Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Godisa Bana ba ba Nang le Maitseo—Jang?

Go Godisa Bana ba ba Nang le Maitseo—Jang?

Go Godisa Bana ba ba Nang le Maitseo—Jang?

Pego ya lokwalodikgang lwa The Gazette, lwa kwa Montreal, Canada e bolela jaana: “Bana ba ithuta go itlotla le go ikgapa fa batsadi ba bone ba ba rata le go ba otlhaya.” Seno se akaretsa eng? Go ya ka moithutatlhaloganyo wa kwa Montreal e bong Constance Lalinec, go botlhokwa go tlhoma ditekanyetso tse di utlwalang sentle malebana le boitshwaro jwa ngwana.

Lalinec, yo o dirang ka bana le malapa, o lemogile gape gore “fa re thibela bana go utlwa ditlamorago tsa ditiro tsa bone, re ba thibela gape gore ba ithute dilo di le dintsi.” Go repisa molao go ka dira gore ngwana a se ke a gola sentle.

Kgakololo e e botlhale e e kaga go godisa bana e e sa bolong go dira mo nakong e e fetileng e e tswang mo Baebeleng e tshwanela boemo jono. E re: “A lefoko la lona la Ee le reye Ee, Nnyaa wa lona, Nnyaa.” (Mathaio 5:37) Fa o setse o tlhomile melao e e utlwalang mme bana ba gago ba e tlhaloganya, e dirise ka bonako le ka metlha. Tshegetsa mafoko a gago ka go tsaya kgato e e siameng. Seno se dira gore bana ba tlhaloganye sentle melao e batsadi ba e tlhomang le dilo tse ba di solofetseng—gore batho ba tla ‘roba se ba se jalang.’ (Bagalatia 6:7; Baroma 2:6) Diphelelo tse di eletsegang tsa go otlhaya ka lorato le ka tsela e e nang le matswela ke gore bana ba ithute go ikobela melao ba bo ba ithute go itshoka fa ba kgobega marapo le fa ba sa bone se ba se batlang ka bonako e le gore ba nne le dinonofo tse ba di tlhokang gore ba gole go nna bagolo ba ba maitseo, ba ba nang le boikarabelo.

Kgakololo e e oketsegileng malebana le se Modimo o se bolelelang batsadi ka go otlhaya bana ba bone ka lorato e fitlhelwa mo bukeng ya Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng. O ka bona khopi ya buka eno ya ditsebe di le 192 ka go tlatsa le go romela setlankana se se fa tlase fano kwa atereseng e e neetsweng kana kwa atereseng e e tshwanetseng mo go tse di boletsweng mo tsebeng ya 5 ya makasine ono.

□ Nthomeleleng khopi ya buka ya Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng.

□ Tsweetswee ikgolaganyeng le nna malebana le thuto ya mahala ya Baebele.