Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Thusa Batho ba ba Nang le Bolwetse Jwa MCS

Go Thusa Batho ba ba Nang le Bolwetse Jwa MCS

Go Thusa Batho ba ba Nang le Bolwetse Jwa MCS

GO TSHWENNGWA thata ke dilo tse di tlwaelegileng, le fa e ka tswa e le dinkgisamonate kana dikhemikale tse di dirisiwang go phepafatsa, go dira gore batho ba ba nang le bolwetse jono ba nne le bothata jo e seng jwa kalafi fela; gape go ba bakela bothata jwa go tshedisana sentle le batho ba bangwe. Ka tlholego, batho ba rata batho ba bangwe, mme bolwetse jwa go tshwenngwa thata ke dikhemikale tse di farologaneng bo pateletsa bontsi jwa batho ba ba botsalano, ba ba agang ba itumetse go tshela botshelo jwa botshelanosi. Shelly, yo o nang le bolwetse jono jwa MCS o bolela jaana: “Ke ile ka nna le mathata mangwe a botsogo mo nakong e e fetileng, mme fa e le bothata jono jone, bo a gaisa otlhe. Selo se se dirang gore bolwetse jono bo nne thata le go feta ke gore bo dira gore motho a itlhaole mo bathong.”

Maswabi ke gore ka dinako tse dingwe batho ba ba nang le bolwetse jwa MCS ba tsewa e le batho ba ba gakgamatsang. Gone ke boammaaruri gore lebaka lengwe la seno ke gore bolwetse jwa MCS ke bothata jo bo raraaneng jo batho ba iseng ba ithute go bo amogela le go lepalepana le jone. Le fa go ntse jalo, lebaka la go bo motho a sa itse ka bolwetse jwa MCS ga le a tshwanela go mo dira gore a belaele batho ba ba nang le bolwetse jono. Lokwalopaka lwa American Family Physician lo bolela jaana: “Ruri batho bano ba a lwala ka ntlha ya matshwao a bolwetse jono jwa bone.”

Motho yo o botlhale ga a tshwanela go dilola batho ba ba nang le MCS ka gonne bolwetse jwa bone bo gakgamatsa e bile bo sa tlhaloganngwe sentle, go na le moo o tshwanetse go laolwa ke molaomotheo o o mo go Diane 18:13: “Yo o fetolang a ise a utlwe, ke boeleele le ditlhong mo go ene.” A bo go le botoka thata jang ne go bontsha batho botlhe ba ba lwalang lorato lo lo tshwanang le lwa ga Keresete, re sa tlhaole ope! Ga re kitla re ikwatlhaela go bo re bontshitse lorato lono, le fa ba tsa kalafi ba ka ribolola eng mo isagweng.

Go Bontsha Lorato lo lo Tshwanang le Lwa ga Keresete

Lorato lo lo tshwanang le lwa ga Keresete lo tshwana le teemane e e nang le dikarolo tse dintle tse di kgonang go tshwanelegela boemo bongwe le bongwe kana gongwe le gongwe kwa e tlhokwang teng. Fa tsala nngwe ya rona e na le bolwetse jwa MCS, lorato lwa rona lo lo tshwanang le lwa ga Keresete lo tshwanetse go phatsima ka kutlwelobotlhoko, mme lo re thuse go ipaya mo boemong jwa gagwe. Gape, lorato “ga lo batle melemo ya lone”—kana, re ka nna ra re, ditshwanelo tsa lone. Lo direla ba bangwe melemo pele. Lo re thusa go nna ‘pelotelele, go emelana le dilo tsotlhe, go dumela dilo tsotlhe, le go itshokela dilo tsotlhe.’ Lorato lo lo ntseng jalo “ga lo ke lo fela.”—1 Bakorintha 13:4-8.

Mary ga a na bolwetse jwa MCS, mme ditsala dingwe tsa gagwe di na le jone. O kwala jaana: “Nna ka bonna ke rata dinkgisamonate, mme ke bona go le botoka gore ke se ka ka di itshasa fa ke etela batho ba ba nang le bolwetse jwa MCS.” Mary o bontsha gore o etsa Jesu ka go bua jaana: “Ke batla go thusa.” (Mareko 1:41) Trevor o ile a tshwarwa ke bolwetse jwa MCS a sa ntse a le lesea. Mmaagwe o bolela jaana: “Batho ba ke ileng ka bereka le bone ba ile ba dira bojotlhe jwa bone go akanyetsa morwaake.” Joy, yo e leng mongwe wa Basupi ba ga Jehofa yo o nnang kwa Australia e bile a tlhasetswe thata ke bolwetse jono jwa MCS, o bolela gore o kgothadiwa ke ditsala le ba losika lwa gagwe ba ba mo etelang ka metlha le go mmontsha gore ba tlhaloganya mathata a gagwe.

Ka fa letlhakoreng le lengwe, batho ba ba nang le bolwetse jwa MCS ba tshwanetse go leka go nna pelotelele le batho ba ba itshelang dinkgisamonate fa ba na le bone. Ernest, yo o nopotsweng mo setlhogong se se fetileng o ne a bolelela Tsogang! jaana: “Bolwetse jwa rona ke mokgweleo o re tshwanetseng go o sikara. Batho ba bangwe ba na le mathata a bone, ka jalo re anaanela thata fa ba re thusa go lepalepana le mathata a rona.” Ebu, go kopa tirisanommogo ka moya o montle e seng ka dikgoka, ka metlha ke mokgwa o montle wa go dira dilo. Lorraine o bolela jaana: “Fa motho mongwe yo o itshetseng dinkgisamonate a mpotsa gore ke eng fa ke lebega e kete ga ke ikutlwe sentle, ke mmolelela gore ‘dinkgisamonate ga di ntshware sentle, mme go lebega bothata jono bo ntlhasetse thata bosigong jono.’ Gantsi batho ba ba nang le temogo ba a tlhaloganya fa o bua jalo fela.” Gone mme, seno ga se reye gore fa o na le bolwetse jwa MCS ga o ka ke wa gakolola ditsala tsa gago ka bonolo gore o tlhoka thuso ya tsone.

Pam, yo o nopotsweng pelenyana, o kwala jaana fa a leba dilo ka tsholofelo: “Malwetse a re nang le one ke a nakwana fela.” Ke ka ntlha yang fa Pam a re “ke a nakwana fela”? Ka gonne tsholofelo ya gagwe e e theilweng mo Baebeleng ke gore go ise go ye kae Bogosi jwa Modimo bo tla nyeletsa matlhoko otlhe mo lefatsheng. E bile bo tla nyeletsa le loso—selo se kgabagare le e leng motho yo o sa lwaleng bolwetse bope a tshwanelwang ke go lebana le sone.—Daniele 2:44; Tshenolo 21:3, 4.

Fa re sa ntse re letile nako eo, batho botlhe ba ba tshwanetseng go itshokela bolwetse bongwe jo bo sa kgoneng go alafiwa jaanong, ba ka lebelela nako e mo go yone, fa Bogosi jwa Modimo bo busa, ‘go seng motho ope yo o tla reng: “Ke a bobola.”’ (Isaia 33:24) Fa re ntse re itshokela diteko dipe fela tse re kopanang le tsone mo tsamaisong eno ya dilo, a rotlhe re lweleng go tshwana le Jesu mme re tlhome mogopolo mo sekgeleng se se tlhomilweng fa pele ga rona.—Bahebera 12:2; Jakobe 1:2-4.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 25]

Go Bontshana Lorato

Melaometheo e e latelang ya Baebele e ka nna ya go thusa fa e le gore tsala nngwe ya gago kana mongwe wa ba losika o na le bolwetse jwa go tshwenngwa thata ke dikhemikale tse di farologaneng (MCS [multiple chemical sesitivity] ) kana fa e le gore wena ka bowena o na le bolwetse jono:

“Jalo, dilo tsotlhe tse lo batlang batho ba di lo direla, le lona lo tshwanetse go di ba direla ka tsela e e tshwanang.”Mathaio 7:12.

“O tshwanetse go rata moagelani wa gago jaaka o ithata.”Mathaio 22:39.

“A re akanyetsaneng go tlhotlheletsa loratong le ditirong tse di molemomogolo, re sa lese go phuthega mmogo ga rona, jaaka bangwe ba na le mokgwa oo, mme re kgothatsana, mme segolobogolo ka lo bona letsatsi le atamela.” (Bahebera 10:24, 25) Rotlhe re tlhoka go kgothadiwa mo semoyeng, segolobogolo fa re lwala. Go a itumedisa go bona gore bontsi jwa Bakeresete ba ba nang le bolwetse jwa MCS ba dira maiteko a go nna gone ka namana kwa dipokanong tsa phuthego; ka dinako tse dingwe ba bangwe ba bolwetse jono bo ba tlhasetseng thata ba nna gone kwa dipokanong ka go reetsa thulaganyo ka founo. Mo maemong mangwe, batho ba ba nang le bolwetse jwa MCS ba ile ba beelwa manno mo lefelong le mo go lone go se nang menko ya dinkgisamonate kwa Diholong Tsa Bogosi. Mme seno se ka nna sa se ka sa kgonega kana sa dirwa ka metlha.

“Lo se ka lwa lebala go dirwa ga molemo . . . , gonne ka ditlhabelo tse di ntseng jalo Modimo o itumedisiwa thata.” (Bahebera 13:16) Ela tlhoko gore gantsi go dira molemo go tlhoka gore motho a itime dilo dingwe. A o iketleeleditse go itima dilo dingwe gore o thuse mongwe yo o nang le bolwetse jwa MCS? Ka fa letlhakoreng le lengwe, batho ba ba nang le bolwetse jwa MCS le bone ba tshwanetse go nna kakanyetso malebana le dilo tse ba di lebeletseng mo bathong ba bangwe. Ka sekai, bagolwane ba Bakeresete ga ba ka ke ba tlhoma melao e e amanang le go dirisiwa ga dinkgisamonate, kana gore ba nne ba itsise phuthego ka ga seno. Mo godimo ga moo, batho ba ba kgatlhegang le baeng ba ba itshetseng dinkgisamonate ba tla kwa dipokanong tsa rona tsa phuthego​—⁠mme re a ba amogela. Ruri ga re batle go dira gore ba tlhabiwe ke ditlhong kana gore ba ikutlwe ba sa gololesega ka ntlha ya go bo ba dirisa dinkgisamonate.

‘Senka kagiso mme o e latelele.’ (1 Petere 3:11) Ga go pelaelo gore mathata a botsogo ga a tshwanela go dira gore Bakeresete ba se nne le kagiso. Jakobe 3:17 e bolela jaana: “Botlhale jo bo tswang kwa godimo . . . bo kagiso, bo kakanyetso, . . . bo tletse kutlwelobotlhoko.” Batho ba ba kagiso, le fa ba ka tswa ba na le bolwetse jwa MCS kana ba se na jone, ga ba kitla ba feteletsa dilo kana ba gatelela kgang ya gore batho ba bangwe ba dirise dilo tse di dirilweng ka dikhemikale kana ba se ka ba di dirisa. Batho ba ba kakanyetso ba ba ‘tletseng kutlwelobotlhoko’ le bone ga ba kitla ba gatelela tshwanelo ya bone ya go itshela dinkgisamonate le fa ba ntse ba itse gore di ka nna tsa ama botsogo jwa motho yo mongwe. Ka go dira jalo le bone ba bontsha gore ba senka ‘maemo a a kagiso’ le gore ‘ba dira kagiso.’—Jakobe 3:18.

Ka fa letlhakoreng le lengwe, boikutlo jwa go se fetofetoge le maemo, le jwa go se akanyetse ba bangwe, le fa bo ka tswa bo bontshiwa ke motho yo o nang le bolwetse jwa MCS kana ke motho yo mongwe fela, bo tshwana le selo se se dirang gore batho ba katogane thata. Boikutlo jono ga bo solegele motho ope molemo mme e bile bo ka nna jwa senya botsalano jo motho a nang najo le Modimo.—1 Johane 4:20.

Gone ke boammaaruri gore Bakeresete ba na le selo se se botlhokwa thata se se ba thusang—moya wa ga Jehofa. Fa ba ntse ba rapela Jehofa ka metlha gore a ba neye moya ono wa gagwe, ba lwela go nna le maungo a a molemolemo a one, segolobogolo lorato—“sebofo se se itekanetseng sa boseoposengwe.” (Bakolosa 3:14) E bile ba letlelela moya ono ka bopelotelele gore o godise dinonofo tse di tshwanang le tsa ga Keresete mo bathong ba bangwe.—Bagalatia 5:22, 23.

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Batho ba ba nang le bolwetse jwa MCS ba tlhoka ditsala thata fela jaaka batho ba bangwe