Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Se se Ka Thusang go Tlogela Boganana

Se se Ka Thusang go Tlogela Boganana

Se se Ka Thusang go Tlogela Boganana

KA MMEGADIKGANG WA TSOGANG! KWA FORA

DITIRAGALO tsa bosheng di bontshitse ka papamalo go senyega mo go boitshegang ga molao le tolamo kwa ditoropong tse dintsi tsa maemo a a kwa tlase tsa kwa Fora. Go ya ka makasine wa Sefora e bong L’Express, “thubakanyo ya kwa ditoropong e ntsifetse mo e ka nnang go menagane gatlhano mo dingwageng di le thataro.” Mo go maswe le go feta ke gore palo ya bana ba ba nnang le seabe mo thubakanyong e e setlhogo e oketsegile mo go boitshegang.

Mo godimo ga go senya, go gweba ka diokobatsi, go patika, go fisa dithoto le bogodu, diganana di ntse di tlhasela baemedi ba Puso ka tlhamalalo. Gareng ga ba bangwe, mapodise, batimamolelo le badiri ba dipalangwa tsa batho botlhe ke bone ba ba tlhaselwang ka tlolomolao e e setlhogo ka metlha.

Ke ka ntlha yang fa go na le thubakanyo e ntsi jaana? Baithutaloago ba babedi ba tlhalosa jaana: “Ke go tsuologela sotlhe se balaodi ba se emetseng mo go bakwang ke go phutlhama ga thulaganyo ya lelapa.” Ba umaka gape le “boikutlo [jwa basha] jwa gore balaodi ba ba latlhile” le go tlhoka “tsholofelo ka isagwe e e nang le bokao.”

Basupi ba ga Jehofa ka metlha ba rera molaetsa wa Baebele wa tsholofelo mo mafelong a a tletseng boganana. Mo thulaganyong ya bosheng ya thelebishene ya kwa Fora, mmegadikgang mongwe o ne a akgela jaana: “Basupi ba ga Jehofa ba tsamatsamaya mo metseng e e kwa thoko le mo dikgaolong tsa maemo a a kwa tlase—mafelo ao ka dinako tse dingwe go lebegang a tlhokomologilwe ke ba ditirelo tsa setšhaba, mapodise le puso. Mo dikagong le mo diterateng tseno, ba a bua e bile ba a reetsa.” Tiro ya bone e na le tlhotlheletso e e siameng, jaaka lekwalo le le latelang le le tswang kwa mmading mongwe yo mosha wa Tsogang! le bolela.

“Ke rata go lo leboga ka pelo ya me yotlhe ka ntlha ya dikgatiso tsa lona. Lo nthusitse tota, mme mo godimo ga moo, ke dirisana botoka thata le batsadi ba me. Ke na le dingwaga di le 16 fela mme ke goletse mo Bomoselemeng.

“Se ke batlang go se bolela ke gore lo kgonne go ntatlhisa boganana. Ka jalo, ke dira dilo tumalanong le bodumedi jwa me, mme gape ke bala Baebele. Lo nthusitse le gore ke tswelele pele le sekolo. Mo godimo ga moo, lo thusitse batho ba le mmalwa mo lefelong la rona go latlha boganana ka dimakasine tsa lona—tse ke di ba adimang kgwedi le kgwedi. Ke itumela thata e bile ke ikutlwa ke tshwanetse go lo leboga.”