Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Mekgele ya Diolimpiki e mo Mathateng

Mekgele ya Diolimpiki e mo Mathateng

Mekgele ya Diolimpiki e mo Mathateng

E NE ya re fa Baron Pierre de Coubertin a akantsha gore Diolimpiki di tsosolosiwe, o ne a tlhoma mekgele mengwe e mentle. Eleruri, tumelo ya segompieno ka Diolimpiki, ya ga Coubertin, ya re: “Selo sa botlhokwa thata mo Metshamekong ya Diolimpiki ga se go fenya mme ke go tsaya karolo . . . Selo sa botlhokwa ga se fa motho a fentse mme ke fa a lole sentle.”

Coubertin o ne a dumela gore go tsaya karolo mo kgaisanong e e siameng go ka dira gore motho a nne le mekgwa e e siameng, a dire ditshwetso tse di botlhale, a bo a nne le boitshwaro jo bo siameng. O ne a bo a bua le ka ‘bodumedi jwa metshameko.’ O ne a akanya gore Diolimpiki di ka ruta batho go tshela ka kagiso.

Le fa go ntse jalo, e ne ya re fa Coubertin a tlhokafala ka 1937, go ne go sa tlhole go na le tsholofelo epe ya gore dilo tseno di tla direga. Metshameko e ne ya kgaodiwa gangwe ka ntlha ya ntwa ya lefatshe, mme dikgotlhang di ne di ntse di oketsega go baka ntwa e nngwe gape e kgolo. Gompieno, mekgele ya Diolimpiki e mo mathateng a magolo le go feta. Seno se bakwa ke eng?

Diolimpiki le Diokobatsi

Baatlelete ba feditse masomesome a dingwaga ba dirisa diokobatsi tse di dirang gore ba dire sentle mo dikgaisanong gore ba fenye, mme Metshameko ya Diolimpiki le yone e ile ya amiwa ke sebetso seno. Eleruri, dingwaga di le 25 morago ga go simololwa se go tweng ke go tlhatlhoba motho ka tsela e e tseneletseng gore a o dirisitse diokobatsi, go dirisa diokobatsi tse di thibetsweng ga baatlelete ba Diolimpiki e sa ntse e le bothata jo bo tswelelang pele.

Baatlelete bangwe ba dirisa di-steroid gore di ba neye maatla. Ba bangwe ba dirisa dilo tse di ba tlhagafatsang. Dihoromone tse di dirang gore motho a gole mmele di dirisiwa thata ke batabogi ba ba tabogang mabelo a sekgala se sekhutshwane le baatlelete ba bangwe ba ba nonofileng ka gonne di thusa baatlelete go lapologelwa ka bonako morago ga go ikatisa ka natla, e bile di nonotsha le mesifa ya bone. Go sa ntse go le jalo, seokobatsi sengwe se se itiretsweng se se tshwanang le horomone ya erythropoietin, se ratiwa thata ke baatlelete ba le bantsi ba ba tabogang mabelo a sekgala se seleele, ba ba thumang, le ba ba tabogang mo nageng ka gonne se dira gore ba kgone go itshoka ka go oketsa ga sone disele tse dikhibidu tsa madi.

Re tlhaloganya lebaka la go bo Dr. Robert Voy, yo pele e neng e le motsamaisi wa go tlhatlhojwa ga diokobatsi mo bathong wa Komiti ya Diolimpiki ya United States, a bitsa baatlelete “laboratori e e tsamayang.” O oketsa jaana: “Diolimpiki e setse e le lefelo le borasaense, borakhemisi le dingaka tse di sa ikanyegeng di direlang diteko tsa tsone mo go lone.” Go tweng ka ga go tlhatlhoba motho gore a o dirisitse diokobatsi? Dr. Donald Catlin, motsamaisi wa laboratori nngwe kwa United States e mo go yone go tlhatlhobiwang batho gore a ba dirisitse diokobatsi, o bolela jaana: “Moatlelete yo o tlhalefileng yo o batlang go dirisa diokobatsi o setse a dirisa dilo tse re sa kgoneng go di bona fa re tlhatlhoba.”

Pipamolomo le Bonweenwee

E re ka e le dinaga di le mmalwa fela tse di ka kgonang go dira maiteko a gore e nne tsone tse Diolimpiki di tshwarelwang mo go tsone, dingwe tsa tsone di tla dira sotlhe se di ka se kgonang gore e nne tsone tse metshameko eno e tshwarelwang kwa go tsone. Mo e ka nnang dingwaga tse pedi tse di fetileng, Komiti ya Boditšhabatšhaba ya Diolimpiki (IOC [International Olympic Committee]) e ne ya iphitlhela e tletse ka ditiro tsa matlhabisaditlhong. Ditatofatso tsa pipamolomo ya madi a ka nna diranta di le dimilione di le 2,8 tse di neng tsa duelwa maloko a IOC ka nako ya fa Salt Lake City e ne e atlega mo maitekong a yone a gore Metshameko ya Mariga ya 2002 e tshwarelwe kwa go yone e ne ya dira gore go belaelwe bosaikanyegeng jwa batho ba ba tlhophang mafelo a metshameko e tla tshwarelwang kwa go one.

Gantsi go thata go bona sentle gore pharologanyo ke eng magareng ga go amogela baeng le go ntsha pipamolomo ka tlhamalalo ka gonne dinaga tse metshameko eno e ka nnang ya tshwarelwa kwa go tsone di naya batho ba ba tlhophang lefelo la metshameko dimpho tse dintsintsi. Mo e ka nnang maloko a le 20 a IOC a ne a nna le seabe mo ditirong tseno tsa matlhabisaditlhong tsa kwa Salt Lake City, mme kgabagare a le 6 a one a ne lelekwa mo tirong. Malebana le Metshameko ya ngwaga wa 2000 kwa Australia, maiteko otlhe a go dira gore metshameko eno e se nne le ditiro tsa tsietso a ne a nyelela fa poresidente wa Komiti ya Diolimpiki ya Australia a ne a dumela jaana: “Gone mme, bontle jwa toropo ya rona le mafelo a metshameko a re nang le one, ga se tsone fela tse di dirileng gore [metshameko e tshwarelwe mo nageng ya rona].”

Botshelo jwa manobonobo jwa maloko mangwe a magolo a IOC bo ne jwa dira gore batho ba nne le dipelaelo tse dintsi thata. Mookamedi mongwe wa Mokgatlho wa Boditšhabatšhaba wa go Kgweetsa Mekoro, yo o setseng a tlhokafetse e bong Tommy Keller, o kile a bua gore go ya ka tsela e a bonang dilo ka yone, balaodibagolo bangwe ba metshameko ba tsaya Diolimpiki e le tsela ya go “fitlhelela dilo tse ba di batlang ka mabela.” O ne a tswelela pele a bolela gore go lebega ba tlhotlhelediwa ke “go batla madi le go fitlhelela mekgele ya bone.”

Tsela e e Atlegang Thata ya go Dira Madi

Ga go na motho ope yo a ka ganelang gore Diolimpiki di dira madi a le mantsi thata. Ka tlwaelo fela, di ile tsa dira gore batho ba le bantsi ba lebe thelebishene le go dira dipapatso tse di dirang madi a mantsi, mme seno se ne sa dira gore go tshegetsa metshameko eno ka madi e nne tsela e kgolo ya go dira madi.

Akanya ka Diolimpiki tsa 1988, tse mo go tsone dikhampani di le robongwe tsa merafe e le mentsi di neng tsa duela IOC madi a feta diranta di le dimilione di le 700 gore di bone ditshwanelo tsa go gweba mo lefatsheng lotlhe. Metshameko ya 1996 ya Selemo kwa Atlanta e ne ya dira palogotlhe ya diranta di le dimilione di le dikete di le 2,8 gore di bone ditshwanelo tseo. Mme seno ga se akaretse ditshwanelo tse di newang thelebishene. Diteishene tse di farologaneng tsa thelebishene ya kwa Amerika di ne tsa duela diranta di feta dimilione di le dikete tse 24 go bona ditshiamelo tsa go gasa Metshameko ya Diolimpiki magareng ga ngwaga wa 2000 le 2008, mme go ne ga begwa gore mo lobakeng lwa dingwaga di feta di le nnè, mongwe le mongwe wa ba ba 11 mo lefatsheng lotlhe yo o tshegetsang metshameko ka madi, o tlile go tshwanelwa ke go duela diranta di le dimilione di le 581. Ka jalo, batho bangwe ba ile ba bolela gore le mororo Diolimpiki di kile tsa bo di emela kgopolo ya go tlotlomatsa batho, gompieno metshameko eno e setse e le tshono e kgolo thata ya go dira madi e e bontshang bopelotshetlha jwa batho.

Go Senyegile Kae?

Bomankge bangwe ba bolela gore mathata a Diolimpiki a ka latedisiwa ka go sekaseka dilo tse pedi tsa botlhokwa tse di neng tsa simolola go direga fa dingwaga tsa bo1980 di simologa. Selo sa ntlha e ne le tshwetso ya go naya mekgatlho e e ikemetseng ya metshameko ya boditšhabatšhaba tshwanelo ya go bolela gore ke baatlelete bafe ba ba tshwanelegang go tsaya karolo mo metshamekong ya Diolimpiki. Le fa IOC e kile ya bolela gore batsayakarolo e tshwanetse go nna bomagogorwane fela, mekgatlho eno e ne ya simolola go letlelela baatlelete ba diporofeshenale go tsaya karolo mo dikgaisanong tsa Diolimpiki tsa maemo a bone. Le fa go ntse jalo, baatlelete ba diporofeshenale ba ne ba tla ka mekgwa ya bone ya boporofeshenale. Go ‘lwa sentle’ fela go ne go sa ba tsenyetse madi, mme go ise go ye kae go fenya e ne ya nna sone selo sa botlhokwa. Ga go gakgamatse gore seno se ile sa ba tlhotlheletsa go dirisa diokobatsi tse di dirang gore ba dire sentle mo dikgaisanong tsa bone.

Selo sa bobedi sa botlhokwa se ne sa direga ka 1983 fa IOC e ne e tlhokometse gore se mankge wa yone wa go dira madi a a seng kana ka sepe a neng a se bitsa “letshwao la botlhokwa thata le le dirisiwang sentle mo lefatsheng” se se ka sa ba tswa dinaleng—e leng mehitshana ya Diolimpiki. Seno se ne sa jala moya wa go dira kgwebo kwantle ga boithibo e e neng ya nna letshwao la Diolimpiki. Jason Zengerle o ne a akgela jaana: “Le fa go ka buiwa dilo tsotlhe tse di malebana le go rotloetsa kagiso le go dira gore batho ba lefatshe lotlhe ba nne seoposengwe . . . , tota Diolimpiki ga di a farologana ka gope le . . . dilo tse dingwe tsa metshameko tse di dirwang fela gore di bonwe ke batho.” Le fa go ntse jalo, a seno se bolela gore mekgele e e neng ya akantshiwa ke mokgatlho wa Diolimpiki ga e ka ke ya fitlhelelwa?

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 21]

DINTLHA MALEBANA LE DIOLIMPIKI

Letshwao la Diolimpiki le na le mehitshana e le metlhano, e e emelang dikontinente tsa Afrika, Amerika Bokone le Borwa, Asia, Australia le Yuropa. Di gokagantswe gore di bontshe mowa wa botsalano o merafe yotlhe e nang le one mo metshamekong.

Moano wa Diolimpiki ke Citius, Altius, Fortius—o ka Selatine o bolelang “ka bonako thata, kwa godimo thata, ka bopelokgale thata.” Thanolo e nngwe e e reng, “ka bofefo thata, kwa godimo thata, ka maatla thata,” e ne ya tlhamiwa ke motlhatlheledi mongwe go tswa kwa Fora.

Kgabo ya molelo ya Diolimpiki e ne e tuka mo sebesong sa ga Zeus ka nako ya metshameko ya bogologolo. Gompieno go tshubiwa totšhe ka marang a letsatsi kwa Olympia, morago ga moo e bo e isiwa kwa lefelong le metshameko e tshwaretsweng kwa go lone.

Diolimpiki ga di bolo go nna gone ka diketekete tsa dingwaga. Metshameko ya ntlha ya Diolimpiki e e neng ya begwa e ne ya tshwarwa ka 776 B.C.E., mme batho ba le bantsi ba bolela gore metshameko eno e simologile mo e ka nnang makgolo a le matlhano a dingwaga pele ga moo.

[Motswedi wa Setshwantsho]

AP Photo/Eric Draper

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 22]

LEFELO LA DIOLIMPIKI LA KWA SYDNEY

Fa e sa le ka September 1993, fa Sydney e ne e tlhophiwa go nna yone e e tla tshwarang Metshameko ya Diolimpiki ya 2000, motse ono o ntse o ipaakanya ka tlhagafalo go amogela masome a a diketekete a baeng. Go setse go dirilwe tiro e ntsi ya go phepafatsa lefelo leno, go aga mafelo a maemo a a kwa godimo mo lefatsheng, le go fetola mafelo a go latlhelwang matlakala mo go one gore e nne mafelo a a nang le metsi, diparaka, le bokgwelo jwa dinoka tsa diheketara di le 760.

Motse wa Sydney wa Diolimpiki, o o agilweng gore baatlelete le badiredibagolo botlhe ba nne mo go one, ke motse o mogolo go e gaisa yotlhe mo lefatsheng o o nang le motlakase o o berekang ka maatla a letsatsi. SuperDome—e e leng kago e go tshwarelwang metshameko mo teng ga yone le lefelo la go itlosa bodutu e kgolo go di gaisa tsotlhe mo Hemisefereng ya Borwa—e na le thulaganyo e kgolo go di gaisa tsotlhe mo Australia ya motlakase o o berekang ka maatla a letsatsi, mme tsela e o berekang ka yone ga o gotetse atemosefere.

Ka fa morago ga SuperDome eno go eme Setadiamo se se boitshegang sa Diolimpiki se se nang le dibalaka tse di kgogoropo tse di logaganeng. Se agilwe ka madi a a kana ka R3 000 000 000 e bile ke setadiamo sa Diolimpiki se segolo go di gaisa tsotlhe mo lefatsheng, se se nang le manno a le 110 000. Difofane di le nnè tsa modiro wa Boeing 747 di ka ema di bapile mo teng ga setadiamo seno mo karolong ya sone e kgolo! Kwa godimo, go na le dithaele tse di bonaletsang tsa siling tse di sireletsang babogedi mo mogoteng o mogolo wa letsatsi. Motsamaisimogolo wa setadiamo seno e bong Alan Patching o ne a bolela jaana: “Lefelo leno e tlile go nna la botlhokwa thata mo Australia mo dikgweding di le mmalwa mo ngwageng wa 2000.” Morago ga moo a bolelela pele jaana: “Morago ga moo le tla ema jaaka setshwantsho se se kgabisitseng, fela jaaka Opera House.”

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

Baron Pierre de Coubertin

[Motswedi wa Setshwantsho]

Culver Pictures

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 23]

AP Photo/ACOG, HO