Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Eng fa Tirisabadimo e Kgatlhegelwa Thata?

Ke Eng fa Tirisabadimo e Kgatlhegelwa Thata?

Ke Eng fa Tirisabadimo e Kgatlhegelwa Thata?

Tirisabadimo e tlhalosiwa e le “tumelo ya gore karolo nngwe mo bathong e e leng moya e falola loso lwa mmele mme e kgona go buisana le batshedi, gantsi e le ka motho yo o buang le meya.”

KA 1998, buka nngwe e e tlhalosang kafa batho ba ka buisanang le baswi ka teng e ile ya anama thata jaana kwa United States mo e leng gore e ile ya fitlhelela ka bonako maemo a a kwa godimo mo lenaaneng la New York Times la dibuka tse di rekwang thata.

Mo dingwageng di le mmalwa tse di fetileng kwa Moscow, dipokano tsa batho ba ba bolelelang pele isagwe le tse go buiwang le meya mo go tsone di ile tsa ratwa thata ke boradipolotiki le borakgwebo, ba ba neng ba duela madi a le mantsi go bua le batho bano ba ba buang le meya.

Kwa Brazil, dikgangtswelelopele tsa thelebishene tse di bontshang thata boitsholo jo bo sa siamang mme gape di bontsha le tirisabadimo di ngoka babogedi ba le bantsi thata.

Mo bathong ba le bantsi ba Afrika kana Asia, tirisabadimo e tlwaelegile thata mo e leng gore e tshwana fela le go ananya dilo kwa mmarakeng.

Lebaka La go Bo Bontsi bo Inaakanya le Tirisabadimo

Batho ba le bantsi ba inaakanya le tirisabadimo gore ba ikgomotse morago ga loso lwa baratiwa ba bone. Ka go ya kwa bathong ba ba buang le meya ba ka nna ba amogela tshedimosetso nngwe e e kgethegileng e go bonalang e tswa kwa baswing. Ka ntlha ya moo, gantsi batho bano ba ba tlhokafaletsweng ba dumela gore baratiwa ba bone ba a tshela le gore go ikgolaganya le baswi go tla ba thusa go lepalepana le tatlhegelo ya bone.

Batho bangwe ba simolola go inaakanya le tirisabadimo ka gonne ba boleletswe gore meya e tla ba thusa go bona kalafi ya malwetse, go tswa mo lehumeng, go atlega mo loratong, go rarabolola mathata a lenyalo, kana go bona tiro. Mme ba bangwe ba bantsi ba simolola go inaakanya le tirisabadimo fela ka gonne ba rata dilo.

Le fa go ntse jalo, lebaka le lengwe la go bo dimilionemilione tsa batho di inaakanya le tirisabadimo ke gore ba ile ba rutiwa gore tirisabadimo ke “bodumedi jo bongwe” jo bo “tsamaisanang le Bokeresete,” jaaka mankge mongwe mo kgannyeng eno a ile a tlhalosa. Seemo sa bodumedi kwa Brazil ke sekai mo kgannyeng eno.

Brazil e na le palo e kgolo go gaisa tsotlhe mo lefatsheng ya batho ba Katoliki ya Roma, le fa go ntse jalo, jaaka Sol Biderman a bolela, “dimilionemilione tsa maloko a a ikanyegang a kereke di tshuba dikerese mo dialetareng di feta e le nngwe mme ba bo ba nna le boikutlo jwa [gore ga go na] sepe se se phoso.” Tota e bile, lekwalodikgang le le tswang beke le beke la kwa Brazil la Veja le ne la bega gore diperesente di le 80 tsa batho ba ba atisang go ya kwa mafelong a kobamelo a tirisabadimo ke Bakatoliki ba ba kolobeditsweng ba ba nnang gone le kwa Mmiseng. Gape fa o akanya ka lebaka la gore tota le baruti bangwe ba na le seabe mo dikokoanong tsa tirisabadimo, o kgona go bona gore ke ka ntlha yang fa badumedi ba le bantsi jaana ba akanya gore go bona kgomotso le kaelo ka go ikgolaganya le meya ke selo se se amogelwang ke Modimo. A mme go ntse jalo?

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 3]

Mefuta e e Farologaneng ya Tirisabadimo

Tirisabadimo e ka nna ya akaretsa go ya kwa mothong yo o buang le meya, go botsa kaga baswi, kana botlhodi. Mofuta mongwe o o ratiwang thata wa tirisabadimo ke go laola ka bola—go leka go itse isagwe kana masaitseweng ka thuso ya meya. Mefuta mengwe ya go laola ke tepodinaledi, go leba bolo ya kirisetale, go ranola ditoro, go laola ka meralo ya seatla, le go bolelela dilo pele ka go dirisa dikarata tsa tarot.