Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Thoromo ya Lefatshe!

Thoromo ya Lefatshe!

Thoromo ya Lefatshe!

KA MMEGADIKGANG WA TSOGANG! KWA TAIWAN

“Ke ne ke rapame ke bala mo foleteng ya me e e mo boalong jwa borobongwe kwa Taipei fa dipone di nna letobo. Ke fa kamore e simolola go kutuma thata. E ne e kete setshedi sengwe se se boitshegang se ne se phamotse kago se e kgotlhokgotsha. Ke ne ka itatlhela ka fa tlase ga tafole e re ka modumo wa dilo tse di thubaganang mo boalong jo bo fa godimo o ne o dira gore ke boife gore siling e tla tloga e wa. Go ne go utlwala go sa fele.”—Mmegadikgang yo o nnang kwa Taiwan.

THOROMO YA LEFATSHE. Go umakwa fela ga mafoko ano go a boifisa, mme bosheng jaana o ka tswa o ile wa a utlwa gangwe le gape ka tsela e e tshwenyang. Go ya ka Geological Survey ya kwa United States, palo ya dithoromo tse dikgolo tsa lefatshe tse di diragetseng ka 1999 e ne e le kgolo ka tsela e e sa tlwaelegang, mme palo ya batho ba ba neng ba swa ka ntlha ya tsone e ne ya feta palogare ya ngwaga le ngwaga go menagane gabedi.

Thoromo ya lefatshe e e nnileng kgolo go di gaisa tsotlhe ka 1999 e diragetse kwa Taiwan, kwa dipapetla tse pedi tse dikgolo tsa dikontinente tsa kgapa ya boalo jwa lefatshe di rakanang teng. Go na le maphanyego mo kgapeng ya boalo jwa lefatshe a ka nna 51 a a itseweng, fa a kopanngwa otlhe, a a kgabaganyang Taiwan. Ka gone, ga go gakgamatse go bo go begiwa dithoromo di ka nna 15 000 ngwaga le ngwaga mo lefelong leno. Le fa go ntse jalo, di le dintsi tsa tsone di dinnye thata gore di ka utlwiwa.

Ya September 21, 1999 ga e a ka ya nna nnye jalo. Ka 1:47a.m., Taiwan e ne ya reketlisiwa ke thoromo ya lefatshe e e maatla mo e leng gore Poresidente Lee Teng-hui o ne a e bitsa “e e maswe go di gaisa tsotlhe mo setlhaketlhakeng seno mo dingwageng di le lekgolo.” E ne ya tsaya metsotswana e le 30 fela mme ya lekanngwa go nna bogolo jwa 7,6 mo sekaleng sa Richter. * Boteng jwa thoromo eno bo ne bo feta kilometara e le nngwe go se kae fela mme e re ka e ne e se boteng thata ditlamorago tsa yone di ne tsa utlwiwa sentle. Liu Xiu-Xia yo o nnang gaufi le fa thoromo e simolotseng teng o bolela jaana: “Ke ne ka tsosiwa ke go kgotlhokgotshiwa mo gogolo. Fanitšhara e ne ya wa le e leng lobone lwa mo siling lo ne lwa thubagana fa fatshe. Ke ne ke sa kgone go tswa ka gonne kgoro e ne e thibilwe ke dilo tse di neng di ole le digalase tse di thubegileng.” Huang Shu-Hong, yo thoromo eno e neng ya mo latlhela kwantle ga bolao, o ne a lebana le kgwetlho e e farologaneng. O bolela jaana: “Ka yone nako eo motlakase o ne wa tima, ka jalo go ne ga nna lefifi thata. Ke ne ka ya kwa ntle ke tsamaya ke kgopiwa mme ka fetsa bosigo jotlhe le baagelani fa thoko ga tsela. Lefatshe le ne le sa fetse go reketla.”

Maiteko a Phalotso

Fa bosigo bo sa ditlamorago tsa thoromo eno ya lefatshe di ne di bonala sentle. Go ne go ole dikago di ka nna 12 000, go tloga ka matlo go ya go dikago tse di tlhatlaganeng. Fa dikgang tsa kotsi eno ya masetlapelo di ntse di anama, bomankge ba phalotso go tswa kwa dinageng di le 23 ba ne ba tla kwa Taiwan go tla go thusa baithaopi ba mo lefelong leno. Batho ba bantsi ba ne ba sa ntse ba kganeletswe mo tlase ga matlhatlharapa.

Diura tsa ntlha tse 72 morago ga kotsi ya masetlapelo ke tsa botlhokwa thata malebana le go bona bafalodi, mme le fa go ntse jalo mo kgannyeng eno badiri ba phalotso ba ne ba kopana le dikgakgamatso. Ka sekai, go ne ga falotswa mosimane wa dingwaga di le thataro a se na go nna a kganeletswe a sa kgone go tswa ka diura di le 87. Mme kwa Taipei, fa babereki ba ntse ba dirisa motšhine o mogolo go tlosa matlhekge a kago ya bonno e e gosomaneng ya matlhatlaganyane a le 12, ka tshoganetso go ne ga tlhaga lekawana lengwe. Ene le morwarraagwe ba ne ba kganeletswe mo teng ka malatsi a feta a le matlhano, mme ba ne ba falola masetlapelo ano boobabedi!

Le fa go ntse jalo, ka maswabi ga se botlhe ba ba neng go kgona go fitlhelelwa mme badiri ba phalotso ba ne ba nna le dinako dingwe tse di neng di utlwisa botlhoko thata. Ka sekai, moeteledipele wa setlhopha sengwe o ne a bolela jaana ka khutsafalo: “Re ne ra utlwa ngwana a lela go fitlha diura di ka nna robedi tse di fetileng. Go tswa foo a didimala.” Kwa bokhutlong, palo ya batho ba ba suleng kwa Taiwan e ne ya tlhatlogela kwa godimo ga 2 300 mme go ne go gobetse batho ba ba fetang 8 500.

Go Lebana le Ditlamorago

Go ne ga dirwa maiteko a magolo go tlamela batho ba le makgolo a le dikete ba thoromo eno ya lefatshe e ba tlogetseng ba se na matlo ka boitshireletso. Kwa tshimologong, batho bangwe ba ne ba okaoka go boela gape mo teng ga dikago. Seno se a utlwala ka gonne, mo lobakeng lwa malatsi a le lesome morago ga thoromo ya ntlha, go ne ga begwa dithoromo di le dinnye di ka nna 10 000! Nngwe ya tsone e ne e le bogolo jwa 6,8 mo sekaleng sa Richter, mme ya phutlhamisa dikago di le mmalwa tse di neng di setse di koafetse.

Le fa go ntse jalo, tiro ya go namola e ne e ntse e tswelela. Mekgatlho e le mentsi e e sa laolweng ke puso—go akaretsa le ditlhopha tsa phalotso tse di tswang dinageng di sele, setlhopha sa Bobuda sa Tzu Chi le batimamolelo—ba ne ba dirisa nako le botswerere jwa bone go dira tiro eno. Basupi ba ga Jehofa le bone ba ne ba nna le seabe mo tirong ya go namola. Go dumalana le kgakololo e e mo Baebeleng mo go Bagalatia 6:10, ba ne ba na le mekgele e le mebedi. Ba ne ba batla go (1) tlamela ba ba amanang le bone mo tumelong le (2) go direla botlhe molemo, go akaretsa le ba ba seng mo bodumeding le bone.

Mo bofelong jwa letsatsi la ntlha, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba setse ba romela ka dillori dijo, metsi, ditente le didirisiwa tsa go apeela kafa ntle. E re ka ditsela tsotlhe tsa tlhaeletsano di ne di sa dire, bagolwane go tswa kwa diphuthegong di le thataro tse di neng di amegile ba ne ba dira maiteko a magolo a go ya go senka Basupimmogo le bone le ba masika a bone le diithuti tsa Baebele le ba ba kgatlhegang. Basupi ba ba neng ba fitlhelwa ba se na magae ba ne ba rotloediwa go thibelela mmogo e le gore botlhe ba tle ba tlhokomelwe sentle le gore go nne motlhofo go ikgolaganya le bone. Balebedi ba ba etang le maloko a Komiti ya Lekala ya Taiwan ba ne ba etela setlhopha sengwe le sengwe le phuthego nngwe le nngwe go ba kgothatsa.

Kgato e e latelang e ne ya nna go baakanya magae le Diholo Tsa Bogosi tse di neng di senyegile. Phuthego nngwe le nngwe e ne ya dira lenaane la batho ba ba tlhokang thuso. Mme ditlhopha tsa baithaopi di ne tsa romelwa go ya go baakanya fa go tlhokegang teng, di kaelwa ke Komiti ya Kago ya Kgaolo. Pele kgwedi e fela morago ga thoromo, tiro e ne e weditswe.

Gape Basupi ba ga Jehofa ba ne ba thusa le baagelani ba bone ba e seng Basupi. Ka sekai, Basupi ba ne ba etela dikokelo le batho ba ba nnang mo ditenteng go ya go ba gomotsa. Gape ba ne ba dira difotokhopi tsa setlhogo sa “Masetlapelo a Tlholego—Go Thusa Ngwana wa Gago go Lepalepana le One,” se se neng se gatisitswe mo makasineng wa Tsogang! wa July 8, 1996. Batho ba bantsi ba ne ba itumelela go amogela tshedimosetso eno mme ba simolola go e bala ka yone nako eo. Fa ditsela di bulwa, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba romela dillori tse di tletseng dilwana kwa mafelong a a kwa thoko kwa dithabeng a a neng a amilwe thata ke thoromo ya lefatshe.

Batho ba ba ithutang Baebele ba a lemoga gore e sa le e boleletse pele gore metlha ya bofelo ya tsamaiso eno ya dilo e tla tshwaiwa ka “dithoromo tsa lefatshe mo mafelong ka go latelana.” (Mathaio 24:7) Mme le fa go ntse jalo, Baebele e re tlhomamisetsa gape gore mo bogautshwaneng, mo tlase ga taolo ya kagiso ya Bogosi jwa Modimo, motho ga a kitla a tlhola a tshela ka go boifa masetlapelo a dilo tsa tlholego. Ka nako eo ruri lefatshe e tla bo e le paradaise.—Isaia 65:17, 21, 23; Luke 23:43.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 6 Go farologana le seno, thoromo ya lefatshe e e setlhogo thata e e diragetseng kwa Turkey ka August 1999 e ne ya nna 7,4 mo sekaleng mme e ne ya bolaya batho ba bantsi ka makgetlho a le supa go feta ba ba suleng kwa Taiwan.

[Ditshwantsho mo go tsebe 27]

Basupi ba ga Jehofa ba ne ba tshwara dipokano tsa bone ba ntse ba nna mo dikampeng

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Thoromo ya lefatshe e ne ya senya ditsela di le dintsi

[Motswedi wa Setshwantsho]

San Hong R-C Picture Company

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 26]

San Hong R-C Picture Company

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 28]

Seismogram on pages 26-8: Figure courtesy of the Berkeley Seismological Laboratory