Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Bona go Feta se Matlho a se Bonang?

A o Bona go Feta se Matlho a se Bonang?

A o Bona go Feta se Matlho a se Bonang?

BAKGWEETSI ba dikoloi ga ba ka ke ba kgona go bona ka bobone fela se se ka kwa ga tsela e e obegileng. Mme ka thuso ya seipone se se beilweng mo tseleng, ba ka kgona go bona dikoloi tse di tlhagang mme ba ka tila dikotsi. Totatota batho le bone ga ba ka ke ba kgona go bona Mmopi yo o sa bonaleng. A go na le tsela nngwe e ba ka itseng ka yone gore Yo o ntseng jalo o teng?

Mokwadi mongwe wa lekgolo la ntlha la dingwaga o ne a bolela tsela ya go lemoga se re ka se kang ra kgona go se bona. O ne a kwala jaana: “Dinonofo tse di sa bonaleng tsa [Modimo] di bonwa sentle mo tlholong ya lefatshe go ya pele, ka gonne di lemogiwa ka dilo tse di dirilweng, e leng maatla a one a a sa feleng le Bomodimo, mo e leng gore ga ba na seipato.”—Baroma 1:20.

Akanya ka seno. A dilo tse di re dikologileng tse motho a ka se kang a kgona go di bopa di go bontsha gore di dirilwe ka botlhale bongwe? A dilo tseno di go thusa go bona ka “matlho a tlhaloganyo” gore go na le mongwe yo mogolo go gaisa batho? Nte re sekaseke dingwe tsa dikai tsa tsone.—Baefeso 1:18, King James Version.

Go Ithuta mo Dilong Tse di Bopilweng

A o kile wa tshwarwa ke kgakge fa o leba kgalalelo ya loapi lo lontlentle lo lo dinaledinaledi mo bosigong jo bo se nang ngwedi, o bona mo go lone bosupi jwa gore go na le Modiri yo Mogolo? “Magodimo a bolela kgalalelo ya Modimo; phuthologo le yone e supa tiro ya diatla tsa one,” go ne ga rialo molepi mongwe wa bogologolo a gakgametse. “E a re fa ke akanya magodimo a gago, tiro ya menwana ya gago, kgwedi le dinaledi tse o di baakantseng,” monna yono o ne a tlhatlhanya jaana, “kana motho e be e le eng, fa e bo ne ne o mo gopola, le morwa motho, fa e bo ne ne o mo lekola?”—Pesalema 8:3, 4; 19:1.

Go tlwaelegile fela gore re gakgamalele dilo tse di bopilweng tse di kgatlhang thata tse batho ba sa kgoneng go di dira. Mola mongwe o o itsegeng thata wa leboko lengwe o re: “Ke Modimo fela a kgonang go dira setlhare.” Le fa go ntse jalo, selo se se gakgamatsang le go feta ke tsela e lesea le bopiwang ka yone, e e diregang kwantle ga kaelo epe ya batsadi. Fa peo ya rre e kopana le lee la mmè, ka bonako fela go setse go dirwa dipopego tsa sele e ntšha mo teng ga DNA gore go nne le ngwana. Go bolelwa gore fa go ne go ka “kwalwa” ditaelo tsotlhe tse di leng mo teng ga DNA “di ne di tla tlala ka dibuka di le sekete tsa ditsebe tse 600.”

Seno ke tshimologo fela. Sele eno ya ntlha e ikgaoganya go nna tse pedi, morago ga moo tse nnè, tse robedi, jalo le jalo. Morago ga mo e ka nnang malatsi a le 270, lesea le le dirilweng ka disele tse di tshelang tse di dimilione di le diketekete tsa mefuta e e fetang e le 200 le a tsholwa. Mme se lebale gore sele ya ntlha e ne e na le tshedimosetso e e dirang mefuta eno yotlhe ya disele e bile e di dira ka nako e e tshwanetseng! A ga o tlhotlheletsege go baka Mmopi wa rona? Ela tlhoko kafa mopesalema a neng a mmaka ka gone fa a ne a kwala jaana: “O bopile diphilo tsa me; wa mpipa ke le mo sebopelong sa ga mme. Ke tlaa go ntshetsa malebogo; gonne ke dirilwe ka mo go boitshegang le ka mo go gakgamatsang.”—Pesalema 139:13-16.

Batho ba ba ileng ba batlisisa ka “dikgakgamatso” tseno ba gakgamala tota. Dr. James H. Hutton yo pele e neng e le poresidente wa mekgatlho ya Kalafi ya Chicago le Illinois State, o ne a bolela gore o ne a gakgamadiwa thata ke “tsela e e nonofileng e sele e kgonang go fetisetsa tshedimosetso e e batlang gore e gatisiwe gape mo diseleng tse dingwe tse di latelang. Ruri go a itumedisa go bona gore borasaense ba rona ba babatlisisi ba ile ba kgona go ithuta ka dilo tseno. Le fa go ntse jalo, go tshwanetse ga bo go na le Botlhale bongwe jwa Bomodimo jo bo rulagantseng dilo tseno tse di gakgamatsang.”

Dr. Hutton o ne a tswelela jaana: “Go ya kafa ke itseng go le gonnye ka teng ka saense ya dikgeleswa tse di tsimolelang diedi tsa tsone mo teng ga mmele, go ithuta ka dilo tse dikgeleswa tseno di di dirang le kafa di nang le go se bereke sentle ka gone go dira gore ke dumele thata gore Maatla a Bomodimo ke one a a tshwanetseng a bo a dirile tsela e e gakgamatsang e dilo tseno tse di botlhokwa di raraaneng ka yone le kafa di berekang ka teng.” O ne a konela jaana: “Fa ke akanya ka dilo tseno tse di gakgamatsang ke patelesega go dumela gore maatla mangwe a a boitshegang le a a tlhaloganyang dilo tsotlhe a ile a rulaganya lobopo lono, a lo tsentse botshelo e bile a a lo laola.”

E ne ya re fa Dr. Hutton a se na go dira dipatlisiso tseno o ne a botsa jaana: “A ke Ene Modimo yo o tlhokomelang thaga nngwe le nngwe gore e se wele fa fatshe?” O ne a araba jaana: “Ke batla ke na le pelaelo. E bile ga ke dumele gore O tsaya tsia dilo tse di sa reng sepe tse ke di dirang letsatsi le letsatsi.”

Ke eng fa batho ba le bantsi ba dumela gore go na le bosupi jwa gore “dilo tse di gakgamatsang” tse di bopilweng di dirilwe ka botlhale bongwe mme ba bo ba sa dumele gore go na le Modimo wa mmatota yo o amegang ka batho?

A Ruriruri Modimo o Amega ka Rona?

Batho ba le bantsi ba bolela gore fa go ka bo go na le Modimo, o ne a ka se letle batho ba boga thata jaana. Potso e e tlwaelegileng e batho bangwe ba e botsang ke gore, “Modimo o ne o le kae ka nako e re neng re mo tlhoka ka yone?” Motho mongwe yo a neng a falola go bolawa ga batho ba le dimilionemilione ke Banasi ka Ntwa ya Lefatshe II o ne a hutsafaditswe thata ke pogo e a neng a e bona mo e leng gore o ne a bolela jaana: “Fa o ne o ka latswa pelo ya me, e ne e ka go tshela botlhole.”

Ka jalo, kgang eno e lebega e le bothata mo bathong ba le bantsi. Jaaka fa molepi mongwe wa bogologolo yo o umakilweng pelenyana a ile a bolela, bosupi jwa gore go na le Mmopi bo a bonala fa re sekaseka tsela e e gakgamatsang e dilo di rulagantsweng le go dirwa ka yone. Le fa go ntse jalo, fa e le gore Ene ke Modimo yo o amegang ka rona, go tla jang gore a letlelele pogo e e setlhogo jaana? Fa e le gore re batla go tlhaloganya le go obamela Modimo sentle, re tshwanetse go bona karabo e e kgotsofatsang ya potso eno e e botlhokwa. Re ka e bona kae?

Re go laletsa gore o senke khopi ya boroutšhara jwa A Ruriruri Modimo o Amega ka Rona? Mo tsebeng ya 32 ya Tsogang! eno, o ka bona kafa o ka kopang khopi eno ka gone. Re dumela gore fa o sekaseka ka kelotlhoko dikarolo tse di reng “Lebaka La go Bo Modimo o Letleletse Pogo” le “Ditlamorago Tsa Botsuolodi e Nnile Dife?” o tla bona dikarabo tse di kgotsofatsang.

[Ditshwantsho mo go tsebe 10]

A dilo tseno di go thusa go bona bosupi jwa gore go na le Mmopi?