Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Eng Fa ke Le Mosesane Jaana?

Ke Eng Fa ke Le Mosesane Jaana?

Basha ba Botsa Jaana . . .

Ke Eng Fa ke Le Mosesane Jaana?

JUSTIN o mosesane e bile o itekanetse sentle mme ga a itumelele tsela e mmele wa gagwe o leng ka yone gotlhelele. O bolela jaana: “Ke leka go oketsa boima jwa mmele wa me.” Ka jalo, jaanong o ja ga tlhano ka letsatsi, mme dijo tse a di jang di na le dikilojoule di le 16 800. Le fa go ntse jalo, o batla gore boima jono bo okediwe ke mesifa e e thata. Ka jalo o tswelela jaana: “Malatsi mangwe pele ga re ya mmerekong, nna le tsala nngwe ya me re tsoga phakela re bo re tsamaya mmogo go ya kwa lefelong la boitshidilelommele go ya go tsholetsa ditshipi.”

Vanessa le ene o mosesane. Le fa go ntse jalo, o kgotsofalela boima jwa mmele wa gagwe thata. Vanessa o gakologelwa jaana: “Fa ke ne ke sa ntse ke le monnye, bana ba bangwe ba ne ba tlwaetse go nthumola mme ba mpitsa mantshese. Le fa go ntse jalo, ga ke tlhole ke tshwenyega ka gone. Ke amogela mmele wa me fela jaaka o ntse.”

‘Go amogela mmele wa gago fela jaaka o ntse.’ Eno e utlwala e le kgakololo e e molemo. Le fa go ntse jalo, e ka nna ya nna kgakololo e o fitlhelang go le thata go e dirisa. Jaaka o le mosha, o ka nna wa tswa o le mo nakong ya “go thunya ga bosha.” (1 Bakorintha 7:36) Nako e segolobogolo e tshwenyang thata ke ya fa mmele o fetoga ka bonako, e e itsegeng e le nako ya go golela mo bokaung kana mo bokgarebeng. Ka nako ya fa o golela mo bokaung kana mo bokgarebeng, dikarolo tsa mmele wa gago di ka nna tsa gola ka tsela e e sa tshwaneng; matsogo, maoto le tebego ya sefatlhego sa gago di ka nna tsa lebega di sa tsamaelane ka gope le mmele wa gago. * Seno se ka dira gore o ikutlwe o sa tshwane le batho ba bangwe e bile o se montle. Gape ntlha ke gore ga se basha botlhe ba ba golang ka lebelo le le tshwanang. Ka jalo le fa bangwe ba balekane ba gago ba ka tswa ba na le mmele o o dinamanama kana mmele o montle wa sesadi, wena o ka nna wa bo o sa ntse o lebega o le mosesane fa o ipapisa le bone.

Le mororo go ile ga buiwa dilo tse dintsi ka basha ba ba akanyang gore ba nonne thata, gantsi basha ba ba itlhokomolosiwang ke ba ba akanyang gore ba basesane thata. Seno se ka tswa se le boammaaruri thata mo ditsong dingwe le mo dinageng dingwe tse mo go tsone go akanngwang gore fa motho a le mosesane ga a montle. Mo mafelong ao mosetsana yo mosesane a ka nna a rumolwa ka tsela e e seng monate ka ntlha ya go bo e le “mantshese.”

Go tweng ka basimane? Go ya ka mmatlisisi Susan Bordo, “dipatlisiso tse di malebana le popego ya mmele tse di neng tsa dirwa masome a dingwaga pele ga dingwaga tsa bo80, di ile tsa bontsha gore fa basadi ba [ne ba] iteba mo seiponeng, ba ne ba bona bogole fela mo mebeleng ya bone.” Banna bone? Bordo o tswelela jaana: “Banna ba ne ba iteba mo seiponeng mme ba bo ba bona ba siame fela kana e bile ba le botoka go feta jaaka go ne go akantswe.” Le fa go ntse jalo, seno se simolotse go fetoga mo dingwageng tsa bosheng jaana. E re ka Bordo a lemogile gore go na le banna ba ba fetang kwatara ba ba baakanyang dikarolo tsa mebele ya bone ka go ariwa, o tlhalosa gore ditshwantsho tsa mebele e e “itekanetseng” e e bontshiwang mo diphasalatsong tsa diaparo tsa banna tsa ka fa teng kwa United States le kwa dinageng tse dingwe tsa Bophirima, ke tsone di dirang gore gone jaanong makau a bo a kgatlhegela thata go nna le mebele e e nonofileng. Go a utlwala go bo seno se ile sa tlhotlheletsa basha ba basimane fela thata. Ba ka nna ba ikutlwa ba sa kgotsofala fa ba se na mebele e e dinamanama e e tshwanang le ya dimotlelara tsa banna.

Ka jalo, fa o le mosesane, o ka nna wa iphitlhela o ipotsa gore, ‘Ke eng se se phoso ka nna?’ Dikgang tse di monate ke gore go ka nna ga bo go se sepe se se phoso ka wena.

Lebaka La go Bo o Le Mosesane

Mo basheng ba le bantsi, go lebega go siame fela go nna mosesane. Gantsi go a bo go bakwa ke ditlamorago tsa go gola ka bonako le tsa thulaganyo e e bonako ya go sila dijo tse di diregang ka nako ya bosha. Gantsi thulaganyo ya gago ya go sila dijo e tla iketla fa o ntse o gola. Le fa go ntse jalo, fa e le gore o mosesane ka tsela e e feteletseng le fa gone o ntse o ja dijo tse di nang le dikotla, go ka nna molemo gore o ye go bona ngaka gore e tlhole mathata ape fela a botsogo a o ka tswang o na le one, jaaka bolwetse jwa sukiri, jo bo ka dirang gore motho a ote.

Steven Levenkron, yo e leng mankge yo o itsegeng thata wa mathata a go sa je sentle, o ne a bolelela Tsogang! jaana: “Ke gakologelwa mosadi mongwe yo mosha yo a neng a otile thata yo a neng a romelwa kwa go nna go twe o tshwerwe ke anorexia, mme o ne a lebega jaaka motho yo o nang le bothata jwa go sa je sentle. Le fa go ntse jalo, ka bonako fela ke ne ka lemoga gore bothata jwa gagwe bo ne bo bakwa ke mathata a mmele e seng a tlhaloganyo. Ngaka ya lelapa la gagabo e ne e sa kgona go bona bolwetse jwa Crohn—bolwetse jwa mala. Phoso eno e ka bo e ile ya bolaya mosetsana yono.” Fa e le gore o na le bolwetse jwa sukiri kana bolwetse bope fela jo bo dirang gore o ote, o dira sentle fa o latela kgakololo ya ngaka ya gago ka kelotlhoko.

Gone ke boammaaruri gore ka dinako tse dingwe go ota e ka nna letshwao la gore motho o tshwenyegile thata mo maikutlong. Mo bukeng ya gagwe ya Anatomy of Anorexia, Dr. Levenkron o bolela ka dilo tse di neng tsa buiwa ke babatlisisi bangwe gore palo e e kwa godimo ya “batho ba ba nang le bolwetse jwa sukiri ba ba tshelang ka go itlhaba insulin ba na le mathata a go sa je sentle, go simolola ka bothata jwa go ipolaisa dijo go feta selekanyo, go ya go bulimia le anorexia.” Ngaka e e tshwanelegang e ka kgona go tlhola gore a motho o na le bothata joo jwa go sa je sentle. *

Dikakantsho Tse di Mosola

Mma re re gongwe o bone ngaka ya gago le gore o mosesane mme o itekanetse sentle. Jaanong ke eng se o tshwanetseng go se dira? Mo go Jobe 8:11, Baebele e bua jaana: “A motsitla o ka gola go se na loraga? A mophutlo o ka gola go se na metsi?” Fela jaaka semela se gola sentle fa se le mo tikologong e e siameng e bile se otliwa sentle, ka jalo le wena o tlhoka go ja dijo tse di nang le dikotla fa e le gore o batla go nna mogolo yo o itekanetseng sentle. Seno se botlhokwa le fa o ka tswa o leka go oketsa kana go fokotsa boima jwa mmele wa gago.

Le fa go ntse jalo, o se ka wa raelesega go simolola go ja dijo tse dintsi tse di tletseng mafura gore o tle o oketse boima jwa mmele wa gago ka bonako. E ne ya re fa moitseanape mongwe wa tsa dijo tse di nang le dikotla e bong Susan Kleiner a dira patlisiso malebana le tsela e batho ba ba tsholetsang ditshipi ba jang ka yone, o ne a lemoga gore ba ja dijo tse di nang le dikilojoule di ka nna 25 000 ka letsatsi! Mme go ya ka Kleiner, “selo se se tshwenyang thata se ba neng ba se lemoga mo patlisisong eno e ne e le gore ka kakaretso ba ne ba ja digerama di feta 200 tsa mafura ka letsatsi. Seno ke selekanyo se se batlileng se lekana le sa mafura a motho o a fitlhelang mo diphuthelwaneng tse pedi tsa botoro tsa digerama di ka nna 125! Mafura ano a lekane go ka lwatsa bontsi jwa batho mo nakong e khutshwane. Fa nako e ntse e tsamaya, go ja mafura a mantsi jalo ka metlha go tla felela ka gore motho a nne le bolwetse jwa pelo.”

Go ya ka Lephata la Temothuo la United States, dijo tse di itekanetseng di dirwa ke dikhabohaetereite tse di jaaka dinkgwe, dijo tsa dithoro, reise le pasta. Dijo tse dingwe tse di botlhokwa ke merogo le maungo. Lephata leno la Temothou la United States le akantsha batho go ja selekanyo se se lekaneng fela sa dinama le dilo tse di dirilweng ka mashi.

Go tlhola gore o ja eng le gore o ja dijo tse di kana kang, o ka nna wa leka go nna le buka e o kwalang dilo tseno mo go yone. Fetsa beke o tshwere bukana e e tsenang mo potleng, mme o kwale sengwe le sengwe se o se jang le nako e o se jang ka yone. O ka nna wa gakgamadiwa ke go bona gore ga o je thata jaaka o akanya, segolobogolo fa ka metlha o nna o le makgabe a dipapetla. Jaaka o le mosha yo o matlhagatlhaga, o ka nna wa dirisa motlhofo fela dikilojoule di le 12 600 kana go feta ka letsatsi! Gape o ka nna wa fitlhela gore ga o je dijo tse di nang le dikotla ka tsela e e tshwanetseng—o ja dijo tse dintsi thata tse di dirwang ka bonako tse di jaaka di-burger le di-pizza mme ga o je maungo le merogo e mentsi.

Go tweng ka dilo tse di jang madi a mantsi tse di nayang mmele dikotla? Di ka nna tsa bo di sa tlhokege. Bomankge ba le bantsi ba dumela gore o ka kgona go nna le dikotla tsotlhe tse mmele wa gago o di tlhokang ka go ja dijo tse di itekanetseng. Mo godimo ga tsotlhe, tila go dirisa dilo tse go tweng di rarabolola mathata ka bonako tse di jaaka di-anabolic steroid. Sebe sa phiri ke gore, go dirisiwa ga di-steroid ka tsela e e sa siamang ga se bothata jo bo leng mo basheng ba basimane fela. The New York Times e bega jaana: “Go dirisiwa thata [ga di-steroid] ke basetsana, go babatlisisi bangwe ba bolelang ka boripana gore ke mofuta mongwe wa bolwetse o o farologaneng le wa anorexia, go ile ga fitlhelela selekanyo se basimane ba neng ba di dirisa ka sone ka bo1980.” Palo e e tshosang ya basetsana ba basha ba le 175 000 kwa United States ba dumela gore ba dirisa di-anabolic steroid. Diokobatsi tseno di ile tsa amanngwa le ditlamorago tse dintsi tse di kotsi, tse di jaaka go tswa moriri o o sa batlegeng mo sefatlhegong, go se bone kgwedi sentle le kankere ya mabele mo basading, kankere ya prostate mo banneng, le methapo e e kabetseng ya madi le kankere ya sebete mo basading mmogo le mo banneng. Motho ga a tshwanela go dirisa di-steroid kwantle ga taelo le tlhokomelo ya ngaka.

Go Nna Boikokobetso le go Amogela Dilo Jaaka di Ntse

Baebele e re bolelela gore re ‘sepele ka boikokobetso le Modimo wa rona.’ (Mika 6:8) Boikokobetso bo dira gore motho a lemoge mo a tlhaelang teng. Boikokobetso bo tla go thusa gore o amogele mmele wa gago ka tsela e o leng ka yone. Nnyaa, ga go sepe se se phoso ka go batla go lebega o le montle. Le fa go ntse jalo, go tshwenyega thata ka tsela e o lebegang ka yone ga go solegele motho ope molemo—gongwe fa e se fela madirelo a difeshene le a dijo. Bomankge ba tsa boitekanelo jwa mmele ba dumela gore monna yo o mo dingwageng tse di mo magareng ga a na dijini tse di siameng gore a ka nna mankge wa go tsholetsa ditshipi wa maemo a a kwa godimo mo lefatsheng, le fa a ka tswa a ja sentle kana a ikatisa thata jang. Mme fa o le mosetsana, e ka nna ya bo e le gore mmele wa gago ga o kitla o oketsega, le fa o ka tswa o ja thata go le kana kang.

Se se kgatlhang ke gore go itlhokomolosa diaparo tsa gago go le gonnye fela go ka nna ga go thusa thata gore o ntshe mo mogopolong dilo tse o ka tswang o akanya gore di bontsha gore go na le dilo dingwe tse di phoso ka mmele wa gago. Tila go apara diaparo tse di senolang dilo tse di ntseng jalo tsa mmele wa gago go sa tlhokege. Batho bangwe ba akantsha gore motho a apare diaparo tse di mebala e e sa tsenelelang, ka gonne mebala e e tseneletseng e na le go dira gore batho ba basesane ba lebege ba le basesane le go feta.

Gape, gakologelwa gore selo se se botlhokwa go gaisa ponalo ya gago ke botho jwa gago. Fa nako e ntse e tsamaya, monyenyo o o itumedisang le mokgwa wa gago wa bopelonomi di tla thusa thata gore o nne montle mo bathong ba bangwe go na le mesifa e e kokomogileng kana mosese mongwe wa saese e e rileng. Fa ditsala tsa gago di go tlaopa ka metlha ka ntlha ya tsela e o lebegang ka yone, senka batho ba ba go ratelang se o leng sone ka fa gare—se Baebele e se bitsang “motho wa sephiri wa pelo.” (1 Petere 3:4) Sa bofelo, le ka motlha o se ka wa lebala gore “motho o leba bokafantle, mme Jehofa o leba pelo.”—1 Samuele 16:7.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 5 Bona ditlhogo tsa “Basha ba Botsa Jaana” . . . se se reng “A ke Gola Sentle?” mo makasineng wa Tsogang! ya October 8, 1993.

^ ser. 12 Bona ditlhogo tsa “Basha ba Botsa Jaana . . . ” tse di reng “Ke ka Ntlha Yang fa ke Tshwenyegile Thata ka Boima Jwa Mmele wa Me?” le “Nka Fenya Jang go Tshwenyega Thata ka Boima Jwa Mmele wa Me?,” mo dimakasineng tsa rona tsa May 8, le June 8, 1999.

[Setshwantsho mo go tsebe 14]

Basha bangwe ga ba ithate ka go bo ba le basesane