Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Tshwenngwa Thata ke Dikhemikale Tse di Farologaneng—Bolwetse jo bo Gakgamatsang

Go Tshwenngwa Thata ke Dikhemikale Tse di Farologaneng—Bolwetse jo bo Gakgamatsang

Go Tshwenngwa Thata ke Dikhemikale Tse di Farologaneng—Bolwetse jo bo Gakgamatsang

Ntlo ya ga Pam e ne e le mo lefelong le le dikologilweng ke masimo a katune. Ka metlha difofane di ne di kgatsha masimo ano ka dibolayamefero le ka dibolayaditshenekegi; mme gantsi phefo e ne e fokisetsa maritse a dikhemikale tseno kwa matlong a a gaufi le masimo ano, go akaretsa le ntlo ya ga Pam.

PAM o ne a simolola go opiwa ke tlhogo thata le go feroga sebete, mme botsogo jwa gagwe bo ne jwa koafala. Fa nako e ntse e ile, o ne a simolola go tshwenngwa thata le ke dilo tse go lebegang di sa amane ka gope le dibolayaditshenekegi: dinkgisamonate, dibolayamonkgo, ditlolo tsa mmele, dilo tse di tlhatswang, pente, khapete e ntšha, mosi wa motsoko, dilo tse di nkgisang diphaposi monate le dilo tse dingwe. Matshwao a ga Pam ke mangwe a matshwao a gantsi go tweng a bakwa ke bolwetse bongwe jo bo gakgamatsang jo bo bidiwang bolwetse jwa go tshwenngwa thata ke dikhemikale tse di farologaneng (MCS [multiple chemical sensitivity]). *

Pam o ne a tlhalosetsa Tsogang! jaana: “Fa nka utlwa monkgo wa dikhemikale tse di tlwaelegileng fela, ke simolola go ikutlwa ke lapile thata e bile ke tlhakane tlhogo, ke tsewa ke sedidi, le go feroga sebete. Mmele wa me o a ruruga, mme ka dinako tse dingwe ke a hupelwa, ke a tlalelwa ke bo ke lela selelo se ke sa kgoneng go se laola, pelo ya me e itaya ka bonako thata, mme makgwafo a me a tlala ka metsi. E bile seno se dirile gore ke tshwarwe ke nyumonia.”

Le mororo batho ba ka nna le matshwao a a sa tshwaneng a MCS, matshwao ano a ka nna a akaretsa go opiwa ke tlhogo, letsapa le le feteletseng, go opelwa ke mesifa, go opelwa ke malokololo, motshweetshwee, go tswa boswata, matshwao a e keteng ke a foluu, asema, mathata a go kabala dinko, go tlhobaela, go tshwenyega thata mo maikutlong, mathata a go lebala dilo, bothata jwa go se kgone go tlhoma mogopolo, go tlhoka boroko, go se iteye sentle ga pelo, go ruruga mmele, go feroga sebete, go kgwa, mathata a mala, le go gonoga. Gone ke boammaaruri gore gape bontsi jwa matshwao ano a ka bakwa ke malwetse a mangwe.

MCS—Bothata jo bo Golang

Kwa United States, dipatlisiso tse di neng tsa dirwa mo ditlhopheng tse di farologaneng tsa baagi ba koo di bontsha gore diperesente di le gareng ga 15 le 37 tsa palo ya baagi bano di bolela gore dikhemikale tse di tlwaelegileng le menko ya tsone e e jaaka ya mosi o o tswang mo koloing, mosi wa motsoko, pente e e sa tswang go tshasiwa, khapete e ntšha le dinkgisamonate di ba tshwenya thata kana di a ba lwatsa. Le fa go ntse jalo, ke diperesente di le 5 kana tse di kwa tlasenyana ga moo fela tse go neng go tlhomamisitswe gore di na le bolwetse jwa MCS, go ikaegile ka dingwaga tsa ba go neng ga dirwa dipatlisiso mo go bone. Mo e ka nnang dikwatara di le tharo tsa palo eno e ne e le basadi.

Bontsi jwa batho ba ba nang le MCS ba bolela gore dibolayaditshenekegi le ditlhaolosi ke tsone tse di bakileng bothata jwa bone. Dilo tseno tse pedi di tletsetletse mo tikologong, segolobogolo ditlhaolosi. Ditlhaolosi ke diedi tse di tlalang motlhofo mo moweng tse di phatlalatsang kana tse di tlhaolosang diedi tse dingwe. Di tswakantswe le dipente, dipente tsa logong, dingaparetsi, dibolayaditshenekegi, metswako ya dilo tse di tlhatswang.

Mo ditlhogong tse di latelang, re tlile go sekaseka MCS ka tsela e e tseneletseng, re bue le ka gore batho ba ba nang le bothata jono ba ka thusiwa jang, re bo re bone gore batho ba ba nang le bothata jono le ba ba se nang jone ba ka dirisana mmogo jang go dira gore batho ba ba nang le MCS ba ipelele botshelo thata.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 3 Re dirisitse polelwana e e reng “go tshwenngwa thata ke dikhemikale tse di farologaneng” ka gonne e le yone e e dirisiwang thata. Le fa go ntse jalo, go na le dipolelwana tse dingwe tse dintsi, go akaretsa “bolwetse jwa tikologo” le “chemical hypersensitivity syndrome.” Fano polelwana e e reng “sensitivity” e bolela go tshwenngwa ke dikhemikale ka selekanyo se go bonalang di sa tshwenye bontsi jwa batho ka sone.