Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Matsapa A me A go Dira Ditlhopho Tse di Botlhale

Matsapa A me A go Dira Ditlhopho Tse di Botlhale

Matsapa A me A go Dira Ditlhopho Tse di Botlhale

JAAKA GO BOLETSE GUSTAVO SISSON

Fa ke ne ke na le dingwaga di le 12, le fa gone ke ne ke inaakantse thata le go thuma, ke ne ka swetsa go nna ngaka. Mme le fa go ntse jalo mo e ka nnang ka yone nako eo, ke ne ka simolola go ithuta Baebele mme ka ntlha ya moo ka batla go nna modiredi. Go ne ga diragalang ka dikeletso le dikgatlhego tsa me tse di farologaneng? A di ne di tshwanelana?

KA 1961 Olive Springate, morongwa mongwe wa Basupi ba ga Jehofa kwa Brazil o ne a simolola go ithuta Baebele le nna le Mmè. Ka ntlha ya go ganediwa ke Rre, yo e neng e le ngaka e e neng e tlotliwa kwa Pôrto Alegre, re ne ra tlogela go ithuta. Le fa go ntse jalo, Olive o ne a nna a ikgolaganya le rona, mme kgabagare ke ne ka lemoga boammaaruri mo go se ke neng ke se ithuta. Le fa go ntse jalo, ka nako eo go tshwarega ga me ka go thuma go ne go nkgoreleditse mo dilong tsa semoya.

Fa ke na le dingwaga di le 19, ke ne ka kopana le mosetsana mongwe wa maratagolejwa a bidiwa Vera Lúcia kwa lefelong le ke neng ke thumela kwa go lone, mme ra simolola go ratana. Mmè o ne a bua le ene ka ditumelo tsa rona, mme o ne a kgatlhega. Ka jalo ke ne ka ikgolaganya le Olive mme o ne a simolola go ithuta Baebele le rona, le mororo rraagwe Vera Lúcia a ne a ganetsa.

Vera Lúcia o ne a nna a ithuta mme a tswelela go nna le kitso ya Baebele. O ne a bo a simolola go tshwarela batho ba ba neng ba bereka mo lefelong le ke neng ke thumela mo go lone dithuto tsa Baebele. Ka nako e e tshwanang, ke ne ke tlhomile mogopolo mo go ikatisetseng dikgaisano tsa bosetšhaba tsa go thuma tse di neng di ntse di atamela.

Fa re se na go ithuta le go nna teng kwa dipokanong tsa Bokeresete mo lobakeng lo lo fetang lwa ngwaga, rraagwe Vera Lúcia o ne a simolola go belaela gore go na le sengwe se se diragalang. Letsatsi lengwe fa re boa kwa pokanong, o ne a re emetse mme a batla go itse gore re ne re ile kae. Ke ne ka araba ka gore re ne re ile kwa pokanong ya Bokeresete le gore le fa gone bodumedi e se selo sa botlhokwa mo go ene, mo go rona e ne e le kgang ya botshelo le loso. O ne a re leba ka go re utlwela botlhoko mme a re: “Gone mme, fa e le gore ke kgang ya botshelo le loso, ke tla tshwanelwa ke go amogela dilo jaaka di ntse.” Go tloga ka lone letsatsi leo, boikutlo jwa gagwe bo ne jwa fetoga, mme le fa gone a ise a ko a nne mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, o ne a nna tsala e e gaufi le mothusi ka dinako tsa mathata.

Go Tlhopha

Ke ne ke sweditse go tlogela kgaisano ya go thuma morago ga dikgaisano tsa bommampodi tsa bosetšhaba, mme go fenya ga me gabedi le go nna le rekoto kwa Brazil ya go thuma dimmetara di le 400 le di le 1 500 ka mokgwa o ke o itlhophetseng go ne ga dira gore ke lalediwe go tsenela Metshameko ya Pan American kwa Cali, Colombia, ka 1970. Le fa gone Vera Lúcia a ne a sa rate gore ke ye koo, ke ne ka simolola go ikatisetsa metshameko eno.

Fa ke se na go thuma sentle kwa Cali, bakatisi ba ne ba mpotsa gore a ga ke batle go ikatisetsa metshameko ya Diolimpiki. Ke ne ka akanya ka dithuto tsa me tsa bongaka tse ke neng ke sa di fetsa le ka boammaaruri jo bo gakgamatsang jo ke neng ke bo ithutile malebana le maikaelelo a ga Jehofa mme ka tlogela go latelela mokgele wa me wa go thuma. Go tloga ka nako eo, ke ne ka gatela pele semoyeng ka bonako. Ka 1972, ka ngwaga oo Diolimpiki di neng di tshwerwe ka one kwa Munich, kwa Jeremane, nna le Vera Lúcia re ne ra bontsha boineelo jwa rona mo go Jehofa ka go kolobediwa mo metsing. Seno se ne sa kgothaletsa Mmè go simolola go ithuta Baebele gape, mme fa nako e ntse e ya le ene o ne a kolobediwa.

Fa Mmè a se na go kolobediwa, Rre o ne a ganetsa thata. Kgabagare lelapa la rona le ne la arogana mme e re ka ke ne ke sa ntse ke le kwa yunibesithing, re ne ra tshwanela go tshela ka madinyana a ga Mmè a phenshene le madi a go neng go rekisitswe legae la rona ka one. Ka ntlha ya seo, nna le Vera re ne ra busetsa lenyalo la rona kwa morago. Totatota dithuto tse di molemo tse ke di boneng mo go rre di ne tsa nthusa go dira ditshwetso tse ke di dirileng. Gantsi o ne a tle a re: “O se ke wa boifa go farologana le batho ba bangwe” le “Ga se ka metlha selo se siameng fela ka gonne se dumelwa ke bontsi jwa batho.” Nngwe ya dipolelo tse a neng a di rata e ne e le, “Boleng jwa monna bo lekanngwa ka se a se nayang ba bangwe.”

Jaaka mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, ke ile ka kgona go dirisa kgakololo e e molemo eo ya ga Rre. Ke ne ke le fa thoko ga bolao jwa gagwe fa a ne a tlhokafala ka 1986. Re ne re setse re le ditsala gape e bile re tlotlana. Ke dumela gore o ne a ipela ka nna, e re ka ke ne ka nna ngaka jaaka ene.

Dikgang di sa ntse di eme jalo, ke ne ka aloga kwa sekolong sa bongaka ka 1974. Ke ne ka swetsa go nna ngaka ya malwetse otlhe, mme moragonyana, fa ke sena go akanya thata ka kgang eno, ke ne ka swetsa gore nka thusa bakaulengwe ba me ba Bakeresete thata ka go nna ngaka ya moari. (Ditiro 15:28, 29) Ka jalo ke ne ka amogela kgwetlho eo mme ka fetsa dingwaga di le tharo tse di neng tsa latela ke ithapisetsa go nna ngaka ya moari.

Ntwa e e Gwetlhang ya Semolao

Kgetsi e e hutsafatsang thata e nkileng ka amega mo go yone ke ya mosetsana mongwe wa Mosupi wa dingwaga di le 15 yo o neng a dutlela madi mo teng. O ne a setlhefetse e bile kgatelelo ya gagwe ya madi e le kwa tlase mme le fa go ntse jalo a tlhaloganya se a se dirang mme a nitame tota mo tshwetsong ya gagwe ya go sa batle go tshelwa madi. Fa ke se na go oketsa bolumo ya gagwe ya madi, ke ne ka mo leba ka sedirisiwa se o kgonang go bona mo teng ga mmele wa motho ka sone, mme ka mo tlhatswa karolo e e neng e gobetse ka motswako o o tsididi wa saline go emisa madi a a dutlang. Kwa tshimologong o ne a tokafala, mme diura di le 36 moragonyana, fa a ne a le mo karolong ya balwetse ba ba lwalang thata, ka tshoganetso fela o ne a simolola go dutla madi gape. Le mororo ngaka e e neng e le mo tirong ka nako eo e ne ya leka ka natla, ga ya ka ya kgona go emisa go dutla ga madi le go boloka bolumo ya madi a gagwe e siame, mme mosetsana yono o ne a tlhokafala.

Fa seno se diragala, komiti e e kaga melao ya boitsholo e ne ya emisa dithuto tsa me mme ya isa kgetsi eno kwa lekgotleng la bongaka la mo lefelong leo. Ke ne ka bonwa molato ka go tlola melawana e meraro ya melaometheo ya bongaka ya melao ya boitsholo, e leng selo se se neng sa baya laesense ya me ya bongaka mo kotsing mmogo le se ke itshedisang ka sone.

Komiti e ne ya nnaya lobaka lwa malatsi a le 30 a ke neng ke tshwanetse go e naya mabaka a ke neng ke a kwadile go ipuelela ka one. Babueledi ba me ba ne ba ipaakanyetsa go ntsha mabaka a a kaga melao le melaometheo mme nna ka ipaakanyetsa go ipuelela ka mabaka a kalafi ke thusiwa ke Komiti ya Puisano le Dikokelo ya mo tikologong ya rona, setlhopha sa Basupi ba ga Jehofa se se senkang go thusa bookelo le molwetse go dirisana mmogo. Fa go ne go reeditswe kgetsi eno komiti e e dirang ditaelo e ne e botsa dipotso thata kaga boemo jwa me jaaka ngaka le jaaka mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Le fa go ntse jalo, boiphemelo jwa me bo ne bo ikaegile segolobogolo ka mabaka a kalafi le a saense le ka dipego tsa dingaka tsa baari tse di tlotlegang.

Bosupi jo bo neng jwa ntshiwa bo ne jwa tlhomamisa gore molwetse o ne a ganne go tshelwa madi le gore ke ne ke sa dira sepe go mo tlhotlheletsa go dira tshwetso e e ntseng jalo. Tsheko eno gape e ne ya supa le gore mo dingakeng tse nnè tse go neng ga ikgolaganngwa le tsone, e ne e le nna fela yo o neng a simolotse ka mofuta mongwe wa kalafi e e neng e dumalana le dikeletso tsa molwetse le boemo jwa gagwe jwa kalafi.

Go tswa foo, kgetsi ya me e ne ya isiwa kwa komiting e e neng e tla bouta fa maloko otlhe a le teng. Ke ne ka ipuelela ka molomo ka metsotso e le lesome e mo go yone ke neng ke remeletse fela mo dikgannyeng tsa kalafi, fela jaaka mo mabakeng a ke neng ke a kwadile go ipuelela ka one pelenyana. Morago ga go ntheetsa, maloko a le mabedi a komiti eno a ne a umaka gore le fa gone ke sa ka ka mo tshela madi, kalafi e ke mo e neileng e ne e theilwe gotlhelele mo dilong tsa bongaka. Ngaka e nngwe e ne ya gatelela gore kalafi e e dirwang kwantle ga madi e molemo e bile ga go swe batho ba bantsi mo go yone. Mokhanselara wa bofelo o ne a bolela gore kgang mono e ne e se gore a go tshela motho madi ke kalafi e e molemo kana nnyaa. Kgang e ne e le gore a ngaka e ka naya molwetse kalafi e molwetse a sa e batleng, mme mokhanselara yono o ne a sa akanye gore ngaka e ne e na le tshwanelo eo. Ka jalo, ka bontsi jwa ba le 12 kgatlhanong le ba le 2, bakhanselara ba ne ba bouta ka go dumalana gore go tlosiwe ditatofatso tsotlhe, ka jalo ba mphimole molato gotlhelele.

Go Sireletsa Ditshwanelo Tsa Molwetse

Balaodi bangwe ba tsa kalafi ba ile ba kopa ditaelo tsa kgotlatshekelo go pateletsa balwetse ba Basupi gore ba dumele go tshelwa madi, mme gangwe le gape ke ile ka ntsha bosupi kwa ditshekong tsa kgotlatshekelo jo bo neng jwa thusa go fetola ditaelo tseno. Kgetsi nngwe e ne e ama Mosupi mongwe yo o neng a rurugile ditshika tsa madi mo mometsong, bothata jo bo bakang gore madi a dutlele mo maleng. Fa a ne a robadiwa mo bookelong, o ne a setse a tlhoka disele tse dintsi tse dikhibidu tsa madi—selekanyo sa gagwe sa hemoglobin e ne e le digerama di le 4,7 mo desilitareng nngwe le nngwe. * Kwa tshimologong, ga a ka a patelediwa go amogela madi, mme o ne a newa fela dithuso tsa go okobatsa ditlhabi.

Mme morago ga beke a le kwa bookelong, molwetse o ne a gakgamadiwa ke go etelwa ke modiredimogolo wa kgotlatshekelo a tshotse taelo ya gore a tshelwe madi. Mo lobakeng lono, selekanyo sa gagwe sa hemoglobin se ne se setse se tlhatlogetse go digerama di le 6,4 mo desilitareng nngwe le nngwe mme o ne a lebega a sa koafale. Go bonala moatlhodi a ne a theile tshwetso ya gagwe mo selekanyong sa ntlha sa hemoglobin e seng mo go sa bobedi, se se kwa godimonyana.

Komiti ya Puisano le Dikokelo e ne ya ithaopela go thusa. Molwetse o ne a nkopa gore ke mo tlhatlhobe. Ke ne ka dira jalo mme morago ga moo ke ne ka atlega go mo tsenya mo bookelong jo a neng a ka bona kalafi kwantle ga go tshelwa madi mo go jone. Mo godimo ga moo, babueledi ba gagwe ba ne ba gwetlha taelo ya kgotlatshekelo ya gore molwetse yono a tshelwe madi.

Ke ne ka lalediwa go nna teng mo tshekong fa pele ga moatlhodi, yo o neng a mpotsa kaga boemo jwa molwetse yono. Fa tsheko eno e ntse e tsweletse, o ne a ntaela gore ke tswelele go alafa molwetse yono fa go ntse go buisanwa ka kgang ya gore a taelo ya kgotlatshekelo e ne e tshwanetse. Ka nako ya go reediwa sesha ga kgetsi eno, molwetse o ne a setse a tokafetse e bile a dule kwa bookelong. Fa ke ne ke bilediwa go supa gape, mmueledi wa bookelo o ne a dira gore ke ntshe bosupi jwa gore kalafi e ke neng ke e akantshitse e ne e theilwe mo saenseng. O ne a tlhabiwa ke ditlhong fa ke ne ke ntsha kgang e e mo lokwalopakeng lwa kalafi lo lo gatisitsweng ke jone bookelo jo a neng a bo emetse, mme lo ne lo buelela yone kalafi eo!

Fa tshwetso e ne e ntshiwa, re ne ra itumelela go utlwa gore boemo jwa rona jwa go ikaega ka kalafi ya bongaka go na le go tshela motho madi bo ne bo tshegeditswe. Bookelo bo ne jwa laelwa go duela ditshenyegelo tsotlhe, go akaretsa le dituelelo tsa semolao. Le fa gone bookelo bo ne jwa ikuela, bo ne jwa welwa ke kgetsi gape.

Go Tlhokomela Lelapa la Rona

Fa e sa le ke nna Mosupi, Vera Lúcia o ntse a nkeme nokeng e le molekane yo o ineetseng le mosadi yo o nang le bokgoni le mmè yo o tlhomelang bana ba rona sekao. O ne a kgona jang go lebana le dikgwetlho tsotlhe, go tlhokomela legae la rona le go thusa go tlhokomela bana, ba gone jaanong e leng basha ba ba matlhagatlhaga? O ne a kgona go dira seno ka gonne a rata Jehofa thata le bodiredi jwa Bokeresete.

Jaaka batsadi, re rutile bana ba rona dithuto le melaometheo ya Baebele go tloga ba sa le bannye thata. Le mororo re tshela botshelo jo bo potlakileng thata, re leka go tsenela bodiredi jwa nako e e tletseng ka dikgwedi di le mmalwa ngwaga le ngwaga. Mme re dira bojotlhe jwa rona go ngaparela thulaganyo e e akaretsang go bala Baebele ka metlha, go buisana ka temana ya Baebele letsatsi le letsatsi le go nna re bua le ba bangwe ka ditumelo tsa rona mo bodireding jwa Bokeresete. Bosheng jaana lelapa la rona le ntse le atisa go tshwara dithuto tsa Baebele di ka nna 12 beke le beke le batho ba e seng Basupi.

Gape nna le Vera Lúcia re leka go akaretsa barwa ba rona mo ditirong tsa rona le fa gone, mo godimo ga moo, re tlotla dilo tse ba di ratang. Re dumela gore go na le dilo di le tharo tsa motheo tse di tlhokegang gore batsadi ba tlhokomele malapa a bone sentle. Sa ntlha, thuto e e siameng, e e theilweng mo Lefokong la Modimo e leng Baebele. Sa bobedi, sekao se se siameng, se se nayang bana bosupi jo bo phepafetseng jwa gore batsadi ba bone ba boifa Modimo ka tsela e e tshwanetseng. Mme sa boraro, go tlwaelana sentle le Bakeresete ba dingwaga tse di farologaneng le ba maemo a a sa tshwaneng, ba ba ka kgonang go abela ba lelapa dimpho le bokgoni jo bo farologaneng. Re le banyalani, re itiretse mokgele wa go tlamela lelapa la rona ka dilo tseno.

Fa re leba kwa morago mo dingwageng di ka nna 30 tse re ntseng re direla Jehofa ka tsone, nna le mosadi wa me re ka bolela re sa belaele gore o re neile dilo tsa botlhokwa mo botshelong le go re tlamela ka dilo di le dintsi tse di itumedisang le masego. Le fa gone ke sa ka ka kgona go fitlhelela kwa Diolimpiking, ke sa ntse ke itumelela go thuma dikilometara di le mmalwa ka beke. Ke boammaaruri gore go nna ngaka gape ke le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa go dirile gore ke tshwarege thata, mme le fa go ntse jalo ke go fitlhetse go nkgotsofatsa tota go thusa bakaulengwe le bokgaitsadi ba me ba Bakeresete go tswelela pele mo tirelong ya Modimo le fa ba lebane le diteko.

Gantsi ke bodiwa gore a ga ke tshwenyege gore ke tla latlhegelwa ke tiro fa tsamaiso e ntšha ya Modimo e tla mme go sa tlhole go na le motho yo o lwalang. Ke araba ka gore ke tla nna wa ntlha go tlola ka boipelo fa ‘setlhotsa se tlola jaaka kgama, le loleme lwa semumu lo opela,’ le fa ‘go se na monni ope yo o reng: “Ke a bobola.”’—Isaia 33:24; 35:6 .

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 21 Mogolo yo o tsogileng sentle o na le selekanyo sa hemoglobin ya digerama di ka nna 15 mo desilitareng nngwe le nngwe.

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Ke ara molwetse

[Ditshwantsho mo go tsebe 15]

Ke na le Vera Lúcia, fa tlase ke thuto ya rona ya lelapa