Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Khutsafalo e Tshwanetse go Bontshiwa?

A Khutsafalo e Tshwanetse go Bontshiwa?

A Khutsafalo e Tshwanetse go Bontshiwa?

NGAKA Elisabeth Kübler-Ross o bolela jaana mo bukeng ya gagwe ya On Children and Death: “Bagolo ba le bantsi ba na le mathata a a bakwang ke go bo ba se kile ba rarabolola mahutsana a a ba diragaletseng fa ba sa ntse ba le bana. Ka jalo bana ba tshwanetse go letlelelwa go lela kwantle ga go tewa maina a gore ba leletse ruri kana ba matepe, kana go nna ba bolelelwa polelwana eno e e se nang tlhaloganyo e e reng ‘Monna ke nku ga a lele.’”

Seno se farologane thata le kgopolo e batho bangwe kwa dinageng dingwe ba nang le yone ya gore motho ga a tshwanela go itetlelela go bontsha ka gope gore o ikutlwa jang.

Se se Bonweng ke Motsamaisi Mongwe wa Phitlho

Pharologanyo eno e bonwa mo go se se neng sa bolelwa ke Robert Gallagher, yo e leng motsamaisi wa diphitlho kwa New York yo o neng a botsolotswa ke Tsogang! O ne a bodiwa gore a go na le pharologanyo epe e a e boneng magareng ga tsela e batho ba ba tsholetsweng kwa Amerika ba bontshang khutsafalo ya bone ka yone le e batho ba ba fudugetseng kwa United States ba ba tswang kwa dinageng tsa Latin America ba bontshang khutsafalo ya bone ka yone.

“Ruri ke a e bona. Fa ke ne ke simolola tiro eno morago kwa ka bo1950, go ne go na le malapa a le mantsi a a tswang kwa Italy mo lefelong la rona. Ba ne ba amega maikutlo thata. Gone jaanong re dirisana le bana ba bone le bana ba bana ba bone kwa diphitlhong, mme bontsi jwa bone ga bo tlhole bo amega maikutlo thata. Ga ba bontshe thata gore ba ikutlwa jang.”

Bahebera ba metlha ya Baebele ba ne ba bontsha khutsafalo le maikutlo a bone. Ela tlhoko gore Baebele e tlhalosa jang tsela e Jakobe a neng a ikutlwa ka yone fa a ne a bewa bobi mo matlhong go twe morwawe e bong Josefa o komeditswe ke sebatana sa naga: “Jakobe a gagola diaparo tsa gagwe a baya moitlamo wa letsela la kgetsi mo lothekeng, a lelela morwawe ka nako e telele. Bomorwawe botlhe le bomorwadie botlhe ba tla go mo gomotsa, mme a gana go gomodiwa. A re ‘Nnyaa, ke tla fologela kwa Sheole, kwa go morwaake, ke ntse ke hutsafetse.’ Mme rraagwe a mo lelela.” (Genesise 37:34, 35, The Jerusalem Bible; mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Ee, Jakobe o ne a sa tlhajwe ke ditlhong go lelela morwawe yo o neng a sa tlhole a le teng.

Ditso Tse di Sa Tshwaneng di Itshwara ka Ditsela Tse di sa Tshwaneng

Gone ke boammaaruri gore ditso ga di tshwane. Ka sekai, le mororo kwa dikarolong di le dintsi tsa Nigeria malapa a rata go nna le bana ba le bantsi mme batho ba swa thata koo ka ntlha ya malwetse a a farologaneng, “batho ba lela selelo sa mahutsana fa ngwana a tlhokafala, segolobogolo fa e le leitibolo mme go feta moo e le la mosimane,” go ne ga bolela jalo mokwadi mongwe yo o nang le dingwaga tse 20 a le mo Afrika. “Pharologanyo ke gore batho ba kwa Nigeria ba hutsafala ka nako e khutshwane mme khutsafalo ya bone e mahehe. Go hutsafala ga bone ga go nke go tsaya dikgwedikgwedi kana dingwagangwaga.”

Kwa dinageng tsa Mediterranean kana Latin America, batho ba godisitswe mo tikologong e mo go yone go tsewang go siame fela gore batho ba bontshe maikutlo a bone. Koo, batho ba bontsha go itumela le go hutsafala ga bone phatlalatsa. Ga ba dumedisane ka go tshwarana matsogo fela; gape ba tlamparelana ka lorato. Gantsi go hutsafala le gone ba go bontsha ka go lela le go bokolela.

Mokwadi Katherine Fair Donnelly o bolela gore rre yo o tlhokafaletsweng “ga a itshokele fela botlhoko jo bogolo jwa tlhaloganyo jwa go latlhegelwa ga gagwe ke ngwana mme gape o itshokela le poifo ya gore batho ga ba kitla ba mo leba e le monna wa mmatota fa a bontsha kutlobotlhoko ya gagwe phatlalatsa.” Le fa go ntse jalo, o bolela gore, “go swelwa ke ngwana go feta melao e e tlhomilweng ya gore motho a ikutlwe jang kana a se ka a ikutlwa jang. Go imolola pelo ka go lela selelo sa masisa pelo go tshwana le go phunya ntho gore go ntshiwe boladu mo go yone.”

Ka jalo, mo dinageng tse dingwe go tlwaelegile thata go feta mo go tse dingwe gore batho ba bontshe gore ba hutsafetse. Mme ga go a tshwanela gore go akanngwe gore go hutsafala le go lela ke letshwao la gore motho o bokoa. Tota le Jesu Keresete o ne “a tsholola dikeledi” ka ntlha ya loso lwa tsala ya gagwe e bong Lasaro, le mororo Jesu a ne a itse gore o tla tloga a mo tsosa.—Johane 11:35.

[Mafoko a a mo go tsebe 14]

Jakobe o ne a sa tlhajwe ke ditlhong go lelela morwawe yo o neng a sa tlhole a le teng