Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Nka Kgona Jang go Atlega fa ke Nna Kwa Nageng e Sele?

Nka Kgona Jang go Atlega fa ke Nna Kwa Nageng e Sele?

Basha ba Botsa Jaana . . .

Nka Kgona Jang go Atlega fa ke Nna Kwa Nageng e Sele?

“Fa ke goroga kwa boemafofaneng, ke ne ke batla fela go ya gae! . . . Ke ne ke sa tlhole ke na le keletso epe ya go lekeletsa le go ithuta dilo tse disha. Fa ke bua ka tlhamalalo, ke ne ke tlhologeletswe kwa gae go feta le fa e le leng pele.”—Uta.

GO A boifisa go nna o le nosi kwa nageng e sele. Mme jaaka setlhogo sengwe se se fetileng mo motseletseleng ono se bontshitse, basha ba bantsi ba tlhopha go nna lobaka lo lo rileng kwa nageng e sele. Bangwe ba ya teng go ya go bona thuto kana thapiso e e kgethegileng. Bangwe ba batla go ithuta puo nngwe. Bangwe ba batla fela go ya go bona madi. Le fa go ntse jalo, ba bangwe bone ba fudugetse kwa dinageng di sele go ya go direla kwa go tlhokegang bareri ba Bogosi gone.

Fa re tsaya gore o ya go nna kwa nageng e sele ka mabaka a a utlwalang—mabaka a a akanyetsang dilo tse o di tlhokang mo semoyeng le mekgele ya gago ya semoya *—o ka dira eng go tlhomamisa gore o tla atlega fa o nna teng?

Ititeye Sehuba Gore o Tlwaele

Sa ntlha o tshwanetse wa batla go itlwaetsa. Seno ga se reye gore o latlhe melaometheo ya Bokeresete kana thulaganyo ya gago ya ka metlha ya semoya. Mme go ka nna ga raya gore o tlwaele dijo tse disha, o ithute mekgwa e mesha ya go bontsha maitseo kana o leke ditsela tse disha tsa go dira dilo. Mekgwa eno e mesha e ka tswa e farologane gotlhelele le tsela e o neng o dira dilo ka yone kwa gae. Mme taelo ya ga Jesu ya go ‘tlogela go atlhola’ e ka dirisiwa le fano. (Mathaio 7:1) Ruri ga go na lotso kana setso se se nang le tshwanelo ya go ipolela fa se le kwa godimo ga tse dingwe. (Ditiro 17:26) Fela jaaka batho ba ba godileng ba tshwanetse go tila go bapisa basha ba bogologolo le ba gompieno ka tsela e e sa siamang, le basha ba ba kwa nageng e sele ba tshwanetse go tila go bapisa naga eo le ya bone ba e tshwayatshwaya diphoso. (Moreri 7:10) Tlhoma mogopolo mo dilong tse di siameng tse naga eno e ntšha le setso sa yone di nang le tsone. Gape, fa o ka itlhaganelela go ithuta puo ya naga eno, o tla kgona go simolola go ikutlwa o phuthologile ka bonako.

Moaposetoloi Paulo o ne a kgona go tlwaela ditso tse di farologaneng mo tirong ya gagwe ya borongwa ka gonne o ne a rata go nna “dilo tsotlhe mo bathong ba mefuta yotlhe.” (1 Bakorintha 9:22) Go nna le boikutlo jo bo ntseng jalo go ka go thusa gore o tlwaele. Adrianne o nna le lelapa lengwe kwa Jeremane, o le direla ditiro tsa mo gae mme o duelwa ka go newa marobalo le dijo. O tlhalosa jaana: “Ke tshwanetse ka fetofetoga le maemo ka gonne nka se lebelele gore batho e nne bone ba intlwaetsang.”

‘Ke Tlhologeletswe Gae!’

Mo dibekeng di le mmalwa tsa ntlha, o ka nna wa ikutlwa o hutsafetse e bile o gopotse gae. Baebele e bontsha gore Jakobe o ne a ‘tlhologeletswe ntlo ya ga rraagwe,’ le fa Jakobe a ne a feditse dingwaga di feta 20 a le kwa nageng e sele! (Genesise 31:30) Ka jalo o se ka wa gakgamala fa ka dinako tse dingwe o lela. Gone mme fa o nnela go akanya ka dilo tse o di tlogetseng kwa morago, o tla gakatsa khutsafalo ya gago fela. (Dipalo 11:4, 5) Tsela e e molemo ya go fenya bothata jono ke go dira gore o tlwaele tsela ya gago e ntšha e o dirang dilo ka yone le tikologo e o leng mo go yone. Le fa gone e le selo se se siameng gore o ikgolaganye le lelapa la gaeno ka makwalo kana ka go ba founela, go ba founela thata go ka nna ga go kgoreletsa gore o tlwaele legae la gago le lesha.

Basha ba bantsi ba Bakeresete ba fitlhela gore go boela mo thulaganyong ya bone ya ka metlha ya dilo tsa semoya ke kalafi e e molemo fa motho a jewa ke bodutu. (Bafilipi 3:16) Amber o gakologelwa dibeke tsa gagwe tsa ntlha kwa nageng e sele: “Ke ne ke fitlhela go le thata go itshoka mo maitseboeng, fa go se na se ke se dirang, ka jalo ke ne ka leka go ithuta mo go oketsegileng kana go bala buka nngwe.” Rachel yo mosha, yo o tswang kwa Boritane mme a nna kwa Jeremane, o gakolola jaana a akantse ka se se mo diragaletseng: “Kopanela le phuthego di tloga fela. Simolola go nna teng kwa dipokanong ka bonako.” Kwa tshimologong, o ka nna wa tlhoka thuso ya go ya kwa dipokanong. Mme mo phuthegong ya Bokeresete, o ka nna wa bona ditsala tse di siameng tse di ka nnang jaaka ‘barwarrago le barwadiarrago le bommaago.’—Mareko 10:29, 30.

Go nna le seabe mo tirong ya Bokeresete ya go rera le gone ke karolo ya botlhokwa ya go nna le thulaganyo e e siameng ya ka metlha ya semoya. Go rera ga go ne go go solegela molemo semoyeng fela mme gape go tla go thusa go tlwaela setso se sesha le puo ya teng.

Kwa bokhutlong, nna le thulaganyo ya ka metlha ya go rapela le go ithuta ka namana. Ke dilo tsa botlhokwa mo go go bolokeng o itekanetse semoyeng. (Baroma 12:12; 1 Timotheo 4:15) Ke gone ka moo Adrianne yo o umakilweng pelenyana, a neng a tlhomamisa gore o ne a tla le dibuka tsa gagwe tsa Baebele ka puo ya gagabo.

Go Nna le Lelapa Le le Go Amogetseng

Basha bangwe ba Bakeresete ba ne ba rulaganya go nna le malapa a badumedi fa ba le kwa nageng e sele. Le fa gone go se kitla go lebelelwa gore lelapa le o nnang le lone le tseye tiro ya go nna batsadi ba gago, ba ka nna ditsala tse di molemo le go go kgothatsa thata semoyeng.—Diane 27:17.

Le fa go ntse jalo, go buisana sentle le lelapa le o nnang le lone ke selo sa botlhokwa gore lo nne le kamano e e siameng. (Diane 15:22; 20:5; 25:11) Amber o akgela jaana: “O tshwanetse wa itse gore o tlile go dira eng. O tlhoka go itse gore batho ba o nnang le bone ba solofetse eng mo go wena. Mme le bone o tshwanetse go ba bolelela dilo tse o di solofetseng mo go bone.” Tlhotlhomisa gore melao ya mo ntlong ke efe le gore ke go ya bokgakaleng bofe o solofetsweng go dira ditiro tsa mo gae. Lo tshwanetse lwa tlotla ka dikgang tseno ka botlalo.

Ka sekai, boemo jwa gago e tla nna jo bo gwetlhang thata fa e le gore o berekela lelapa le le sa dumeleng dilo tse o di dumelang. E re ka lelapa le ka tswa le sa tlhaloganye boemo jwa gago malebana le melaometheo ya Baebele, o ka nna wa iphitlhela o le mo maemong a a ka go dirang gore o ineele. (Diane 13:20) Dilo tse o tlhokang go di dira mo lelapeng di ka thulana le dilo tse o tshwanetseng wa di dira tsa semoya, tse di jaaka go nna teng kwa dipokanong tsa Bokeresete. Ka jalo fa e le gore maemo a o ka se kgoneng go a tila a go pateletsa go nna le lelapa le le sa dumeleng dilo tse o di dumelang, he o tshwanetse go ela tlhoko dilo di le dintsi.

Rachel o gakolola jaana: “Tlhomamisa gore ba a itse gore o Mokeresete. Go botoka fa o ba bolelela boammaaruri di tloga fela.” Go tlhalosa bodumedi jwa gago le ditekanyetso tsa gago tsa boitsholo go ka go sireletsa. Gape o tshwanetse go tlhalosetsa mothapi wa gago sentle kafa dipokano tsa Bokeresete le go rera di leng botlhokwa thata ka teng mo go wena. Kwa bokhutlong, go botlhale go tlhomamisa gore dilo tsa botlhokwa tse di jaaka diura tsa tiro, nako e o sa berekeng ka yone le tuelo di kwadilwe pele o simolola go bereka. Seno se ka thibela go utlwa botlhoko moragonyana.

Go Rarabolola Mathata

Go sa kgathalesege maiteko a o a dirang, mathata a sa ntse a ka tsoga. Ka sekai, go tweng fa e le gore batho ba o nnang le bone ba go koba mo legaeng la bone? Seno se ka go phatlola pelo. Fa lo ka se utlwane mo kgannyeng e e rileng, o ka nna wa leka go buisana le batho ba o nnang le bone ka tsela e e ritibetseng le e e utlwalang. (Diane 15:1) Ikemisetse go dumela diphoso dipe tse o ka tswang o di dirile. Gongwe ba ka fetola megopolo ya bone. Go sa nneng jalo, o tla tshwanela ke go batla bonno jo bongwe.

Mathata a mangwe a ka nna a tlhoka gore o kope thuso ya mongwe. Ka sekai, o ka nna le mathata a madi kana wa lwala. E re ka o boifa gore batsadi ba gago ba tla tla ba go tsaya ba go busetsa gae, o ka nna wa okaoka go ba bolelela se se diragalang. Kwantle ga moo, ba kgakala thata le wena mme ba ka tswa ba sa itse gore ba ka dirisana jang le boemo jo bo ntseng jalo kwa nageng e sele. Le fa go ntse jalo, bagolwane ba phuthego ya mo lefelong leo, ba ka tswa ba kile ba tshwara mathata a a ntseng jalo mme ba ka go naya kgakololo e e molemo. Gape ba ka go thusa go swetsa gore a o bolelele batsadi ba gago kgang eno.

Go Boela Gae

Le mororo go ka nna le mathata le dikgwetlho, go fetsa nako e e rileng kwa nageng e sele e ka nna boitemogelo jo bo nang le matswela, segolobogolo fa e le gore o ya teng ka ntlha ya dilo tsa semoya. Gone nako e ka tla e o tla tshwanelang ke go boela gae ka yone. Andreas o bolela jaana: “E re ka ke ne ke gopola dilo tse dintsi tse di itumedisang—tse di bosula di lebalega ka bonako—go ne go le botlhoko tota fa ke tsamaya.” Le fa go ntse jalo, o se ka wa solofela gore ditsala tsa gago kana ba lelapa kwa gae ba fetole tsela eo ba ntseng ba dira dilo ka yone ka gonne jaanong wena o boile ka mekgwa e mesha e o ithutileng yone kwa nageng e sele. Mo godimo ga moo, o se ke wa ba seleka ka go nna o ba gakolola gangwe le gape kafa dilo di dirwang ka teng kwa mafelong a mangwe. Ka tlholego o tla batla go bolelela mongwe le mongwe kgang ya gago, mme o se ke wa kgobega marapo fa e se batho botlhe ba ba itumelang le wena.

Ka phepafalo, tshwetso ya go nna ka nakwana kwa nageng e sele e tshwanetse go tsewa masisi. Fa e le gore morago ga go buisana le batsadi ba gago, o swetsa gore o na le mabaka a a utlwalang a gore o fuduge, ipaakanyetse go itshokela dikgwetlho dipe fela tse o tla lebanang le tsone. Fela jaaka o dira fa o lebana le tshwetso epe fela ya botlhokwa mo botshelong, go botlhale go bala ditshenyegelo pele.—Luke 14:28-30.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 5 Bona setlhogo sa “Basha ba Botsa Jaana . . . A ke Tshwanetse go Nna Kwa Nageng e Sele?” se se tlhagang mo makasineng wa July 8, 2000.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 11]

Dikakantsho Tsa Polokesego

● Boloka paseporoto, madi le thekete e o boang ka yone mo lefelong le le bolokesegileng.

● Dira difotokhopi tsa paseporoto ya gago mmogo le lekwalo le le go nayang tetla ya go tsena le/kana visa, thekete e o boang ka yone le dipampiri tse dingwe tsa botlhokwa. Baya dikhopi tse dingwe mo go wena mme o romele tse dingwe kwa batsading ba gago kana kwa ditsaleng kwa gae.

● Ka metlha nna o na le dinomoro tsa founo tsa batsadi ba gago kana tsa ditsala kwa gae le tsa lelapa le o nnang le lone.

● Itshware sentle fa o na le batho ba bong bo sele, e ka tswa e le ba lelapa le o nnang le lone, kwa sekolong, kwa tirong kana kwa mafelong ape a mangwe.

● Ithute mafoko a motheo le dipolelo tsa puo ya naga e o leng mo go yone.

● Bona ngaka e go tlhatlhobe pele ga o tsamaya. Tlhomamisega gore o na le melemo e e lekaneng e o tla e tlhokang.

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Fa lo ka se utlwane mo kgannyeng e e rileng le batho ba o nnang le bone, buisana le bone ka tsela e e ritibetseng