Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A go Tla ke go Nne le Kgololesego e Kgolwane ya Segakolodi Kwa Mexico?

A go Tla ke go Nne le Kgololesego e Kgolwane ya Segakolodi Kwa Mexico?

A go Tla ke go Nne le Kgololesego e Kgolwane ya Segakolodi Kwa Mexico?

KA MMEGADIKGANG WA TSOGANG! KWA MEXICO

KGOLOLESEGO ya bodumedi kwa Mexico e tlhomamisitswe ka molao. Le fa go ntse jalo, molao o sa ntse o na le dithibelo dingwe malebana le go obamela ka kgololesego. Ka sekai, kgopolo ya go gana go tsenela bosole ka ntlha ya segakolodi e batla e sa itsiwe mo nageng eno. Ke gone ka moo Setheo sa Dipatlisiso Tsa Semolao sa National Autonomous University of Mexico (UNAM), se neng sa swetsa go tshwara simphosiamo sa boditšhabatšhaba se se neng se na le setlhogo se se reng “Go Gana ka Ntlha ya Segakolodi mo Mexico le mo Lefatsheng.” Setheo sa Dipatlisiso Tsa Semolao sa UNAM se ikarabelela mo pusong, mme boikaelelo jwa sone ke go tlhotlhomisa ka melao e e tlhomilweng le kafa e diragadiwang ka teng. Basupi ba ga Jehofa kwa Mexico ba ne ba kopiwa go romela moemedi go tla go neela puo ya setlhogo se se reng “Basupi ba ga Jehofa le go Gana ka Ntlha ya Segakolodi.”

Boporofesa ba a Bua

Dr. Javier Martínez Torrón, porofesa wa Granada University of Law kwa Spain, mo puisanong ya gagwe ya “Go Gana ka Ntlha ya Segakolodi mo Molaong wa Lefatshe Lotlhe,” o ne a bontsha gore kgololesego ya segakolodi le tshwanelo ya go gana go latela melao mengwe kana ditlamo dingwe ka ntlha ya segakolodi ke selo se se amogetsweng mo lefatsheng lotlhe. O ne a umaka seemo sa Basupi ba ga Jehofa kwa Spain le kgetsi ya ga Kokkinakis kwa Greece. *

Dr. José Luis Soberanes Fernández, porofesa kwa Setheong sa Dipatlisiso Tsa Semolao sa UNAM, o ne a bua ka setlhogo se se reng “Maitemogelo a Batho ba Mexico mo Kgannyeng Eno.” O ne a bolela jaana: “Re tshwanetse ra tlhalosa sentle gore Molao wa mo Mexico wa Mekgatlho ya Bodumedi le Kobamelo ya Setšhaba tota ga o letlelele motho gore a gane ka ntlha ya segakolodi,” a raya Molawana wa Ntlha, o o bolelang jaana: “Ga go na kafa ditumelo tsa bodumedi di letlelelang ope ka teng go se ikobele melao ya naga eno. Ga go na ope yo o tla ntshang mabaka a bodumedi gore a tile maikarabelo le ditiro tse di tlhomilweng ke melao.” Fa a konela, Dr. Soberanes o ne a bolela jaana: “Re dumela gore go potlakile gore re tlhome molao o o malebana le go gana ka ntlha ya segakolodi mo Mexico.”

O ne a bolela gore ngwaga le ngwaga bana ba le makgolokgolo ba Basupi kwa Mexico ba lebana le mathata a a amanang le thuto ya bone ka ntlha ya go gana ga bone go dumedisa folaga ka mabaka a a tswang mo Baebeleng. Bana bangwe ba Basupi ga ba letlelelwe le e leng go ikwadisa mo sekolong. Le fa go ntse jalo, ka go dira boikuelo go Khomishene ya Ditshwanelo Tsa Botho, ba le bantsi ba bone ba ne ba busediwa tshwanelo ya bone ya thuto. Badiredibagolo bangwe ba thuto ba tsere dikgato tsa go thibela gore bana ba se ke ba kobiwa mo sekolong, mme barutabana bangwe bone ba itlhokomolosa seo. Puso e ntse e letleletse boemo jwa Basupi, mme go ntse go se na tsela e e beilweng e dikolo tsa kwa Mexico di ka e latelang.

Gape mo simphosiamong seno go ne ga buisanwa ka go gana ga madumedi a mangwe ka ntlha ya segakolodi, jaaka go patelelwa go dira ka malatsi a a tsewang e le a a boitshepo, go dirwa gore fa ba le kwa tirong ba apare ka tsela e e kgatlhanong le ditumelo tsa bodumedi jwa bone, le tse dingwe. Gape go ne ga tlotliwa le ka go gana ditirelo tsa bosole le dikalafi tse di rileng.

Basupi ba ga Jehofa le Kaesara

Mongwe wa badiri ba kwa ofising ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa kwa Mexico o ne a sobokanya ditumelo tsa bone tsa motheo. O ne a tlhalosa kafa ba ikobelang melaometheo ya Baebele ka teng e e jaaka o o boletsweng mo go Luke 20:25, o o bolelelang Bakeresete gore ‘ba lefe Kaesara dilo tsa ga Kaesara.’ Gape o ne a umaka le Baroma 13:1, e e bolelang gore Bakeresete ba tshwanetse go tlotla dipuso tsa mo dinageng tse ba nnang mo go tsone. O ne a gatelela gore Basupi ba ga Jehofa ke batho ba ba tshwanang le batho ba bangwe, baagi ba ba ikobelang molao ba ba lekang ka natla go duela makgetho, ba ba tshelang matshelo a a siameng, ba ba bolokang magae a bone a le phepa le ba ba romelang bana ba bone kwa sekolong.

Morago ga moo o ne a gatelela lebaka la motheo le le tswang mo Dikwalong la go bo Basupi ba gana go dumedisa folaga, le le ka bonwang mo Melaong e e Lesome, mo go Ekesodo 20:3-5: “O se ka wa nna le medimo epe e sele fa e se nna. O se ka wa itirela setshwantsho sepe se se setilweng, le fa e le setshwano sa sebopego sepe se se kwa legodimong kwa godimo, le fa e le sa se se mo lefatsheng kwa tlase, le fa e le sa se se mo metsing a a kwa tlase ga lefatshe. O se ka wa di ikobela le fa e le go di direla.”

Basupi ba ga Jehofa ba obamela Modimo fela, mme ga go ka ke ga direga gore ba obamele setshwantsho sengwe. Le fa go ntse jalo, ga ba kitla ba dira sepe se se tlontlololang setshwantsho sa naga le fa e le go bua sepe sa lonyatso ka sone.

E le go gatelela tsela e Basupi ba ga Jehofa ba lebang dilo ka yone mo kgannyeng eno, go ne ga bontshiwa bidio ya Purple Triangles. Bidio eno e bontsha boemo jo bo nitameng jo Basupi ba ga Jehofa ba neng ba bo tsaya kwa Jeremane ya Bonasi (1933-45). E bontsha kgang ya booraKusserow, lelapa le le neng la ema le nitame mo dilong tse ba di dumelang fa go ne go busa Banasi. *

Morago ga moo go ne ga ntshiwa mabaka a Dikwalo a go bo Basupi ba ga Jehofa ba gana go tshelwa madi. (Genesise 9:3, 4; Ditiro 15:28, 29) Go ne ga tlhalosiwa thulaganyo ya Dikomiti Tsa Puisano le Dikokelo tsa mo lefatsheng lotlhe. Mo godimo ga moo, go ne ga bontshiwa le dilo tse di fitlheletsweng ke dingaka tse di neng di na le tirisanommogo mo go direng karo e e sa diriseng madi mo Basuping ba ga Jehofa.

Letsatsi le letsatsi batho ba ba ka nnang 100 ba ne ba nna teng mo simphosiamong seno, bontsi jwa bone e le babueledi. Baemedi ba Ofisi ya Dikgang Tsa Bodumedi ya kwa Mexico le bone ba ne ba le teng. Botlhe ba ba neng ba le teng ba ne ba kgona go reetsa dikgopolo tsa bomankge malebana le go tlotla go gana ga batho ka ntlha ya segakolodi. Kgopolo eno e ntšha mo balaoding ba Mexico, le fa gone e dirisiwa thata kwa dinageng tse dintsi tsa temokerasi tse di jaaka Fora, Portugal, Spain le United States mmogo le kwa dinageng tse pele e neng e le tsa Bokomonise, tse di jaaka Czechia le Slovakia.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 5 Bona ditlhogo tsa “Kgotlatshekelokgolo ya Yuropa e Tshegetsa Tshwanelo ya go Rera Kwa Greece” le “Go Sireletsa Dikgang Tse di Molemo Semolao,” mo dimakasineng tsa Tora ya Tebelo tsa September 1, 1993 le December 1, 1998.

^ ser. 13 Bona Tora ya Tebelo ya September 1, 1985, “Go Rata Modimo ga Lelapa la Etsho Go sa Kgathalesege Kgolegelo le Loso.” Gape bona le makasine wa January 15, 1994, tsebe 5.

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Basupi ba ga Jehofa kwa Mexico ba rata kgololesego ya bone ya go rera fela thata