Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ntšhwe—Bojang jo Bogolo go Gaisa Otlhe

Ntšhwe—Bojang jo Bogolo go Gaisa Otlhe

Ntšhwe—Bojang jo Bogolo go Gaisa Otlhe

KA MMEGADIKGANG WA TSOGANG! KWA AUSTRALIA

RE NE re ka dirang fa re se na sukiri? Gone e tla bo e le go feteletsa dilo fa re ka bolela gore lefatshe le ne le ka ema—mme le fa go ntse jalo dijo di le dintsi di ne di tla tlhoka go fetolwa thata fa sukiri e ne e ka nyelela. Ee, gompieno mo dikarolong di le dintsi tsa lefatshe, sukiri e setse e dirisiwa mo botshelong jwa letsatsi le letsatsi, e leng se se dirang gore go dirwa ga sukiri e nne kgwebo ya lefatshe lotlhe.

Dimilione tsa batho go tswa kwa Cuba go fitlha kwa India le go tswa kwa Brazil go fitlha mo Afrika, di lema le go roba ntšhwe (e e dirang sukiri). E bile, ka nako nngwe go dirwa ga sukiri e kile ya nna yone kgwebo e kgolo le e e tsenyang madi a mantsi go gaisa tsotlhe mo lefatsheng. Go ka bolelwa gore ke dijalo di le mmalwa fela tse di bopileng lefatshe jaaka ntšhwe.

A o ka rata go ithuta mo go oketsegileng ka semela seno se se gakgamatsang? Fa go ntse jalo, tsamaya le rona fa re etela kgaolo ya Queensland kwa Australia, kwa go lemiwang ntšhwe gone. Le fa gone lefelo leno e le le lennye fela le le tlhagisang ntšhwe, temo ya teng e dirwa ka manontlhotlho le mekgwa e e dirisiwang e dirile gore e nne lengwe la mafelo a a itsegeng mo lefatsheng a go romelwang sukiri go tswa mo go one.

Go Etela Kwa Lefelong la Ntšhwe

Moya wa teng o mogote e bile o bongola. Letsatsi la boboatsatsi le tlhabetse tshimo ya ntšhwe e e buduleng. Motšhine o mogolo o o tshwanang le o o robang korong o tsamaya ka iketlo fa gare ga tshimo ya ntšhwe e telele, o sega lenono lengwe le lengwe fa o ntse o roba le go latlhela ntšhwe e e segilweng mo kolotsaneng e e tsamayang fa thoko ga one. Matute a sukiri ka bonako a tswinatswina go tswa mo ntšhweng e e sa tswang go segiwa, mme moya o nkga monatenyana. Matute a a botlhokwa ano a a tswang mo bojannyeng jo bo gakgamatsang jono a setse a simolotse loeto lwa one go tswa kwa tshimong go ya kwa sejaneng sa sukiri mo tafoleng ya gago.

Maloba fela jaana, ntšhwe e ne e segiwa ka diatla mono Australia jaaka go sa ntse go dirwa kwa dinageng di le dintsi kwa go rojwang ntšhwe teng. Akanya fela ka se se diragalang. Badiri ba sega ntšhwe ka diatla. Mola wa batho ba ba fufuletsweng ba ba segang ntšhwe o ntse o tsamaya ka iketlo mo tshimong ya ntšhwe. Badiri ba kgobokanya ka letsogo le le lengwe ditlhopha tsa manono a ntšhwe a a emeng, ba dira jalo ka nepo e kete masole mme ba a goge ka thata go ya ntlheng e nngwe go bo go tlhage kutu eo e a kopanetseng. Kge! ka selepe, Kge! Badiri ba ntsha maatla otlhe a bone, ba akga thipa e kgolo go sega manono go tswa kwa tlase. Ba a latlhela fa thoko kwa meleng e e rulaganeng sentle, ba ya kwa moleng o mongwe kana kwa setlhopheng se sengwe sa manono. Boemo jono bo ntse bo fetoga ka iketlo mo lefatsheng lotlhe, e re ka dinaga tse dintsi jaanong di simolola go dirisa metšhini.

Kgaolo ya Australia e go jetsweng ntšhwe mo go yone e na le sebata sa naga se se fa losing lwa lewatle sa boleele jwa dikilommetara di le 2 100, eo karolo e kgolo ya yone e lebaganeng le Great Barrier Reef e e itsegeng thata. (Bona setlhogo sa “A Visit to the Great Barrier Reef,” mo makasineng wa Tsogang! ya June 8, 1991.) Tlelaemete ya teng e e bongola e bile e le bothitho ngwaga otlhe e thusa ntšhwe go gola, mme balemi ba le 6 500 ba nna thata mo dipolasing tse dinnye tsa malapa, tse di tletsetletseng go ralala lotshitshi e kete dingatana tsa morara mo setlhareng.

Morago ga go kgweetsa ka lobaka lo loleele, re bona kwa kgakalanyana motse wa sukiri wa Bundaberg, mo lotshitshing lo lo fa gare lwa Queensland. Fa re fologa lokgabananyana, re kgatlhantshiwa ke ponalo e e jesang kgakge—re bona ntšhwe go fitlha kwa matlho a rona a ka kgonang go bona teng! A mebalabala! Masimo a a farologaneng a ntšhwe a mo maemong a a farologaneng a go gola, ka jalo a dira mokgabisa o o mebalabala ya botala le gouta, mo gongwe go na le dikarolwana tse di borokwanyana mo mafelong a a iseng a jalwe monongwaga kana a a sa tswang go rojwa bosheng jaana.

July ke kgwedi e e tsiditsana ya ngwaga, mme paka ya thobo le ya go sila e sa tswa go simologa. E tla tswelela go fitlha ka December fa ntšhwe e ntse e gola kgato ka kgato. Jaanong re šwegašwega go etela kwa tshilong ya sukiri go ya go bona gore go diragalang ka ntšhwe e e robilweng. Mme go akantshiwa gore pele ga re dira jalo, re ithute pele sengwe ka ntšhwe ka boyone. Ka jalo ra swetsa go etela pele kwa lefelong le go dirwang ditekeletso tsa sukiri mo go lone le le leng mo kgaolong eo. Fano borasaense ba godisa mefuta e mesha ya ntšhwe le go batlisisa kafa ba ka tokafatsang ka teng go lemiwa le go tlhagisiwa ga ntšhwe.

Tshimologo le go Lemiwa ga Yone

Kwa lekaleng la go dira dipatlisiso tsa sukiri, moithutatemo mongwe yo o thuso thata o ne a itumelela go re ruta sengwe kaga ntšhwe ka boyone le go re tlhalosetsa kafa e lemiwang ka teng. Ntšhwe e kwa tshimologong e neng e fitlhelwa kwa dikgweng tsa pula tsa kwa Borwabotlhaba jwa Asia le kwa New Guinea, ke bojang jo bogolo mo gare ga majang a a akaretsang a mangwe a a farologaneng a a jaaka bojang jwa llono, ditlhaka tsa dithoro le bamboo ya sekalogong. Dimela tseno tsotlhe di dira sukiri mo matlhareng a tsone ka tiragalo ya fotosentesese. Le fa go ntse jalo, ntšhwe e farologana le tsone ka gore e ntsha sukiri e ntsi thata mme e e boloka e le matute a a monate mo manonong a yone a a thata.

Go lema ntšhwe go ne go tlwaelegile thata kwa India ya bogologolo. Kwa teng, ka 327 B.C.E., bakwadi ba ba neng ba le mo sesoleng se se tlhaselang sa ga Alexander yo Mogolo ba ne ba lemoga gore baagi ba teng “ba ne ba tšhotlha lotlhaka lo lo gakgamatsang, lo lo neng lo na le mofuta o o rileng wa tswina e e sa dirwang ke dinotshe.” Fa lefatshe le ntse le tlhotlhomisiwa le go tlhabololwa go ya pele mo lekgolong la bo15 la dingwaga, go lema ntšhwe go ne ga anama ka bonako. Gompieno go na le mefuta e e farologaneng e e ka nnang diketekete ya ntšhwe, mme mo e ka nnang dinaga di feta 80 di na le seabe mo kungong ya ngwaga le ngwaga ya ditone tse di ka nnang dimilione di le sekete tsa yone.

Kwa dikarolong di le dintsi tsa lefatshe, go e jala ke namane e tona ya tiro. Manono a a buduleng a ntšhwe a segiwa ka boleele jwa disentimmetara di le 40 mme a jalwe mo meseleng e e katoganeng ka dimmetara di ka nna 1,5. Lenono lengwe le lengwe le le segilweng le tlhagisa manono a ntšhwe a ka nna 8 go ya go 12, a a golang mo nakong ya gareng ga dikgwedi di le 12 go ya go di le 16. Go tsamaya fa gare ga tshimo e e kgotlaganeng ya ntšhwe e e buduleng go ka boifisa. Manono a ntšhwe le matlhare a makima a fitlha kwa bogodimong jwa dimmetara di le nnè. A mokgwasa o o utlwalang fale ke phefo fela kana gongwe ke wa noga kana wa peba? E le go itisa, gongwe ke nako ya go tshabela kwa go bolokesegileng teng kwa go bulegileng!

Go dirwa patlisiso ya go bona ditsela tsa go lwantsha ditshenekegi tse di jang ntšhwe le malwetse a yone. Maiteko a le mantsi a a neng a dirwa a ne a atlega, le fa gone e se one otlhe. Ka sekai, ka 1935, ka maiteko a go nyeletsa khukhwane e e tshwenyang e e jang ntšhwe, puso e ne ya tlisa segwagwa sa ntšhwe sa kwa Hawaii kwa bokone jwa Queensland. Ka maswabi, segwagwa sa ntšhwe se ne sa rata dijo tse dingwe tse di neng di le moo tse e neng e le letlepu go na le dikhukhwane tse di jang ntšhwe, sa ata ka bonako mme ya nna sone se tshwenyang thata go ralala bokonebotlhaba jwa Australia.

A lo A e Fisa Pele lo e Roba?

Moragonyana, fa go nna bosigo re ne ra leba ka kgakgamalo fa molemi wa mo lefelong leo a tshuba tshimo e e buduleng ya ntšhwe. Mo metsotswaneng e sekae fela ke fa tshingwana eo e dirile kgabo e kgolo ya molelo mo loaping lwa bosigo. Go fisa ntšhwe go thusa go tlosa matlhare a a sa batlegeng le dilo tse dingwe tse di ka nnang tsa kgoreletsa tiro ya thobo le ya tshilo. Le fa go ntse jalo, mo dinakong tsa bosheng jaana, go ntse go nna le tlwaelo e e golang ya go roba kwantle ga go fisa pele gono go go gakgamatsang. Mokgwa ono o bidiwa go roba ntšhwe e tala. Ga o tokafatse kungo ya sukiri fela mme gape o tlogela matlhare a a dirang boalo jo bo sireletsang fa fatshe, jo kgabagare bo thusang thata go thibela kgogolego ya mmu le mofero.

Le fa gone kwa dinageng di le dintsi kwa go lemiwang ntšhwe gone gompieno, go sa ntse go robiwa tshimo ka diatla, dinaga tse dintsi gone jaanong di roba ka metšhine e megolo e e segang ntšhwe. Metšhine eno e e maatla e betla tsela ya yone fa gare ga manono a matelele a ntšhwe, e sega fa godimo le go tlosa matlhare a a sa batlegeng mo matlhakeng e bo e a sege go a dira dikarolonyana tse di siametseng go silwa. Motho yo o segang ntšhwe a ka nna a roba palogotlhe ya ditone di le tlhano tsa ntšhwe ka letsatsi a dirisa mekgwa e e lapisang thata ya go sega ka seatla, mme metšhine e e segang ntšhwe yone e ka dira go fitlha go ditone di le 300 ka letsatsi kwantle ga bothata bope. Masimo a ka segiwa ngwaga le ngwaga ka dingwaga di le mmalwa pele ga kungo ya sukiri e e bonwang e fokotsega le dimela di tlhoka go emisediwa ka tse dingwe.

Fa ntšhwe e setse e segilwe, go botlhokwa thata gore go dirwe ka bonako ka go bo sukiri mo ntšhweng e e robilweng e senyega ka bonako. Go dira gore e romelwe ka bonako go ya kwa tshilong, go dirilwe seporo se sesesane sa dikilommetara di ka nna 4 100 se se thusang go e tsamaisa mo mafelong a go lemiwang ntšhwe mo go one mo Queensland. Diterenanyana tse di tsamayang mo seporong seno ke tse di nang le mebala e e kgatlhang fa di ntse di ralala naga, di goga dikolotsana tse dintsi tse di tladitsweng ka ntšhwe.

Go Tsena Kwa Tshilong

Go etela kwa tshilong ya sukiri ke selo se se itumedisang. Selo sa ntlha fela se o se bonang ke dikolotsana tsa ntšhwe tse di dirileng mela e mentsi tse di emetseng go pagololwa. Metšhine e megolo e e segang le e e gatelelang e kgabetlela ntšhwe, e gamola matute a sukiri mo teng ga lotlhaka. Lotlhaka lo lo setseng kana magweregwere, a a omisiwa a bo a dirisiwa go besetsa molelo o o direlang tshilo yotlhe motlakase. A mangwe a mantsi a rekisetswa batlhagisi ba pampiri le ba dilo tsa go aga gore ba a dirise mo dilong tse ba di dirang.

Maswenyana a a leng teng mo matuteng a sukiri a a tlosiwa, go tlogelwe matute a a itshekileng. Maswenyana a a ntshitsweng ano a a bidiwang seretse, a dirisiwa mo motshotelong. Selo se sengwe se se dirwang e bong sirapa ya molasses, e dirisiwa e le dijo tsa diphologolo kana e le sengwe se se ka dirisediwang go thothisa rum le alcohol e e dirisiwang mo madirelong. Tsela eo ntšhwe e dirisediwang dilo tse dintsi ka yone le kafa tshilo ya yone e dirwang ka botswerere ka gone ruri ke dilo tse di kgatlhang.

Matute ano jaanong a dirwa sirapa ka go bedisiwa go dira gore a nne thata mme a tsenngwa mafoforanyana a sukiri. Mafoforanyana ano a gola go fitlha a nna bogolo jo bo tlhokegang. Jaanong a tlosiwa mo motswakong ono mme a omisiwe. Kwa bokhutlong e nna sukiri e e borokwa. Fa e ntse e itshekisiwa sukiri eno e tla nna sukiri e e tlwaelegileng e e tshweu e e phepa e e fitlhelwang mo dijong tsa ba le bantsi.

Gongwe tee ya gago kana kofi e tla utlwala e le botshe go feta pele morago ga loeto lono lo lo kgatlhang le lo lo sedimosang lwa kwa lefelong la ntšhwe. Gone mme, fa e le gore o tshwerwe ke bolwetse jwa sukiri, o ka nna wa tshwanelwa ke go tsamaela kgakala le sukiri mme gongwe o dirise sengwe se se e emisetsang.

Ruri, re kgatlhilwe thata ke boleng le bonatla jwa Ene yo o tlhamileng le go tlhogisa ka bontsi jaana semela seno se se kgatlhang, ntšhwe—bojang jo bogolo go gaisa otlhe!

[Lebokoso mo go tsebe 28]

A ke Beet Kana ke Ntšhwe?

Sukiri e dirwa go tswa mo dijalong tse pedi tse di lengwang thata mo lefatsheng. Ntšhwe e jalwa thata kwa dikarolong tsa boboatsatsi mme e dira diperesente di ka nna 65 tsa sukiri e e tlhagisiwang mo lefatsheng. Diperesente tse di setseng di le 35 di tswa mo dimeleng tsa beet tsa sukiri, tse di lengwang kwa tlelaemeteng e e tsididi, jaaka kwa Botlhaba le Bophirima jwa Yuropa le kwa Bokone jwa Amerika. Disukiri tseno di na le dikhemikale tse di tshwanang.

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Ntšhwe e e fisiwang pele ga e rojwa

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Motho yo o dirisang motšhine go roba sukiri. Terekere e goga kolotsana

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 27]

All pictures on pages 27-30: Queensland Sugar Corporation