Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Se Leitlho ka Bolone Fela le sa Kgoneng go se Bona

Se Leitlho ka Bolone Fela le sa Kgoneng go se Bona

Se Leitlho ka Bolone Fela le sa Kgoneng go se Bona

DIKAROLWANA tse dinnyennye tsa lerole di foka di sa bonwe mo moweng. Mme fa marang a letsatsi a tsena ka fensetere, dikarolwana tseo tse di ntseng di sa bonwe di bonwa ka ponyo ya leitlho. Marang ano a lesedi a a phunyeletsang a bipolola dikarolwana tseno tsa lerole gore motho a di bone.

Akanya gape ka lesedi le re le bonang, le le lebegang le le lesweu kana le se na mmala fa motho a le lebile ka leitlho ka bolone fela. Go diregang fa lesedi la letsatsi le phatsimela marothodi a metsi ka fa letlhakoreng le le siameng? Metsi a nna jaaka kirisetale e tona ya matlhakore a a sa lekalekaneng, a gasanye lesedi leno, mme re bo re bona mebalabala e e farologaneng e mentle!

Totatota, dilo tse di re dikologileng di phatsimisa marang a a farologaneng a lesedi a matlho a rona a a bonang e le mmala. Ka sekai, bojang jo botala ga bo ntshe mmala o motala ka bojone, mme, go na le moo, bo monya mebala yotlhe ya lesedi le le bonalang kwantle ga mmala o motala. Bojang bo re phatsimisetsa makhubu a mmala o motala. Ka jalo, fa re bo leba bo bonala bo le botala mo matlhong a rona.

Go Thusiwa ke Dilo Tse di Dirilweng ke Motho

Mo dingwageng tsa bosheng jaana dilo di le dintsi tse re ntseng re sa kgone go di bona ka matlho a rona fela re setse re kgona go di bona ka go dirisa dilo tse di tlhamilweng tsa segompieno. Re ka kgona go dirisa maekorosekopo o o tlwaelegileng fela go leba lerothodi la metsi le le lebegang le se na ditshedi mo go lone mme re fitlhele gore le tletse ka mefuta e e farologaneng ya dibopiwa tse di tsamayang. Mme fa o lebile leodi la moriri ka leitlho fela le ka lebega le le borethe e bile le lekalekana, mme gone le tlhaga le le magwasipa e bile le le makgawekgawe. Dimaekorosekopo tse di nonofileng thata di ka kgona go godisa dilo ga milione, selekanyo se se tshwanang le sa go godisa setempe sa poso gore se lekane le naga e nnye!

Jaanong babatlisisi ba kgona go bona ditshwantsho tsa gore diatomo di ntse jang fa godimo ka go dirisa dimaekorosekopo tse di nonofileng le go feta. Seno se dira gore ba kgone go bona se pele batho ba neng ba sa kgone go se bona go tla go fitlha bosheng fela jaana.

Ka fa letlhakoreng le lengwe, re ka leba loapi bosigo mme re bo re bona dinaledi. Tse kae? Fa motho a leba ka leitlho ka bolone fela, a ka re o bone tse dintsi fa a bone dikete di le mmalwa fela tsa tsone. Mme batho ba ne ba simolola go bona dinaledi tse dingwe tse dintsintsi fa thelesekoupo e ne e tlhamiwa mo e batlileng e nna dingwaga di le 400 tse di fetileng. Morago ga moo, ka bo1920, thelesekoupo e e nonofileng ya kwa Mount Wilson Observatory e ne ya senola gore go na le masagaripa a a fetang lesagaripa la rona le gore le one a tletse ka dinaledi tse di se nang palo. Gompieno, borasaense ka go dirisa dilo tsa maemo a a kwa godimo tse di dirilweng ke motho go batlisisa loapi, ba fopholetsa gore go na le dibilionebilione tsa masagaripa, a bontsi jwa one a nang le dibilione di le makgolokgolo tsa dinaledi!

Ruri go a gakgamatsa gore dithelesekoupo di ile tsa senola gore dibilionebilione tsa dinaledi, tse di lebegang jaaka Molala wa Tladi ka ntlha ya go lebega di kgotlhagane thata, tota di katogane thata ka dikgala tse di ka se kang tsa akanngwa. Dimaekorosekopo tse di nonofileng le tsone di ile tsa thusa motho go bona gore dilo tse di lebegang di le thata, totatota, di dirilwe ka diatomo tse tota di dirilweng ka diphatlha tse di se nang sepe.

Dilo Tse Dinnye Thata

Selo se sennyennye se se ka bonwang mo maekorosekopong o o tlwaelegileng fela se na le diatomo di feta dimilione di le dikete di le lesome! Le fa go ntse jalo, ka 1897 go ne ga lemogiwa gore atomo e na le dikarolwana tse dinnye tse di dikologang tse di bidiwang diileketerone. Fa nako e ntse e ile, go ne ga fitlhelwa gore nyutlease ya atomo, e diileketerone di dikologang mo go yone, e na le dikarolwana tse dingwe tse dikgolo—dinyuterone le diporotone. Mefuta e le 88 e e farologaneng ya diatomo kana dielemente, e e leng gone mo lefatsheng ka tlholego tota e a lekana, le fa go ntse jalo, e farologana ka boima ka ntlha ya gore nngwe le nngwe e na le palo e e nnang e oketsega ya dikarolwana tseno tse tharo tsa motheo.

Diileketerone—mo kgannyeng ya atomo ya haeterojene, re bua ka ileketerone e le nngwe—di dikologa mo moleng o o dikologang nyutlease ya atomo ka makgetlo a le dimilione di le diketekete ka motsotswana mongwe le mongwe wa bomilione, ka jalo seno se dira gore atomo e nne le sebopego e bile se dira gore e nne jaaka e kete ke selo se se thata. Go ka tlhoka mo e batlileng e nna diileketerone di le 1 840 gore di lekane le selekanyo sa porotone kana nyuterone. Porotone le nyuterone di dinnye go feta atomo yotlhe ka boyone mo e ka nnang ka makgetlo a le 100 000!

Go bona lesedinyana la gore atomo e lolea go le kana kang, leka go akanya ka nyutlease ya atomo ya haeterojene mme o e bapise le ileketerone e e dikologang ya atomo. Fa e le gore nyutlease eno, e e nang le porotone e le nngwe, e ne e lekana le bolo ya thenese, ileketerone ya yone e e dikologang e ne e tla e dikologa e e katogile ka sekgala sa dikilometara di le tharo!

Pego nngwe ya moletlo wa go ketekela dingwaga tse di lekgolo fa e sa le ileketerone e bonwe, e ne ya akgela jaana: “Batho ba le mmalwa ba okaoka go ketekela sengwe se go se nang motho ope yo o kileng a se bona, se se se nang selekanyo se se tlhomameng mme le fa go ntse jalo se na le boima jo bo ka kgonang go lekanngwa, le selekanyo se se rileng sa motlakase—e bile se dikologa jaaka topo. . . . Gompieno ga go na motho ope yo o ganetsang kgopolo ya gore dilo tse le ka motlha re ka se kang ra kgona go di bona di teng.”

Dilo Tse Dinnyennye Thata

Metšhine e e thugang diatomo, e e kgonang go dira gore dikarolwana tsa dilo di itaagane, jaanong e naya borasaense lesedi la gore nyutlease ya atomo e ntse jang mo gare. Ka ntlha ya moo, go setse go kwalwa ka dikarolwana tse dintsi tse di nang le maina a a sa tlwaelegang—di-positron, di-photon, di-meson, di-quark, le di-gluons, fa re umaka di le mmalwa fela. Tsotlhe ga di bonale, le e leng mo maekorosekopong o o nonofileng go di feta tsotlhe. Mme ka go dirisa dilo tse di jaaka di-cloud chamber le di-bubble chamber le di-scintillation counter, go kgonwa go bona matshwao a gore dilo tseno di teng.

Jaanong babatlisisi ba kgona go bona dilo tse pele di neng di sa kgone go bonwa. Jaaka fa ba ntse ba di bona jalo, ba tlhaloganya bokao jwa se ba dumelang gore ke maatla a manè a motheo—maatla a kgogedi, maatla a a gogelang dilo mmogo, le maatla a mabedi a karolwana ya nyutlease a a bidiwang “maatla a a bokoa” le “maatla a a nonofileng.” Borasaense bangwe ba sa ntse ba batlisisa ka se go tweng ke “kgopolo ya sengwe le sengwe,” e ba solofelang gore e tla tlhalosa lobopo ka tsela e e utlwalang, go tswa kwa dilong tse di bogolo jo bo lekaneng gore di ka bonwa ka matlho go ya kwa dilong tse dinnyennye tse motho a kgonang go di bona fela ka go dirisa maekorosekopo.

Re ka ithuta eng fa re bona dilo tse leitlho ka bolone fela le sa kgoneng go di bona? Mme go ya ka se bontsi jwa batho bo se ithutileng, ke ditshwetso dife tse di ileng tsa fitlhelelwa? Ditlhogo tse di latelang di araba dipotso tseno.

[Ditshwantsho mo go tsebe 3]

Ditshwantsho tsa diatomo tsa “nickel” (kwa godimo) le diatomo tsa “platinum”

[Motswedi wa Setshwantsho]

Courtesy IBM Corporation, Research Division, Almaden Research Center