Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Tlhodumela Dilo Tse di sa Bonweng—Go Senola Eng?

Go Tlhodumela Dilo Tse di sa Bonweng—Go Senola Eng?

Go Tlhodumela Dilo Tse di sa Bonweng—Go Senola Eng?

KE ENG se se fitlhelelwang fa batho ba dirisa dilo tse disha tse di tlhamilweng go tlosa sesiro se se fa pele ga bone, jaaka go ne go ka tualo, gore ba bone se pele ba neng ba sa kgone go se bona? Go dira jalo go ka re thusa go bona se pele se neng se sa itsiwe, ka selekanyo se se rileng sa tlhomamisego.—Bona lebokoso le le fa tlase.

Pele go ne go dumelwa thata gore lefatshe le eme mo gare ga lobopo. Mme e ne ya re fa go dirisiwa thelesekoupo go ne ga lemogiwa gore dipolanete, go akaretsa le lefatshe, di dirilwe gore di dikologe letsatsi. Bosheng fela jaana, batho ba ile ba keleka atomo ka boyone ba dirisa dimaekorosekopo tse di nonofileng mme ba bona kafa mefuta mengwe ya diatomo e kopanang le e mengwe ka gone go bopa dilo tse go tweng ke dimolekhule.

Akanya ka tsela e molekhule wa metsi, selo se se botlhokwa mo botshelong, o dirilweng ka yone. Ka ntlha ya tsela e diatomo tse pedi tsa haeterojene di dirilweng ka yone, di kopana ka tsela e e tlhomologileng le atomo e le nngwe ya okosejene go bopa molekhule wa metsi—o dimilione di le diketekete tsa one di leng mo lerothoding lengwe le lengwe! Re ka ithuta eng fa re tlhatlhoba molekhule wa metsi le go sekaseka gore o dira eng fa o le mo maemong a a farologaneng?

Kafa Metsi a Gakgamatsang ka Teng

Le mororo lerothodi lengwe le lengwe la metsi le lebega le nyatsega, metsi ke selo se se raraaneng tota. Tota e bile, mokwadi mongwe wa saense kwa Imperial College, kwa Lontone, Engelane, e bong Dr. John Emsley, o ne a bolela gore metsi “ke nngwe ya dikhemikale tse di sekasekilweng go gaisa tsotlhe, mme go sa ntse go tlhaloganngwa go le gonnye fela ka one.” Makasine wa New Scientist o ne wa bolela jaana: “Metsi ke seedi se se tlwaelegileng thata mo Lefatsheng, mme gape ke se se gakgamatsang go di gaisa tsotlhe.”

Dr. Emsley o ne a tlhalosa gore le mororo metsi a bopegile ka tsela e e motlhofo, “ga go na sepe se se raraaneng go tshwana le tsela e a dirang ka yone.” Ka sekai, o ne a re: “H20 [metsi] e tshwanetse go ka bo e le gase, . . . mme ke seedi. Mo godimo ga moo, fa e swa dikgapetla . . . , popego ya yone e e thata, e leng kgapetla, e a kokobala go na le gore e nwele,” jaaka ka tlwaelo go ne go ka lebelelwa gore e nwele. Malebana le tsela eno e e sa tlwaelegang e metsi a dirang ka yone, Dr. Paul E. Klopsteg, yo pele e neng e le poresidente wa Mokgatlho wa Amerika wa go Tsweledisa Saense Pele, o ne a akgela jaana:

“Eno e lebega e le tsela e e gakgamatsang e metsi a dirilweng ka yone gore a boloke botshelo jwa ditshedi tsa mo metsing tse di jaaka ditlhapi. Akanya fela gore go ne go tla diregang fa metsi a ne a sa dire jaaka go tlhalositswe ka nako ya fa a tsidifala go fitlha a swa dikgapetla. A ne a tla swa dikgapetla go fitlha letsha lotlhe le tlala dikgapetla, mme di bo di bolaya ditshedi tsotlhe tsa mo metsing kana bontsi jwa tsone.” Dr. Klopsteg o ne a bolela gore tsela eno e e sa lebelelwang e metsi a dirang ka yone ke “bosupi jwa gore go na le motho mongwe mo lobopong yo mogolo go gaisa batho botlhe le yo o nang le maikaelelo.”

Go ya ka New Scientist, jaanong babatlisisi ba akanya gore ba a itse gore ke ka ntlha yang fa metsi a dira ka tsela eno e e sa tlwaelegang. Ba dirile thulaganyo ya ntlha e e leng kgopolo fela e e dirisiwang go bolelela pele go kokomoga ga metsi ka nepo. Babatlisisi bano ba lemogile gore “selo se se tlhalosang kgakgamatso eno ke tsela e diatomo tsa okosejene di rulagantsweng ka yone mo teng ga dipopego tseno.”

A seno ga se gakgamatse? Molekhule o o lebegang o le motlhofo jaana o gaka tlhaloganyo ya motho. Mme se lebale gore karolo e kgolo ya boima jwa mebele ya rona ke metsi! A le wena dilo tseno tse di gakgamatsang tse di dirwang ke molekhule ono, wa diatomo tse tharo tsa dielemente tse pedi, di go naya “bosupi jwa gore di dirilwe ke tlhaloganyo e kgolo go gaisa le e e nang le maikaelelo”? Le fa go ntse jalo, molekhule wa metsi o monnye thata e bile ga o a raraana thata go feta dimolekhule tse dingwe tse dintsi.

Dimolekhule Tse di Raraaneng Thata

Dimolekhule dingwe di na le diatomo di le diketekete tsa bontsi jwa dielemente tse 88 tse di leng gone ka tlholego fela mo lefatsheng. Ka sekai, molekhule wa DNA (khutshwafatso ya deoxyribonucleic acid), o o nang le tshedimosetso ya melao ya dilo tse sengwe le sengwe se se tshelang se tla di gotsang, o ka nna le diatomo di le dimilionemilione tsa dielemente di le dintsinyana!

Le fa molekhule wa DNA o raraane thata, bophara jwa kgolokwe ya one ke dimilimetara di le 0,0000025 fela, e leng selekanyo se sennye thata gore se ka bonwa fa e se fela ka thuso ya maekorosekopo o o nonofileng. Ka 1944, e ne ya nna gone borasaense ba lemogang gore DNA e bolela se motho a tla se gotsang. Go ribololwa ga seno go ne ga dira gore batho ba simolole go batlisisa thata ka molekhule ono o o raraaneng thata jaana.

Le fa go ntse jalo, DNA le metsi ke dimolekhule tse pedi fela tsa mengwe ya mefuta e mentsi ya dimolekhule tse di bopang dilo. Mme e re ka go na le dimolekhule tse dintsi tse di fitlhelwang mo dilong tse di tshelang le mo dilong tse di sa tsheleng, a re tshwanetse go fetsa ka gore go tshwanetse ga bo go na le kgato e e motlhofo fela kana pharologanyo e nnye fela magareng ga dilo tse di tshelang le tse di sa tsheleng?

Batho ba le bantsi ga ba bolo go dumela gore go ntse jalo. Michael Denton yo o ithutang matshelo a ditshedi tse dinnyennye o ne a tlhalosa jaana: “Ka bo1920 le bo1930 bakwadi ba le bantsi ba ne ba nna le tsholofelo e e nonofileng ya gore go nna le kitso e e oketsegileng kaga dikhemikale tse di mo ditsheding e tla dira gore go se tlhole go nna le pharologanyo.” Le fa go ntse jalo, go ne ga senolwa eng fa nako e ntse e ile?

Botshelo bo Kgethegile e Bile bo Tlhomologile

Le mororo borasaense ba ne ba lebeletse go bona dilo tse di ka dirang diphetogo, kana metseletsele ya dikgato tse di ka diregang ka iketlo, magareng ga dilo tse di tshelang le tse di sa tsheleng, Denton o ne a lemoga gore kgang ya gore le ka motlha ga go ka ke ga kgonega gore selo se se sa tsheleng se fetoge go nna selo se se tshelang e ne ya “tlhomamisiwa labofelo morago ga gore go ribololwe dilo tse di neng tsa baka diphetogo tse dikgolo tsa thutotshelo ya dimolekhule fa dingwaga tsa bo1950 di simolola.” Fa Denton a bua ka ntlha nngwe e e gakgamatsang e jaanong borasaense ba setseng ba simolotse go e lemoga, o ne a tswelela pele a tlhalosa jaana:

“Gone jaanong ga re tlhole re itse fela gore go na le pharologanyo magareng ga dilo tse di tshelang le tse di sa tsheleng, mme gape re setse re itse gore kgang eno e emela go se tshwane go gogolo le go e leng ga konokono go go leng teng mo dilong tsotlhe tsa tlholego. Go na le pharologanyo e kgolo e motho a ka se kang a kgona go e akanya magareng ga sele e e tshelang le tsamaiso e e raraaneng thata ya dilo tse di sa tsheleng, e e jaaka ya dikiresetale kana manathwana a semathana.”

Seno ga se bolele gore go motlhofo go bopa molekhule. Buka ya Molecules to Living Cells e tlhalosa gore “go dira dikarolo tse dinnye tse di agang dimolekhule go raraane ka bogone.” Le fa go ntse jalo, buka eno e oketsa ka go re, go dira dimolekhule tseno “ga se madirasepe fa go bapisiwa le tiro e e tshwanetseng ya bo e ile ya dirwa fa go ne go dirwa sele ya ntlhantlha e e tshelang.”

Disele di ka tshela ka botsone e le ditshedi tse di ikemetseng ka botsone, jaaka dibakateria, kana di ka nna tsa bereka e le karolo ya setshedi se se tletseng disele tse dintsi, jaaka motho. Go ne go tla tsaya disele di le 500 tsa bogolo jo bo mo magareng go lekana le letshwao la khutlo le le kwa bofelong jwa mola ono. Ka jalo ga go gakgamatse go bo leitlho ka bolone fela le sa kgone go bona dilo tse sele e di dirang. Mme he, ke eng se se senogang fa go dirisiwa maekorosekopo go leba sele e le nngwe fela ya mmele wa motho?

Sele—A e Itlhagetse Fela Kana e Tlhamilwe?

Santlha fela, ga go na gore motho a ka tlhoka go se gakgamadiwe ke tsela e disele tse di tshelang di raraaneng ka yone. Mokwadi mongwe wa saense o ne a akgela jaana: “Gore selenyana e nnye e e tshelang e gole sentle go tshwanetse ga direga diphetogo di le diketekete tsa dikhemikale tse di diregang ka tsela e e rulagantsweng.” O ne a botsa jaana: “Go tla jang gore mo seleng e le nngwe fela e nnye diphetogo tsotlhe tse 20 000 di laolwe ka nako e le nngwe?”

Michael Denton o ne a tshwantsha le e leng sele e nnye go gaisa disele tsotlhe tse di tshelang le “madirelo a mannyennye a mmatota a a nang le diketekete tsa dimolekhule tsa sekametšhine tse di tlhamilweng ka manontlhotlho mme e bile di raraane, mme go raraana gono ga one go feta kgakala motšhine ope o o dirilweng ke motho mme e bile ga go na sepe sa dilo tse di sa tsheleng se se ka bapisiwang le one.”

Go raraana ga sele go sa ntse go gakgamatsa borasaense, jaaka The New York Times ya February 15, 2000, e ne ya akgela jaana: “Fa baitseanape ba thutotshelo ba ntse ba tlhaloganya thata dilo tse di malebana le disele tse di tshelang, maiteko a go batla go tlhaloganya sengwe le sengwe se ba se dirang a lebega a ba kgoba marapo le go feta. Sele e e tlwaelegileng ya motho e nnye thata gore e ka bonwa, le fa go ntse jalo, mo motsotsong mongwe le mongwe mo e ka nnang dijini di le 30 000 tsa tse 100 000 tsa sele eno, di ka nna tsa bo di bereka kana di sa bereke, go diragatsa tiro e sele e tlhokang go e dira ka thulaganyo kana go tsibogela melaetsa e e tswang kwa diseleng tse dingwe.”

Times e ne ya botsa jaana: “Go ka direga jang gore motšhine o monnye jaana le o o raraaneng thata jaana o tlhaloganngwe? Mme tota le fa go ne go ka direga ka motlholo gore batho ba tlhaloganye sele e le nngwe fela ya motho, bobotlana go sa ntse go na le mefuta e le 200 ya disele mo mmeleng wa motho.”

Makasine wa Nature o ne wa bega mo setlhogong sengwe sa yone se se reng “Dienjene Tsa Mmatota Tsa Popo,” gore go fitlhetswe gore go na le metšhinenyana e mennye mo teng ga sele nngwe le nngwe ya mmele wa motho. Metšhinenyana eno e dikologa go dira adenosine triphosphate, e disele di bonang maatla go tswa mo go yone. Rasaense mongwe o ne a ipotsa jaana: “Re ka fitlhelela eng fa re ka ithuta go dira le go aga dithulaganyo tsa dimolekhule tsa metšhine tse di tshwanang le dithulaganyo tsa dimolekhule tse re di bonang mo diseleng?”

Akanya fela ka maatla a go bopa a sele e nang nao! Selekanyo sa tshedimosetso se DNA ya sele e le nngwe fela ya mebele ya rona e nang naso se ka tlatsa mo e ka nnang ditsebe di le milione tsa bogolo jwa tsebe eno! Mo godimo ga moo, nako nngwe le nngwe fa sele e ikgaoganya go dira sele e nngwe e ntšha, yone tshedimosetso eno e fetisediwa mo seleng e ntšha. O akanya gore go tlile jang gore sele nngwe le nngwe—tsotlhe di le dibilione di le 100 mo mmeleng wa gago—e rulaganngwe e na le tshedimosetso eno? A go ne ga itiragalela fela, kana a go ne ga dirwa ke Motlhami mongwe yo Mogolo?

Gongwe o setse o dirile phetso e e tshwanang le e moithutatshelo mongwe e bong Russell Charles Artist a neng a e dira. O ne a re: “Re lebane le mathata a a boitshegang le a tota a leng thata go ka rarabololwa, fa re leka go bona gore [sele] e simologile jang, mme mo godimo ga moo re batla le go itse gore e tswelela e bereka jang, mme se re tlhokang go se dira ke go dumela ka mabaka le ka tlhaloganyo gore botlhale bongwe, motho mongwe, ke ene yo o dirileng gore sele e nne teng.”

Tolamo e e Gakgamatsang ya Dilo

Dingwaga di le dintsi tse di fetileng, Kirtley F. Mather, yo ka nako eo e neng e le porofesa ya jioloji kwa Harvard University, o ne a fitlhelela phetso e e latelang: “Ga re tshele mo lopobong lo lo itlhagetseng fela kana lo lo sa tlhomamang, go na le moo, re tshela mo lopobong lwa Molao le Tolamo. Tsamaiso ya lone e siame gotlhelele mme e tshwanelwa ke go tlotlwa thata. Akanya ka thulaganyo ya dipalo e e gakgamatsang ya tlholego e e re kgontshang go naya elemente nngwe le nngwe ya sengwe le sengwe dinomoro tse di latelanang tsa diatomo.”

Nte re sekaseke ka bokhutshwane “thulaganyo eno ya dipalo e e gakgamatsang ya tlholego.” Dingwe tsa dielemente * tse batho ba bogologolo ba neng ba di itse e ne e le gouta, selefera, kopore, thini le tshipi. Arsenic, bismuth le antimony tsone di ne tsa ribololwa ke bomankge ba go tswakanya dimetale ka nako ya Metlha ya Bogare, mme moragonyana ka bo1700, go ne ga ribololwa dielemente tse dingwe tse dintsi. Ka 1863 spectroscope, se se kgonang go kgaoganya selekanyo se se tlhomologileng sa mebala e elemente nngwe le nngwe e e ntshang, se ne sa dirisiwa go ribolola indium, e e neng ya nna elemente ya bo63 go ribololwa.

Ka nako eo rakhemisi mongwe wa kwa Russia e bong Dmitry Ivanovich Mendeleyev o ne a fetsa ka gore dielemente ga di a ka tsa dirwa fela di sa rulaganngwa. Kgabagare, ka March 18, 1869, pego ya gagwe e e reng “Thulaganyo ya Tsamaiso ya Dielemente” e ne ya balelwa Mokgatlho wa Dikhemikale wa Russia. Mo go yone o ne a bolela jaana: ‘Ke eletsa go tlhoma mofuta mongwe wa thulaganyo e e sa kaelweng ke go itiragalela ga dilo fela mme e kaelwe ke molao mongwe o o tlhomameng le o o nepang dilo.”

Mo pampiring eno e e itsegeng thata, Mendeleyev o ne a bolelela dilo pele jaana: “Re sa ntse re tshwanetse go lebelela gore re tlile go ribolola dilo di le dintsi tse di motlhofo tse re sa di itseng; ka sekai, tse di tshwanang le aluminum le silicon, dielemente tse boima jwa tsone jwa diatomo e leng 65 go ya go 75.” Mendeleyev o ne a lesa diphatlha tse di sa kwalwang sepe gore go tle go tsenngwe dielemente tse dingwe tse disha tse 16. E ne ya re fa a bodiwa gore o na le bosupi bofe jwa dipolelopele tseno tsa gagwe, o ne a araba jaana: “Ga ke tlhoke bosupi. Melao ya tlholego, ga e tshwane le melao ya thutapuo, ga e letle gore go nne le dilo dingwe tse di diregang kwa ntle ga molao. O ne a oketsa jaana: “Ke akanya gore fa go ka direga gore dielemente tsa me tse di sa itsiweng di ribololwe, batho ba le bantsi ba tla simolola go re reetsa.”

Ke sone se tota se neng sa direga! Encyclopedia Americana e tlhalosa jaana: “Mo dingwageng di le 15 tse di neng tsa latela, go ribololwa ga gallium, scandium le germanium, tse dinonofo tsa tsone di neng di batlile di tshwana thata le tse Mendeleyev a neng a di bolelela pele, di ne tsa tlhomamisa botlhokwa jwa periodic table le go dira gore mokwadi wa tsone a tume.” Fa lekgolo la bo20 la dingwaga le simolola, dielemente tsotlhe tse di leng teng di ne di setse di ribolotswe.

Go bonala sentle gore fela jaaka rakhemisi mongwe wa mmatlisisi e bong Elmer W. Maurer a ile a bolela, “ga go ka ke ga kgonega gore thulaganyo eno e ntlentle jaana e itiragalele fela.” Malebana le kgang ya gore go ka tswa go diregile gore thulaganyo eno e e lomaganeng sentle jaana ya dielemente e itiragalele fela, porofesa mongwe wa khemiseteri e bong John Cleveland Cothran o ne a akgela jaana: “Lebaka la go bo kgabagare go ilwe ga ribololwa dielemente tsotlhe tse [Mendeleyev] a neng a bolela go sa le gale gore di tla nna teng, le gore di ne di na le dinonofo tse di batlileng di tshwana le tse a neng a di boleletse pele, le ne la dira gore go se tlhole go nna le kgonagalo epe ya gore thulaganyo eno e ka tswa e itiragaletse fela. Le ka motlha molao ono wa gagwe o mogolo ga o ke o bidiwa Periodic Chance [Molao wa Dilo di Itiragalela Fela].’ Go na le moo, o bidiwa Periodic Law [Molao wa Dilo di Direga ka Thulaganyo].’”

Go ithuta dielemente ka tsela e e tseneletseng le kafa di golaganang ka teng go bopa sengwe le sengwe se se mo lobopong go dirile gore mankge mongwe wa fisikisi yo o itsegeng thata e bong P. A. M. Dirac, yo e neng e le porofesa wa dipalo kwa Cambridge University, a bue jaana: “Gongwe motho a ka tlhalosa kgang eno ka go bolela gore Modimo ke moitse dipalo yo mogolo thata, mme O dirisitse dipalo tsa maemo a a kwa godimo fa a ne a bopa lobopo.”

Ruri go a kgatlha go tlhodumela dilo tse dinnye thata tse di sa kgoneng go bonwa tsa diatomo, dimolekhule, le disele tse di tshelang le masagaripa a magolo thata a dinaledi tse di leng kgakala thata mo leitlho ka bolone fela le ka se kgoneng go a bona! Dilo tseno di kokobetsa motho thata. Wena ka bowena di go ama jang? Dilo tseno di go lemotsha eng? A o bona go feta se matlho a gago a se bonang?

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 31 Dilo tsa motheo tse di nang le diatomo tsa mofuta o le mongwe fela. Ke dielemente di le 88 fela tse di leng gone ka tlholego fela mo lefatsheng.

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 5]

Di Lebelo Thata Gore Leitlho Le ka Di Bona

E re ka motsamao wa pitse e e patakang o le lebelo thata, mo lekgolong la bo19 la dingwaga batho ba ne ba ganetsana ka gore a go na le nako nngwe e mo go yone ditlhakwana tsotlhe tsa yone di sa gateng fa fatshe ka nako e le nngwe. Kgabagare, ka 1872, Eadweard Muybridge o ne a simolola go dira diteko ka go tsaya ditshwantsho tse moragonyana di neng tsa rarabolola kgang eno. O ne a tlhama mokgwa wa go tsaya dibaesekopo tsa ntlha tse di lobelo thata.

Muybridge o ne a tlhomaganya dikhamera di le 24 mme a bo a dira gore di katogane go le gonnye. Go tswa mo setswalong sengwe le sengwe sa khamera, o ne a bofa thapo go kgabaganya lebala, gore fa pitse e pataka mo go lone, e itaye dithapo tseno mme e tswale ditswalo tseno. E ne ya re fa ditshwantsho tseno di tlhatlhobiwa di ne tsa bontsha gore go na le dinako dingwe tse mo go tsone pitse e neng e sa gate fa fatshe gotlhelele.

[Motswedi wa Setshwantsho]

Courtesy George Eastman House

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Ke eng fa metsi a a suleng dikgapetla a kokobala go na le gore a nwele?

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Molekhule wa DNA o dimilimetara di le 0,0000025 ka bophara, mme le fa go ntse jalo, tshedimosetso e o nang le yone e ka tlala ka ditsebe di le milione

[Motswedi wa Setshwantsho]

Computerized model of DNA: Donald Struthers/Tony Stone Images

[Setshwantsho mo go tsebe 8]

Mo seleng nngwe le nngwe ya mmele—tsotlhe di le dibilione di le 100—go direga diphetogo di le diketekete tsa dikhemikale mme di direga ka tsela e e rulagantsweng

[Motswedi wa Setshwantsho]

Copyright Dennis Kunkel, University of Hawaii

[Ditshwantsho mo go tsebe 9]

Rakhemisi wa kwa Russia e bong Mendeleyev o ne a swetsa ka gore dielemente ga di a ka tsa bopiwa di sa rulaganngwa

[Motswedi wa Setshwantsho]

Courtesy National Library of Medicine