Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Fitlhelela Mekgele

Go Fitlhelela Mekgele

Go Fitlhelela Mekgele

BOMOLEMO, bokaulengwe, le kagiso ya ditšhaba tsotlhe—ke mang yo o neng a se kitla a galaletsa mekgele e e molemo jalo? Baron Pierre de Coubertin yo a neng a tsosolosa metshameko ya Diolimpiki, o ne a dumela gore metshameko eno e ne e tla fekeetsa mowa wa go gaisana o ditšhaba di nang le one ka go rotloetsa gore batho ba tlotle thata batho ba ba gaisanang go sa kgathalesege lotso, bodumedi kana bong jwa bone. O ne a na le boikutlo jwa gore “ke batho ba ba botoka fela ba ba ka dirang gore go nne le lefatshe le le botoka.” Le fa go ntse jalo, a ruri metshameko e ka dira gore go nne le kagiso mo lefatsheng? Fa re leba dilo tse di neng tsa direga mo metshamekong mo nakong e e fetileng, re tla tshwanela ke go araba potso eno ka nnyaa.

Le mororo metshameko e na le melemo ya yone, thuto ya Baebele ke selo sa botlhokwa se se rotloetsang kagiso ya boammaaruri. Eleruri, melaometheo ya Baebele e ka dira gore go nne le “batho ba ba botoka,” jaaka Coubertin a bolela. Sekaseka dikwalo dingwe tse di rotloetsang kagiso mo bathong ba ba di dirisang, le fa e ka tswa e le ba setšhaba sefe.

“Botlhe ba tla itse gore lo barutwa ba me ka seno, fa lo na le lorato gareng ga lona.”—Johane 13:35.

“Fa go kgonega, kafa go ka kgonegang ka gone mo go lona, agisanang le batho botlhe.”—Baroma 12:18.

“Fa fela re santse re na le nako e e go dumelelang, a re direng se se molemo mo go botlhe.”—Bagalatia 6:10.

“Lo sa dire sepe ka ntlha ya manganga kgotsa ka ntlha ya boikgopolo, fa e se gore ka kgobalalo ya mogopolo lo tsaya ba bangwe ba le bagolo mo go lona.”—Bafilipi 2:3.

“Thapiso ya mmele e tswela mosola go le gonnye; mme boineelo jwa bomodimo bo tswela mosola mo dilong tsotlhe, e re ka bo na le tsholofetso ya botshelo jaanong le jo bo tla tlang.”—1 Timotheo 4:8.

A ruri dintlha tse di kwadilweng mo dikwalong tseno di a bereka? Akanya ka se se neng sa direga kwa Munich, Jeremane. Ka 1974, dingwaga di le pedi fela morago ga gore Metshameko ya Diolimpiki e e neng e tshwaretswe kwa nageng eo e senngwe ke ditiro tsa borukhutlhi le polao, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba tshwarela kopano ya ditšhabatšhaba kwa Setadiamong sa Diolimpiki teng koo. Gareng ga batho ba ba neng ba le teng go ne go na le ditlhopha tse di tswang kwa Greece le Turkey—dinaga tse di neng di lwantshana. Tota e bile, ka selemo sa one ngwaga oo, masole a Greece le a Turkey a ne a lwantshana kwa setlhaketlhakeng sa Cyprus. A seno se ne se tla ama Bakeresete ba ba neng ba le kwa kopanong eno? Nnyaa! A bo babogedi ba ne ba amegile maikutlo jang ne fa ba bona Bagerika le Ba-Turkey ba tlamparelana e bile ba bitsana bakaulengwe le bokgaitsadi!

Basupi ba ga Jehofa ba itsiwe lefatshe lotlhe ka go fitlhelela ga bone botsalano jo bo nang le kagiso e e fedisang dikgotlhang tsa bomorafe, tsa bosetšhaba, le tsa lotso. Gone mme, ga ba bolele gore ba fitlheletse ka tsela e e feletseng mokgele wa kutlwano mo lefatsheng lotlhe le tirisanommogo. Fela jaaka motho mongwe le mongwe, ba tshwanetse go dira ka natla gore ba dirise kgakololo eno ya ga moaposetoloi wa Mokeresete e bong Paulo: “Tlhobolang botho jo bogologolo le ditlwaelo tsa jone, mme lo ikapese botho jo bosha.” (Bakolosa 3:9, 10) Le fa go ntse jalo, ba dumela thata gore go dirisa melaometheo ya Baebele go ka thusa batho go ‘senka kagiso le go e latela.’—1 Petere 3:11.

Ka maswabi, Diolimpiki—le fa di ka tswa di na le mekgele e e kwa godimo—di dirile gore batho ba le bantsi ba itshware ka ditsela tse di maswe fela thata. Go farologana le moo, Lefoko la Modimo le le nonofileng le dira gore batho ba bontshe dinonofo tsa bone tse di molemo, le rotloetsa bomolemo le kagiso mo ditšhabeng tsotlhe.

[Ditshwantsho mo go tsebe 24]

Metshameko ya Diolimpiki e rotloetsa kgaisano

[Motswedi wa Setshwantsho]

Aus dem Fundus der MÜNCHNER OLYMPIAPARK GMBH, München

[Ditshwantsho mo go tsebe 25]

Baebele e rotloetsa kagiso