Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dithutlwa—Di Goletse Kwa Godimo, Di Maoto Maleele, E Bile di Dintle

Dithutlwa—Di Goletse Kwa Godimo, Di Maoto Maleele, E Bile di Dintle

Dithutlwa—Di Goletse Kwa Godimo, Di Maoto Maleele, E Bile di Dintle

KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA KENYA

MAFIKA a magolo a masetlha a ne a le metsi e bile a le tsiditsana ka mahube a naka tsa kgomo. Re ne re rapame fa gare ga mafika a magolo ano re tshotse meteme e e nang le tee e e fisang re lebile naga ya Afrika kwa tlasenyana. * Bopelotelele jwa rona bo ne jwa nna le matswela. E rile fa letsatsi le ntsha nko, motlhape wa dithutlwa—di goletse kwa godimo, di le maoto maleele, e bile di le dintle—tsa bo di kokoroga go kgabaganya lebala. Di ne di tsamaya bontle ka maoto a tsone a maleele jaaka e kete ka motsamao o o iketlileng, di obile melala ya tsone e meleele e e neng e akgega jaaka dipinagare tsa dikepe di tsamaya go le phefo. Re ne ra didimala ra re tu. E ne e le pono e ntle ruri!

Kwantle ga gore re di iteye tsebe, di ne tsa retologela ka nako e le nngwe fela mo sekgweng sa ditlhare tse di godileng thata tsa mokala mme tsa tlhatlosetsa ditlhogo tsa tsone kwa dikaleng tse di mebitlwa tse di kwa godimo. Mekaloba e e bonolo eno e ne ya simolola go kgetla makakaba a mannye a matala ka matsetseleko le ka kelotlhoko ka diteme tsa tsone tse ditelele. Mo ditlhareng tseo, di eme di le ditelele, di ne tsa sotlhometsa ditlhogo tsa tsone mo gare ga setlhopha sa dintlhaga tsa dithaga mme tsa ja fela go se letsapa lepe le le di fisang pelo. Dinonyane di ne tsa tsosa modumo go kgalema baitaletsi bano ba ba melala e meleele. E re ka di ne di tshositswe ke modumo ono, motlhape ono o ne wa ya kwa ditlhareng tse dingwe ka tidimalo le ka seriti.

Di Lobelo e Bile di a Kgatlha

Motho ope fela yo o boneng diphologolo tseno di tswaletswe kwa serapeng sa diphologolo melala ya tsone e tlhageletse, a ka go fitlhela go le thata go akanya kafa tota di leng dintle ka gone le kafa di kgatlhang ka gone fa di le mo nageng e bile di gololesegile fela mo sekgweng sa Afrika. Dithutlwa di tsamaya ka tsela e e kgatlhang thata le gone kwantle ga bothata bope. Fa di ntse di taboga mo mafelong a a bulegileng a a tletseng bojang, tsela e di lebegang ka yone e e bokoa, jaaka e kete ga di thata, e dira gore go lebege e kete di ka kgotšwa ke selo se sennye fela thata di bo di wa. Go farologana le moo, thutlwa e kgolo e tonanyana e e boima jwa dikilogerama di le 1 300 e ka se kgotšwe e bile e kgona go taboga ka lobelo lo lo fitlhang go lwa dikilometara di le 60 ka ura.

Sebopiwa se se kgatlhang seno se fitlhelwa mo Afrika fela. Bonolo jwa yone le bokgwabo jwa yone di dira gore go nne monate go e lebelela. Sefatlhego sa thutlwa se ka tlhalosiwa e le se se tlhomologileng le se se rategang, e na le ditsebe tse ditelele tse ditshesane le dinaka tse pedi tse dinnye tse fa godimo ga tsone go nang le maodi a moririnyana o montsho o o borethe. Matlho a yone a magolo thata e bile a mantsho, a sireleditswe ke dintshi tse ditelele tse di itshophileng. Fa thutlwa e leba kgakala kwa e kgonang go bona sentle gone ka ntlha ya boleele jwa yone, sefatlhego sa yone se lebega jaaka e kete e shwegashwegela go itse sengwe.

Mo metlheng ya bogologolo thutlwa e ne e ratiwa e bile e tseelwa kwa godimo thata ka ntlha ya ponalo ya yone e e kgatlhang le mokgwa wa yone wa go tshaba batho, tidimalo, le bokgwabo jwa yone. Dithutlwa tse dinnye di ne di newa babusi le dikgosi e le dimpho tse di tshwantshetsang kagiso le botsalano jwa ditšhaba. Gompieno ditshwantsho tse di phimogileng tsa dithutlwa di sa ntse di bonala mo matlapeng a Afrika a di pentilweng mo go one.

E Telele

Thutlwa ke phologolo e telele go di feta tsotlhe. Tse ditonanyana tse di godileng ka botlalo di ka nna boleele jwa dimetara di le 5,5 go tswa mo ditlhakwaneng tsa tsone go fitlha kwa dinakeng. Mo mokwalong wa go tshwantsha wa bogologolo wa Egepeto, thutlwa e ne e tshwantshetsa lediri la “go porofeta,” kgotsa “go bolelelapele” le le supang go golela ga yone kwa godimo thata le bokgoni jwa go bonela kgakala.

Thutlwa e ntse jaaka tora ya tebelo fa e eme fa gare ga ditlhopha tsa dipitse tsa naga, bontšhwe, diphala, le diphologolo tse dingwe tse di tshelang mo mabaleng a Afrika. Boleele jwa yone le go bona sentle ga yone go dira gore e kgone go bonela kgakala le go lemoga kotsi epe e e atamelang go sa ntse go na le nako. Ka jalo, ga go na pelaelo gore boleele jwa yone bo sireletsa diphologolo tse dingwe.

Kgakgamatso ya Popo

Thutlwa e dirilwe ka tsela e e gakgamatsang tota gore e fule mo dikaleng tse di kwa godimo ga tse dingwe tsotlhe tsa ditlhare tse ditelele, kwa go sa fitlheleleng phologolo epe e nngwe fa e se tlou fela. Tsela e e tlhomologileng e pounama ya yone e e fa godimo e e kgonang go tshwara e dirilweng ka yone le loleme lwa yone lo lo obaobegang di dira gore e kgone go kgetla makakaba mo dikaleng tse di tlhabang le mo gare ga mitlwa.

Dithutlwa di ka ja dikilogerama di le 34 tsa dimela ka letsatsi. Le mororo di kgona go ja dimela di le dintsi tse ditala tse di farologaneng, di rata thata ditlhare tsa mokala tse di mitlwa tse di tletseng mo mabaleng a Afrika. Thutlwa e tonanyana fa e batla dijo e kgona go lelefatsa loleme lwa yone gore le nne disentemetara di le 42. Molala wa thutlwa o kgona go obaobega fela thata. Seno se dira gore thutlwa e kgone go soka tlhogo ya yone e telele le go e sekamisa ka ditsela tse di gakgamatsang fa e ntse e tsena ka matsetseleko mo gare ga dikala tse di kwa godimo tsa ditlhare.

Go motlhofo gore thutlwa e tlhatlosetse tlhogo kwa godimo, mme ga go motlhofo go le kalo gore e nwe metsi. Fa e atamela lekadiba la metsi, thutlwa e tshwanelwa ke gore e phatlalatse maoto a yone a kwa pele ka iketlo e bo e oba mangole ka bobedi gore e kgone go nwa metsi. Fa e eme ka tsela e e maswe eno, thutlwa e lelefatsa molala wa yone o motelele gore o bo o felele pele ga e ka nwa. Se se itumedisang ke gore thutlwa ga e tlhoke go nwa metsi gangwe le gape, e re ka gantsi e bona metsi a mantsi mo makakabeng a a nang le matute a e a jang.

Thutlwa e na le meralo e mesweu e e matswakabele, e mentle e bile e le mesesane mo molaleng wa yone le kafa matlhakoreng a yone, e e dirang popego e e tshwanang le ya matlhare a a logagantsweng. Mebala ya yone e farologana go tswa go e e borokwa jo bosetlhana go ya go e e borokwa jo bo tseneletseng, tota le bontsho. Fa thutlwa e ntse e tsofala, mebala ya yone e a tsenelela.

Botshelo Jwa Lelapa

Dithutlwa ke diphologolo tse di ratang go tsamaya mmogo di sa kitlana thata e le motlhape wa di le 2 go ya go di le 50. Fa e namagadi e dusa, e nna ka ngwana mo mpeng lobaka lwa malatsi a le 420 go ya go a le 468 pele ga e tsala ngwana yo o boleele jwa dimetara di le pedi. Fa namanyane ya yone e tsalwa, e wela fa fatshe ka tlhogo dimetara di feta tse pedi! Mme mo metsotsong e le 15, ngwana yono, yo o sa gobalang, o tla bo a leka thata go ema ka dinao mme morago ga moo o tla bo a siametse go anya. Morago ga dibeke di le pedi kgotsa di le tharo, namanyane ya thutlwa e simolola ka boyone fela go kumakuma mo dintlheng tsa dikala tse dinnye tsa mokala e bo e nonofa ka bonako gore e kgone go tsamaya mmogo le mmaayone yo o dikgato ditelele.

Ngwana wa thutlwa o tshwana kgo le batsadi ba gagwe. Le fa a le mokhutshwane fa go iwa ka gore dithutlwa di kana kang, o motelele go gaisa batho ba le bantsi. Go a kgatlha go lebelela namanyane ya thutlwa fa e eme e sa boife sepe e ntse e sekaseka tikologo e e leng mo go yone mmaayone yo moleele a ntse a e tlhokometse.

Mo pakeng ya fa dithutlwa di tsala, bana ba tsone ba bewa mo lefelong le ba tlhokomelwang mo go lone ka ditlhopha, mo ba fetsang letsatsi lotlhe ba ikhuditse, ba tshameka, e bile ba etse tlhoko se se diragalang mo tikologong ya bone. Namanyane ya thutlwa e e sa tswang go tsalwa e gola ka lobelo lo lo gakgamatsang. Mo dikgweding di le thataro fela namanyane ya thutlwa e ka gola ka metara o le mongwe, e bile boleele jwa yone bo ka menagana gabedi mo ngwageng o le mongwe. Mo bekeng e le nngwe fela, namanyane ya thutlwa e ka gola ka disentemetara di le 23! Mmaayone o e sireletsa fela thata, mme le fa a letla namanyane ya gagwe gore e tsamaele kgakalanyana, tsela e a bonang sentle ka yone e mo thusa gore a nne a ntse a e bona.

Ka ntlha ya go golela ga yone kwa godimo, go nna majato ga yone, lobelo lo e nang le lone mmogo le go bona sentle thata, thutlwa ga e na baba ba le bantsi mo nageng kwantle ga ditau. Le fa go ntse jalo, batho ke bone ba ntseng ba tsoma phologolo e ntle eno ba bo ba e bolaya ka bontsi. E re ka e tsomelwa letlalo la yone le lentle, nama ya yone e e monate, le maodi a maleele a mantsho a mogatla—a bangwe ba dumelang gore a na le maatla a masaitseweng—phologolo e e botsalano eno jaanong e lebane le isagwe e e sa tlhomamang. Dithutlwa tseno tse di kileng tsa bo di le dintsi mo dikarolong tse dintsi tsa Afrika, di nna di bolokesegile fa fela di tswaletswe mo teng ga serapa sa diphologolo le mo mafelong a di tsenngwang mo go one gore di sirelediwe.

Gompieno, baeng ba ba tlileng go bona diphologolo mo Afrika ba sa ntse ba kgatlhwa thata ke go bona dithutlwa tse di melala meleele di itsamaela fela ka kgololesego mo mafelong a a bulegileng a a tletseng bojang. Mo mafelong ao, di bonwa di fula mo ditlhareng tsa mokala tse di goletseng kwa godimo tse di mebitlwa kgotsa di eme fela di lebile kwa kgakala ka mokgwa o dithutlwa di ratang go dira ka one. Phologolo e ntle eno, e e nang le popego e ntle e e sa tlwaelegang e bile e le bokgwabo, ruri e dirilwe ka tsela e e gakgamatsang—e leng bosupi jo bongwe jwa popo e e dirilweng ka botlhale le botho jo bo tlhomologileng jwa Modimo mothatayotlhe, e bong Jehofa.—Pesalema 104:24.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 3 Dithotana tse dinnye tse di phatlaletseng tsa mafika mo mabaleng a a bulegileng a Afrika di bidiwa di-kopje.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 18]

KGAKGAMATSO E E MOLALA MOLEELE

Popego e e sa tlwaelegang ya mmele wa thutlwa le bogolo jwa yone di tshwanetse tsa bo di e tshwarisa bothata—kgotsa motho a ka akanya jalo. E re ka thutlwa e goletse thata kwa godimo e bile e na le molala o moleele, go ka nna ga bonala go sa kgonege gore madi a elele mo dikarolong tsotlhe tsa mmele wa yone. Ka sekai, fa thutlwa e isa tlhogo ya yone kwa tlase, maatlakgogedi a tshwanetse go dira gore madi a ye ka bontsi kwa tlhogong, a tlale mo bobokong jwa yone. Mme fa thutlwa e tsholetsa tlhogo, madi a yone a tshwanetse a bo a ya kwa tlase kwa pelong, a dira gore e idibale. Le fa go ntse jalo, seno ga se direge. Ka ntlha yang?

Go elela ga madi a thutlwa ruri go dirilwe ka tsela e e gakgamatsang, e e botlhale e e tsamaisanang sentle le popego e e tlhomologileng ya mmele wa yone le bogolo jwa yone. Pelo ya yone e kgolo thata mme e tshwanetse go itaya thata gore e romele madi kwa bobokong jo bo ka nnang bokgakala jwa dimetara di le tharo le halofo go tswa fa go yone. Pelo ya yone e e itayang makgetlo a le 170 ka motsotso, e dira gore methapo ya pelo e e bokima jwa disentemetara di le supa e nne le kgatelelo ya madi e e fetang ya motho gararo. Gore kgatelelo e e ntseng jalo ya madi e direge kwantle ga go baka mathata ape, tshika e e bidiwang carotid, e e isang madi kwa bobokong, le e e bidiwang jugular, e e busetsang madi kwa pelong, di tshwanetse go nna dikgolo. Ee, ditshika tseno tsa madi di bokima jo bo fetang disentemetara di le 2,5 e bile di nonotshiwa ke dithishu tse di taologang, tse di dirang gore di obaobege bonolo di bo di nne thata.

Fa thutlwa e isa tlhogo kwa tlase, dibelefo tse di leng mo tshikeng e e bidiwang jugular di thibela madi gore a se ka a ya kwa bobokong. Mo karolong e e kwa tlase ya boboko, tshika e kgolo ya madi e e bidiwang carotid e kopana le tse dingwe tse di matswakabele tse di dirilweng ka tsela e e gakgamatsang. Fa madi a a elelang ka bontsi go ya kwa bobokong fa thutlwa e isa tlhogo kwa tlase a fitlha mo go tsone, a fokotsa lobelo ka go tsena mo teng ga ditshika tse di kgethegileng tseno tse di matswakabele tse ditshesane tse di laolang kgatelelo ya madi le go sireletsa boboko gore madi a se ka a tsena ka bontsi mo go jone. Ditshika tse di matswakabele tseno di a buduloga fa tlhogo e ya kwa tlase di bo di nna ditshesane gape fa thutlwa e tsholetsa tlhogo, di dira gore kgatelelo ya madi e se ka ya fokotsega thata le gore thutlwa e se ka ya ngatega.

Molala wa thutlwa le one o dirilwe ka tsela e e gakgamatsang. Borasaense ba ile ba gakgamadiwa ke go lemoga gore molala o moleele ka tsela e e gakgamatsang wa thutlwa o na le marapo a a lekanang le a molala wa peba kgotsa wa diamusi tse dingwe tse dintsi! Le fa go ntse jalo, go farologana le diamusi tse dingwe tse dintsi, marapo a molala wa thutlwa one a maleelenyana e bile sokete le lesomelo la one di dirilwe ka tsela e e kgethegileng, e e dirang gore molala o obaobege ka tsela e e gakgamatsang. Ka jalo, thutlwa e kgona go oba le go soka molala wa yone gore e latswe dikarolo tsotlhe tsa yone tsa mmele kgotsa go tlhatlosetsa tlhogo ya yone ka matsetseleko kwa dikaleng tse di kwa godimo tsa setlhare gore e je.