipuo Tse di Tlhotlheletsang!

“Seeleele se dumela sengwe le sengwe.”—DIANE 14:15, TODAY’S ENGLISH VERSION.

GO NA le pharologanyo—pharologanyo e kgolo—magareng ga thuto le dipuo tse di tlhotlheletsang. Thuto e go bontsha tsela ya go akanya. Dipuo tse di tlhotlheletsang tsone di go bolelela gore o akanye eng. Barutisi ba ba molemo ba ntsha dintlha tsotlhe ba bo ba kgothaletsa batho gore ba tlotle ka tsone. Batho ba ba anamisang dipuo tse di tlhotlheletsang ba go pateletsa go utlwa dikgopolo tsa bone go sa kgathalesege gore wena o ikutlwa jang e bile ga ba go kgothaletse gore o tlotle ka tsone. Gantsi maikaelelo a bone a bofitlha. Ba tlhaola dintlha ba bo ba dirisa tse di mosola mme ba bo ba fitlha tse dingwe. Gape ba sokamisa mabaka, mme ke bomankge ba go bua maaka le boammaaruri jo bo sa felelang. Ba batla go tlhasela maikutlo a gago e seng bokgoni jwa gago jwa go akanya sentle.

Motho yo o anamisang dipuo tse di tlhotlheletsang o tlhomamisa gore molaetsa wa gagwe o lebega o siame e bile o le maitseo le gore o dira gore motho a ikutlwe a le botlhokwa e bile a amogelwa fa a o latela. Ba batla gore o dumele gore o mongwe wa batho ba ba botlhale, ga o nosi, o gololesegile e bile o babalesegile.

O ka itshireletsa jang mo bathong ba Baebele e ba bitsang “babui ba ba se nang poelo,” le “batsietsi ba mogopolo”? (Tito 1:10) Fa o setse o tlwaelane le mangwe a maano a bone a a boferefere, o ka kgona go sekaseka sentle molaetsa kana tshedimosetso epe fela e ba e buang. Dingwe tsa ditsela tse o ka dirang seno ka tsone ke tseno.

Tlhopha ka kelotlhoko: Tlhaloganyo e e amogelang sengwe le sengwe e ka tshwantshiwa le pompo e e letlelelang sengwe le sengwe se elela mo go yone—le e leng leswe tota. Ga go na motho ope yo o batlang tlhaloganyo ya gagwe e tsenwa ke botlhole. Solomone, kgosi le morutisi wa bogologolo, o ne a tlhagisa jaana: “Motho yo o sa tlhalefang o dumela lefoko lengwe le lengwe, mme senokopela se tle se itebe tsamao ya sone sentle.” (Diane 14:15) Ka jalo, re tlhoka go tlhopha dilo ka kelotlhoko. Re tshwanetse go sekaseka sengwe le sengwe se re se bolelelwang, mme re swetse gore re tla amogela eng le gore re tla gana eng.

Le fa go ntse jalo, ga re batle go nna tlhogoethata mo e leng gore re gana go sekaseka mabaka a a ka tokafatsang tsela ya rona ya go akanya. Re ka kgona jang go lekalekanya dilo sentle? Ka go nna le tsela ya go sekaseka tshedimosetso e ntšha. Fano Mokeresete o na le motswedi wa botlhale jo bogolo. O na le Baebele e e tla kaelang ka tlhomamo tsela ya gagwe ya go akanya. Ka fa letlhakoreng le lengwe, mogopolo wa gagwe o bulegile, se se rayang gore o bulegetse go amogela tshedimosetso e ntšha. O tlhatlhoba tshedimosetso eno sentle mme a e bapisa le melao ya Baebele a bo a dirisa se se boammaaruri mo tseleng ya gagwe ya go akanya. Ka fa letlhakoreng le lengwe, tlhaloganyo ya gagwe e bona kotsi ya tshedimosetso e e sa tsamaisaneng gotlhelele le dilo tse a di dumelang tse di theilweng mo Baebeleng.

Dirisa temogo: Temogo ke “go leba dilo ka tsela e e botlhale.” Ke “maatla kana tsela e tlhaloganyo e kgonang go farologanya dilo ka yone.” Motho yo o dirisang temogo o kgona go lemoga dilo tse di bofitlha tsa dikgopolo kana tsa dilo tse dingwe e bile o kelotlhoko.

Fa re dirisa temogo, re tla kgona go lemoga batho ba ba dirisang “puo e e borethe le polelo ya go boka” gore fela ba kgone go “faposa dipelo tsa ba ba sa lemogeng.” (Baroma 16:18) Temogo e go kgontsha go latlha tshedimosetso e e sa thuseng sepe kana dintlha tse di timetsang e bile e go kgontsha go lemoga kgang ya konokono e go buiwang ka yone. Le fa go ntse jalo o ka kgona go lemoga jang gore sengwe se a faposa?

Tlhatlhoba tshedimosetso: Morutisi mongwe wa Mokeresete wa lekgolo la ntlha la dingwaga e bong Johane o ne a bolela jaana: “Baratwa, lo se ka lwa dumela dipolelwana dingwe le dingwe tse di tlhotlheleditsweng, mme tlhatlhobang dipolelwana tse di tlhotlheleditsweng.” (1 Johane 4:1) Gompieno batho bangwe ba tshwana le dipontšhe; ba monya sengwe le sengwe se ba kopanang le sone. Go motlhofo thata go amogela sengwe le sengwe se se re dikologileng.

Le fa go ntse jalo, go botoka thata gore mongwe le mongwe a tlhophe se a batlang go se tsenya mo mogopolong wa gagwe. Go na le polelwana nngwe e e reng re fetoga se re se jang, mme e ka dira le mo kgannyeng ya dijo tsa mmele le tsa mogopolo. Sengwe le sengwe se o ka tswang o se bala kana o se lebile kana o se reeditse, se tlhatlhobe go bona gore a ga se anamise dipuo tse di tlhotlheletsang kana gone gore a se boammaaruri.

Mo godimo ga moo, fa re batla go dira dilo ka tekatekano, re tshwanetse go ikemisetsa go tlhatlhoba dikgopolo tsa rona ka metlha fa re ntse re amogela tshedimosetso e ntšha. E bile re tshwanetse go gakologelwa gore kana ke dikgopolo fela. Go ikanyega ga tsone go ikaegile ka gore dintlha tsa rona di nonofile go le kana kang, re baya mabaka a rona jang, le gore re tlhopha go dirisa melao kana melaometheo efe go di sekaseka.

Botsa dipotso: Jaaka re setse re bone, go na le batho ba le bantsi ba ba tla ratang go re “fora ka dikgang tse di tlhotlheletsang.” (Bakolosa 2:4) Ka jalo, fa re bolelelwa dikgang tse di tlhotlheletsang, re tshwanetse go botsa dipotso.

Sa ntlha, sekaseka go bona gore a ga di gobelele. Boikaelelo jwa molaetsa ono ke bofe? Fa e le gore molaetsa o tletse ka mafoko a a tayang ba bangwe maina le a a ka rayang dilo di le dintsi, ipotse gore ke ka ntlha yang fa go ntse jalo? Kwantle ga gore o na le mafoko a a ka rayang dilo di le dintsi, ipotse gore molaetsa ono o batla go fitlhelela eng ka boone? Gape, fa go kgonega, leka go batlisisa gore batho ba ba buang dipolelo tseno ba itsege ka eng. A ba itsege ka go bua boammaaruri? Fa e le gore go buiwa ka “balaodibagolo,” ke bomang kana ke eng? Ke ka ntlha yang fa o tshwanetse go akanya gore motho yono—kana mokgatlho mongwe kana kgatiso nngwe—o na le kitso ya maemo a a kwa godimo kana tshedimosetso e e ikanyegang mo kgannyeng e go buiwang ka yone? Fa o utlwa e kete ba leka go gakatsa maikutlo a batho ka tsela nngwe, ipotse gore, ‘Fa ke leba molaetsa ono sentle, o na le eng se se botlhokwa?’

O se ka wa ya le bontsi: Fa o lemoga gore ga se gore selo se mongwe le mongwe a se akanyang se boammaaruri, o ka kgona go akanya ka tsela e nngwe e e farologaneng. Le fa go ka tswa go lebega e kete batho ba bangwe botlhe ba akanya ka tsela e e tshwanang, a seno se raya gore le wena o tshwanetse go akanya jaaka bone? Ga go reye gore fa batho ba bantsi ba amogela kgopolo e e rileng seno se e dira gore e nne boammaaruri. Mefuta e mentsi ya dikgopolo e ile ya amogelwa ke batho ba le bantsi ka makgolokgolo a dingwaga, mme moragonyana ya bo e kaiwa e se boammaaruri. Le fa go ntse jalo, batho ba rata thata go latela se bontsi jwa batho bo se dumelang. Taolo e re e newang mo go Ekesodo 23:2 ke molaomotheo o o molemo: “O se ka wa sala bontsi morago mo go direng bosula.”

Kitso ya Boammaaruri fa e Bapisiwa le Dipuo Tse di Tlhotlheletsang

Go ile ga umakiwa pelenyana gore Baebele e kaela motho ka tlhomamo gore a akanye sentle. Basupi ba ga Jehofa ba dumalana le mafoko a ga Jesu ba sa okaoke, fa a ne a bua jaana le Modimo: “Lefoko la gago ke boammaaruri.” (Johane 17:17) Seno se boammaaruri ka gonne Modimo, yo e leng Mokwadi wa Baebele, ke “Modimo wa boammaaruri.”—Pesalema 31:5.

Ebu, mo motlheng ono wa dipuo tse di raraaneng tse di tlhotlheletsang, re ka tshepa Lefoko la ga Jehofa re sa belaele gore ke motswedi wa boammaaruri. Kgabagare seno se tla re sireletsa mo bathong ba ba batlang go ‘re ja ntsoma ka mafoko a tsietso.’—2 Petere 2:3.

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Temogo e go kgontsha go latlha tshedimosetso e e sa thuseng sepe kana e e timetsang

[Ditshwantsho mo go tsebe 18]

Tlhatlhoba sengwe le sengwe se o se balang kana o se lebileng go bona gore a se boammaaruri

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

Kgopolo e e amogelwang ke batho ba le bantsi ga se ka metlha e leng boammaaruri

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

Re ka tshepa Lefoko la Modimo re sa belaele gore ke motswedi wa boammaaruri