Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Nonyane e e Gakgamatsang ya Emperor

Nonyane e e Gakgamatsang ya Emperor

Nonyane e e Gakgamatsang ya Emperor

NONYANE ya lewatle e kgolo go di gaisa tsotlhe, e e bidiwang emperor e feta mmetara ka boleele mme e bokete jwa dikilogerama di le 40. Fa dinonyane tse dingwe tsa lewatle di leba kwa bokone go tshabela mariga a a tsididitsididi, a a lefifi a kwa Antarctica, dinonyane tsa emperor tsone di leba kwa borwa—kwa Antarctica! Ka ntlha yang? Se se gakgamatsang ke gore di ya go nna le ditsuanyane.

Fa nonyane e e namagadi ya emperor e sena go beela lee, e tonanyana e le tsaya ka bonako go le tlosa mo dikgapetleng mme e le beye mo dinaong tsa yone. Go tswa foo e le tsenya mo tlase ga kgwatlha ya yone e e elamang ka yone—e leng letlalo le le mo tlase ga mpa. Nonyane e namagadi yone e leba kwa lewatleng go ya go batla dijo. Ka malatsi a le 65, fa maemo a bosa a sa itumedise gotlhelele, nonyane e tonanyana e elama lee leno e ntse e ikotla ka mafura a a mo mmeleng wa yone. Go ipoloka di thutafetse mo diphefong tse di bogalegale tsa semathane tse di ka tabogang ka lobelo lwa dikilometara di le 200 ka ura, dinonyane tseno tse di botlhale di kgobokana mmogo ka ditlhopha tse dikgolo, tsotlhe di refosana go nna kafa ntle, di hularetse phefo.

Ka nako e e tshwanetseng tota, lee leno le thubega fela fa nonyane e namagadi e boa. Mme le fa go ntse jalo, e bona jang molekane wa yone fa gare ga dinonyane tse di diketekete tseno tse di tshwanang? Ka pina. Fa di ne di simolola go ratana, dinonyane tse pedi tseno di ne tsa opelelana dipina mme nngwe le nngwe ya tshwara pina ya e nngwe ka tlhogo. Fa dinonyane tse di namagadi di boa, tse di tonanyana le tse di namagadi di opela thata. Batho ba ne ba ka tlhakanngwa tlhogo tota ke tlhatlharuane eno, mme dinonyane tsa emperor tsone di kgona go bona balekane ba tsone ka bonako. Nonyane e tonanyana e e bolailweng ke tlala e tla bo ka go itsemeletsa e naya e namagadi tsuanyane e e sa tswang go tlhaga go tswa foo e bo e kgokgoetsega e bile e saila ka mpa go kgabaganya dikilometara di le 70 tsa dikgapetlana go ya go senka metsi a a bulegileng le dijo.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 31]

By courtesy of John R. Peiniger