Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bosetlhogo Jwa Batho—A bo Tla Tsamaya bo Fela?

Bosetlhogo Jwa Batho—A bo Tla Tsamaya bo Fela?

Bosetlhogo Jwa Batho—A bo Tla Tsamaya bo Fela?

Makasine wa Tsogang! ya March 8, 2000, o o buang ka bothata jo bogolo thata jwa bokgoba, jo ka maswabi bo sa ntseng bo tsweletse mo dikarolong dingwe tsa lefatshe, o ne wa newa Tona ya Italy ya mokgatlho wa Kutlwano ya Setšhaba, e bong Livia Turco. Mo lekwalong le a neng a le kwalela ofisi ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa ya kwa Italy, o ne a dumela jaana:

“Mefuta ya segompieno ya bokgoba, e segolobogolo e amang basadi le bana, e baka bothata jo bo masisi jo mo go jone dimilione tsa batho di sa ntseng di tshwerwe ka tsela e e setlhogo.” O ne a konela jaana: “Sengwe le sengwe se batho ba se buang ba galefile kgatlhanong le boemo jono jwa mmatota jo bo sa amogelesegeng se na le seabe se segolo thata, mme fa se fitlhelela batho ka bontsi ba ba jaaka babadi ba [Tsogang!], se ka nna le matswela le e leng go feta.”

Ka ntlha ya go anamisiwa ga dikhopi di feta dimilione di le 20 tsa makasine mongwe le mongwe wa Tsogang! ka dipuo tse 82, dimilione tsa babadi ga di bolelelwe fela ka seemo sa mathata a gompieno mme gape di bolelelwa le ka ditharabololo tse di theilweng mo Baebeleng tsa mathata ano.

Le fa go ntse jalo, potso e sa ntse e le gore, Fa e le gore ruri Modimo o teng, ke eng fa a letlelela batho ba ba se nang molato go boga thata jaana? Bontsi bo ipotsa gore, ‘Nka rata jang Mmopi yo kwantle ga pelaelo botlhale jwa gagwe bo bonalang mo dilong tse di gakgamatsang tse a di bopileng mme go lebega a sa utlwele batho botlhoko gompieno?’ Dipotso tse di tshwanang le tseno di arabiwa ka tsela e e kgotsofatsang mo boroutšhareng jwa A Ruriruri Modimo O Amega ka Rona? O ka kopa khopi ya boroutšhara jono ka go tlatsa setlankana se se fano o bo o se romele kwa atereseng e e bontshitsweng fano kana kwa atereseng e e tshwanetseng mo go tse di mo tsebeng ya 5 ya makasine ono.

□ Nthomeleleng khopi ya boroutšhara jwa A Ruriruri Modimo O Amega ka Rona?

□ Tsweetswee ikgolaganyeng le nna malebana le thuto ya mahala ya legae ya Baebele.