Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Ikgabisa Mmele—Go Tlhoka Gore o Nne Tekatekano

Go Ikgabisa Mmele—Go Tlhoka Gore o Nne Tekatekano

Kgopolo E e Mo Baebeleng

Go Ikgabisa Mmele—Go Tlhoka Gore o Nne Tekatekano

MOKWADI mongwe wa dipadi wa kwa Fora o ne a kwala jaana: “Go ipelafatsa ka ntlha ya tebego ke selo se se kgoreletsang motho go nna botlhale.” Eleruri, batho ga ba a bontsha botlhale ka dilo tse dintsi tse ba itirileng tsone ka ntlha ya go ipelafatsa ka tebego ya bone mo makgolong a a ntseng a feta a dingwaga. Ka sekai, e le go leka go nna le letheka le lesesane thata kafa go ka kgonegang ka teng, basadi ba lekgolo la bo19 la dingwaga ba ne ba ikutlwisa botlhoko thata ka go itšampa dimpa ka dikhosete go fitlha ba sa tlhole ba kgona go hema sentle. Batho bangwe ba ne ba bolela fa ba na le matheka a masesane thata a disentimetara di le 33. Basadi ba bangwe ba ne ba itšampa thata ka dikhosete mo e leng gore dikgopo tsa bone di ne tsa kgoromeletsega mo dibeteng, mme ba swa.

Le fa gone go itumedisa gore feshene eo ga e sa tlhole e le teng, go ipelafatsa ka ntlha ya tebego mo go e bakileng go sa ntse go le teng gompieno fela jaaka ka nako eo. Banna le basadi ba sa ntse ba dira dilo tse di thata, le e leng tse di kotsi, e le gore ba ka fetola tebego ya bone ya tlholego. Ka sekai, mafelo a go ikwalwang mebele le a go iphunngwang mo go one, a pele a neng a etelwa thata ke batho ba ba sa itsholang sentle mo setšhabeng, a setse a aname thata mo marekisetsong le mo metsaneng e e kwa thoko ya toropo. Tota e bile, ngwaga mongwe bosheng jaana go ikwala mmele e ne e le kgwebo ya borataro e e golang ka bonako thata kwa United States.

Gape go na le mefuta e e feteletseng thata ya go ikgabisa mmele e e ntseng e anama, segolobogolo mo basheng. Go iphunya dikarolo tsa mmele mo go feteletseng—go akaretsa le dithoba, dinko, maleme le e leng mapele—go tlwaelegile thata. Go na le batho ba bangwe bao go iphunya mmele mo go feteletseng jalo e setseng e le dinyana fela mo go bone. Ba leka mekgwa e e feteletseng thata e e jaaka go itshuba, go itshegaka, * le go setlha mmele, mo go dirwang ka go tsenya dilo mo letlalong go phunya marobana le mela e e feteletseng.

Mokgwa wa Bogologolo

Go ikgabisa kana go fetola mmele ga se selo se sesha. Kwa dikarolong tse di rileng tsa Afrika, go itshegaka le go ikwala matshwao mo mmeleng e le ngwao go ntse go dirwa ka makgolokgolo a dingwaga go tlhaola malapa kana merafe e e rileng. Se se kgatlhang ke gore kwa dinageng tseo di le dintsi, mekgwa e e ntseng jalo ga e sa tlhole e ratiwa e bile e ntse e fokotsega.

Go ikwala mmele, go iphunya le go itshega go ne go le teng mo dinakong tsa Baebele. Gantsi go ne go dirwa ke ditšhaba tsa baheitane ka ntlha ya mabaka a bodumedi jwa bone. Go a utlwala he go bo Jehofa a ne a ganela batho ba gagwe, Bajuda, go etsa baheitane bao. (Lefitiko 19:28) E re ka Bajuda e ne e le “boswabotshwerwe” jwa Modimo, ba ne ba sireleditswe mo mekgweng e e se nang boitsholo ya bodumedi jwa maaka.—Duteronome 14:2.

Kgololesego ya Bokeresete

Bakeresete ga ba kafa tlase ga Molao wa ga Moshe, le fa gone o na le melaometheo e e rileng e e neng ya fetisediwa le mo phuthegong ya Bokeresete. (Bakolosa 2:14) Ka jalo ba ka itshwara ka tsela nngwe le nngwe e e amogelwang fa go tliwa mo mofuteng wa go ikgabisa o ba tlhophang go o apara. (Bagalatia 5:1; 1 Timotheo 2:9, 10) Le fa go ntse jalo, kgololesego eno ga se e e se nang melelwane.—1 Petere 2:16.

Paulo o ne a kwala jaana mo go 1 Bakorintha 6:12: “Dilo tsotlhe di kafa molaong mo go nna; mme ga se dilo tsotlhe tse di solegelang molemo.” Paulo o ne a tlhaloganya gore kgololesego ya gagwe jaaka Mokeresete e ne e sa mo neye tetla ya gore a dire sengwe le sengwe se a se batlang a sa akanyetse ba bangwe. Boitsholo jwa gagwe bo ne bo tlhotlhelediwa ke go rata ba bangwe. (Bagalatia 5:13) O ne a rotloetsa gore re beye “leitlho, e seng mo molemong wa ka namana mo dilong tse di amang [r]ona fela, mme gape le mo molemong wa ka namana mo go tsa ba bangwe.” (Bafilipi 2:4) Pono ya gagwe ya go sa ikgogone ke sekao se se molemo thata mo Mokereseteng ope fela yo o akanyetsang mofuta mongwe fela wa go ikgabisa mmele.

Melaometheo ya Baebele e re Tshwanetseng go e Akanyetsa

Nngwe ya ditaelo tsa Bakeresete ke go rera le go ruta dikgang tse di molemo. (Mathaio 28:19, 20; Bafilipi 2:15) Mokeresete a ka se batle go tlogela sepe, go akaretsa le tebego ya gagwe, gore se kgoreletse ba bangwe go reetsa molaetsa oo.—2 Bakorintha 4:2.

Le fa gone mekgabiso e e jaaka go iphunya kana go ikwala matshwao mo mmeleng e ka tswa e tlwaelegile gareng ga batho ba bangwe, Mokeresete o tlhoka go ipotsa gore, ‘Batho ba mo lefelong le ke nnang mo go lone ba tla leba jang go ikgabisa mo go ntseng jaana? A ke tla amanngwa le ditlhopha dingwe tse di belaetsang mo setšhabeng? Le e leng le fa segakolodi sa me se ka ntetla go iphunya kana go ikwala mmele, go tla nna le ditlamorago dife mo bathong ba bangwe mo phuthegong? A ba tla go leba jaaka sesupo sa go nna le “moya wa lefatshe”? A gongwe go ka dira gore ba belaele “go itekanela sentle ga mogopolo” ga me?’—1 Bakorintha 2:12; 10:29-32; Tito 2:12.

Mefuta mengwe ya go fetola mmele e ka nna le dikotsi tse di tlhokang kalafi. Go ikwala mmele ka mamao a a sa phepafadiwang ka dibolayamegare go ne ga amanngwa le go anama ga bolwetse jwa sebete le mogare wa HIV. Ka dinako tse dingwe mebala e e dirisiwang e ka dira gore motho a tshwarwe ke malwetse a letlalo. Go iphunya mmele go ka tsaya dikgwedikgwedi pele go fola mme go ka nna botlhoko thata mo lobakeng loo lotlhe. Gape go ka baka botlhole mo mading, ga dira gore motho a tswe madi a mantsi, ga remisa madi, ga senya ditshikana le go baka malwetse a mangwe a a masisi. Mo godimo ga moo, mekgwa e mengwe ga go motlhofo go e fetola. Ka sekai, go ikaegile ka gore mokwalo o mogolo go le kana kang le mmala o o dirisitsweng, go tlosa mokwalo wa mo mmeleng go ka tlhoka kalafi e e botlhoko ya marang ka makgetlho a a rileng e bile e ja madi a mantsi. Go iphunya go ka tlogela mabadi a sennela ruri.

E ka tswa motho a swetsa go itsenya mo dikotsing tseno kana nnyaa ke tshwetso ya gagwe ka boene. Mme motho yo o senkang go itumedisa Modimo o lemoga gore go nna Mokeresete go akaretsa gore motho a ineele mo Modimong. Mebele ya rona ke ditlhabelo tse di tshelang tse di isetswang Modimo gore a di dirise. (Baroma 12:1) Ka gone, Bakeresete ba ba godileng sentle ga ba lebe mebele ya bone jaaka thoto ya bone e ba ka e senyang kana ba e gobatsa fela ka go rata. Segolobogolo ba ba tshwanelegang go etelela pele mo phuthegong ba itsege ka go nna tekatekano mo mekgweng, go itekanela sentle mo mogopolong.—1 Timotheo 3:2, 3.

Go tlhagolela maatla a go akanya a a thapisitsweng ka Baebele le go a dirisa go tla thusa Bakeresete go tila ditlwaelo tse di feteletseng, tsa go rata go utlwisiwa botlhoko tsa lefatshe leno, tseo gotlhelele di ‘kgaoganeng le botshelo jo e leng jwa Modimo.’ (Baefeso 4:18, NW) Ka jalo ba ka dira gore go nna tekatekano ga bone go itsiwe mo bathong botlhe.—Bafilipi 4:5.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 5 Go itshega ka mabaka a kalafi kana le e leng ka mabaka a go ikgabisa go farologane thata le go itshegaka kana go ikgolafatsa dirwe dingwe mo go dirwang ka go sa akanye ke basha ba le bantsi, segolobogolo basetsana. Go kgaolwa dirwe gono gantsi ke sesupo sa go ngomoga pelo thata kana go sotliwa, mo go ka tlhokang gore motho a bone thuso ya kalafi.