Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Lefatshe—A le ‘Theilwe’ Fela ka Tshoganyetso?

Lefatshe—A le ‘Theilwe’ Fela ka Tshoganyetso?

Lefatshe—A le ‘Theilwe’ Fela ka Tshoganyetso?

LEFATSHE le tshwanetse go dikologa le le bokgakala jo bo siameng go tswa mo letsatsing gore go se ka ga nna le mogote o o feteletseng. Mo dithulaganyong tse dingwe tsa masedi, go ile ga bonwa dipolanete tse di dikologang dinaledi tse di tshwanang le letsatsi mme go bolelwa gore di mo ‘karolong e ditshedi di ka kgonang go tshela mo go yone’—ke gore, di kgona go tshola metsi. Le fa go ntse jalo, dipolanete tseno tse go tweng ditshedi di ka kgona go tshela mo go tsone di sa ntse di ka nna tsa se tshwanelege gore batho ba ka tshela mo go tsone. Le tsone di tshwanetse go dikologa ka lebelo le le siameng e bile di nne bogolo jo bo siameng.

Fa lefatshe le ka bo le le lennye e bile le le motlhofo go feta jaaka le ntse, maatlakgogedi a ne a tla nna bokoanyana mme bontsi jwa atemosefere e e botlhokwa thata ya lefatshe e ka bo e nyeletse mo lefaufaung. Seno se ka bonwa mo kgannyeng ya ngwedi le dipolanete tse pedi tsa Mercury le Mars. E re ka di le dinnye e bile di na le boima jo bo kwa tlase ga boima jwa lefatshe, di na le atemosefere e nnye kana e bile ga di na yone gotlhelele. Le fa go ntse jalo, go tweng fa e le gore lefatshe le ka bo le le legolonyana e bile le le boimanyana go feta jaaka le ntse?

Maatlakgogedi a lefatshe a ne a tla nonofa thata, mme digase tse di motlhofo, jaaka haeterojene le heliamo, di ne di tla tsaya nako e telele go tswa mo atemosefereng. Bukathuto ya saense ya Environment of Life e tlhalosa jaana: “Selo se se botlhokwa le go feta ke gore seno se ne se tla ama tsela e e bokoa e digase tsa atemosefere di lekalekanang ka yone.”

Kana akanya ka okosejene, e e gakatsang molelo. Fa selekanyo sa yone se ne se ka oketsega ka peresente e le nngwe, melelo ya dikgwa e ne e tla runya gangwe le gape. Ka fa letlhakoreng le lengwe, fa gase e e gotetsang atemosefere, e leng carbon dioxide, e ne e ka nna e ntse e oketsega, lefatshe le ne le tla gotela thata.

Modiko o Lefatshe le Dikologang mo go One

Karolo e nngwe e e kgatlhang ke tsela e modiko o lefatshe le dikologang mo go one o bopegileng ka yone. Fa modiko oo o ka bo o le motopo thatanyana, go ka bo go na le dithemperetšha tse di feteletseng tse re sa kgoneng go di itshokela. Go na le moo, lefatshe le dikologa mo modikong o o batlileng o nna kgolokwe. Gone ke boammaaruri gore boemo bo ne bo tla fetoga fa polanete e kgolo jaaka Jupiter e ne e ka feta fa gaufi. Mo dingwageng tsa bosheng jaana, borasaense ba ile ba bona bosupi jo bo bontshang gore dinaledi dingwe di na le dipolanete tse dikgolo tse di tshwanang le Jupiter tse di dikologang gaufi thata le tsone. Bontsi jwa dipolanete tseno tse di tshwanang le Jupiter di dikologa mo medikong e e motopo. Dipolanete dipe fela tse di tshwanang le lefatshe tse di neng di ka bo di le mo thulaganyong eo di ka bo di le mo bothateng.

Moithutadinaledi Geoffrey Marcy o ne a bapisa dithulaganyo tseno tsa dipolanete tse dingwe le dipolanete di le nnè tsa Mercury, Venus, Lefatshe le Mars, tse di dirang thulaganyo ya rona e e mo gare ya masedi. Fa Marcy a ne a botsolodiwa, o ne a bua jaana ka kgakgamalo: “Bona kafa [thulaganyo] eno e itekanetseng ka teng. E tshwana le lebenya. Go na le mediko e e kgolokwe. Yotlhe e na le bogodimo jo bo lekanang. Yotlhe e dikologela ntlheng e le nngwe. . . . Go bonala e kete e laolwa ke maatla mangwe a a sa tlwaelegang.” A ruri seno go ka twe se itiragaletse fela?

Thulaganyo ya rona ya masedi e na le karolo e nngwe e e gakgamatsang. Dipolanete tse dikgolo thata e leng Jupiter, Saturn, Uranus le Neptune di dikologa letsatsi di le kgakala sentle le rona. Go na le gore dipolanete tseno di re boifise, di na le seabe sa botlhokwa thata. Baithutadinaledi ba ile ba di tshwantsha le ‘digopaleswe tsa magodimo’ ka gonne maatlakgogedi a tsone a gopa di-meteor tse dikgolo tse di ka nnang tsa tsenya botshelo jwa mo lefatsheng mo kotsing. Eleruri, lefatshe le ‘theilwe’ sentle thata. (Jobe 38:4) Le legolo ka tsela e e siameng sentle e bile le beilwe mo lefelong le le siameng sentle mo thulaganyong ya rona ya masedi. Mme ga go felele fano. Lefatshe le na le dilo tse dingwe tse di tlhomologileng tse di botlhokwa thata mo botshelong jwa batho.

Okosejene le Fotosentesese

Diatomo tsa okosejene di boima jwa diperesente di le 63 jwa ditshedi tse di mo lefatsheng. Mo godimo ga moo, okosejene e e mo atemosefereng e e kwa godingwana e sireletsa dimela le diphologolo tse di mo lefatsheng gore di se ka tsa tlabolwa ke marang a a mogote a letsatsi. Le fa go ntse jalo, okosejene e bonako go fetoga fa e kopana le dielemente tse dingwe, jaaka fa e kopana le tshipi go dira gore e ruse. Mme jaanong, atemosefere e dira jang gore e nne e ntse e na le diperesente di le 21 tsa elemente eno e e fetofetogang thata jaana?

Karabo ke fotosentesese—tsela e e gakgamatsang e dimela mo lefatsheng di dirisang lesedi la letsatsi ka yone go dira dijo. Fotosentesese e tlhagisa okosejene—ditone di feta dimilione di le sekete tsa yone di ntshediwa mo atemosefereng letsatsi lengwe le lengwe. The New Encyclopædia Britannica e tlhalosa jaana: “Fa go se na fotosentesese, dijo tse di botlhokwa tse re di tlhokang ga di kitla di felelwa ke dikotla fela mme gape Lefatshe le tla nna le se na okosejene.”

Dibukathuto tsa saense di na le ditsebe di le mmalwa tse mo go tsone go tlhalosiwang fotosentesese kgato ka kgato. Dikgato dingwe ga di ise di tlhaloganngwe ka botlalo. Batho ba ba dumelang thutotlhagelelo ga ba kgone go tlhalosa gore kgato nngwe le nngwe e tlholegile jang mo selong se se sa raraanang. Eleruri, kgato nngwe le nngwe e lebega e raraane thata. The New Encyclopædia Britannica e bolela jaana: “Ga go na kgopolo e e dumelwang ke batho botlhe ya gore fotosentesese e simologile jang.” Motho mongwe yo o dumelang mo thutotlhagelelong o ne a tlodisa bothata jono matlho ka go bolela gore fotosentesese e ne ya “simololwa” ke “disele tse di simololang go gola.”

Polelo eno, le mororo e se ya saense, e senola sengwe se le sone se gakgamatsang: Fotosentesese e tlhoka go nna mo teng ga disele tse e tla kgonang go direga sentle fa e le mo teng ga tsone, mme go tlhokega gore disele di ikoketse gore thulaganyo eno e nne e direge. A dilo tseno tsotlhe di itiragaletse fela mo “diseleng” di le mmalwa “tse di simololang go gola”?

Go Tswa go Sele e e Ikoketsang go Fitlha go Motho

A go ka twe go itiragaletse fela gore diatomo di ikokoanye mmogo go dira sele e e sa raraanang e e kgonang go ikoketsa? Rasaense mongwe yo a neng a gapa Sekgele sa Nobel e bong Christian de Duve o ne a bua jaana mo bukeng ya gagwe ya A Guided Tour of the Living Cell: “Fa o tsaya gore sele ya baketeria e nnile gone ka tsela ya gore diatomo tsa yone di ikokoanye ka botsone fela, le fa o ka leta ka bosakhutleng ga o kitla o nna le sele e e ntseng jalo.”

Go tla go fitlha fano, mma re lese go bua ka sele e le nngwe fela ya bakateria mme re bue ka dimilione di le diketekete tsa disele tse di kgethegileng tsa ditshikana tse di bopang boboko jwa motho. Borasaense ba tlhalosa boboko jwa motho ba re ke selo se se raraaneng go feta dilo tsotlhe mo lobopong lo re lo itseng. Ruri bo tlhomologile. Ka sekai, dikarolo tse dikgolo tsa boboko jwa motho di bidiwa megolagang. Megolagang eno e tlhotlha melaetsa e e tswang kwa karolong ya boboko e e fetisang melaetsa eno. Megolagang mengwe e e ka fa morago ga phatla ya gago e dira gore o kgone go akanya ka dilo tse di gakgamatsang tsa lobopo. A ruri go itiragalela fela ga dilo go ka tlhalosa gore megolagang eno e nnile gone jang? “Ga o ka ke wa fitlhela dikarolo tse di tshwanang le tseno tse di botlhokwa thata jaana mo phologolong le fa e le epe fela,” go bolela jalo Dr. Sherwin Nuland yo o dumelang mo thutotlhagelelong mo bukeng ya gagwe ya The Wisdom of the Body.

Borasaense ba ile ba supa gore boboko jwa motho bo kgona go tlhotlha tshedimosetso ka lebelo le le fetang la khomputara e e nonofileng go di gaisa tsotlhe. Gakologelwa gore boranyane jwa gompieno jwa khomputara bo nnile gone ka ntlha ya maiteko a batho ba a dirileng ka masomesome a dingwaga. Go tweng ka boboko jo bo maatla jwa motho? Borasaense ba babedi, e bong John Barrow le Frank Tipler, ba bolela jaana mo bukeng ya bone ya The Anthropic Cosmological Principle: “Batho ba le bantsi ba ba dumelang mo thutotlhagelelong ba dumela gore kgang ya gore dilo tse di botlhale tse di tshelang di itlhagetse fela, tse go kgona go tlhotlha tshedimosetso ga tsone go tshwanang le ga di-Homo sapien [batho], ga e boammaaruri gotlhelele mo e leng gore ga go bonale e le selo se se kileng sa direga mo polaneteng le fa e le epe fela mo lobopong lotlhe lo re kgonang go lo bona.” Borasaense bano ba konela ka gore, go nna gone ga rona “go diragetse fela ka lesego le legolo thata.”

A Dilo Tseno Tsotlhe di Itiragaletse Fela?

Wena o swetsa ka goreng? A ruri go ka tswa go diregile gore lobopo lono lo lo nang le dilo tse di gakgamatsang jaana lo itlhagele fela? A ga o dumele gore mmino mongwe le mongwe o o monate thata o tshwanetse wa bo o tlhamilwe ke mongwe le gore diletswa di tshwanetse go rulaganngwa sentle gore mmino ono o utlwale o le monate? Go tweng ka lobopo lwa rona lo lo gakgamatsang? “Re tshela mo lobopong lo lo rulagantsweng sentle,” go bolela jalo mankge mongwe wa dipalo e bile e le moithutadinaledi e bong David Block. O ne a swetsa ka goreng? “Lobopo lwa rona ke legae. Ke dumela gore lo bopilwe ke seatla sa Modimo.”

Fa e le gore le wena o swetsa jalo, ga go pelaelo gore o tla dumalana le kafa Baebele e tlhalosang Mmopi, Jehofa ka gone, fa e re: “O dirile lefatshe ka nonofo ya gagwe, o tlhomamisitse lobopo ka botlhale jwa gagwe, o tsharolotse magodimo ka tlhaloganyo ya gagwe.”—Jeremia 51:15.

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 8, 9]

POLANETE E E KGETHEGILENG

Maemo a a kgethegileng mo lefatsheng a a bakwang ke bogolo jwa lone jo bo lekaneng, dielemente tse le nang le tsone, le ke modikologo wa lone o o batlang o nna kgolokwe o o bokgakala jo bo lekaneng sentle go tswa kwa naleding e e sa bolong go nna teng, e leng letsatsi, a dirile gore metsi a kgone go kokoana mo godimo ga lefatshe. Ga re kgone go akanya fela gore botshelo bo ne bo ka simolola jang go se na metsi.”—Integrated Prin­ci­ples of Zoology, Kgatiso ya Borataro.

[Motswedi wa Setshwantsho]

NASA photo

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 10]

BOTSHELO—A BO ITLHAGETSE FELA?

Ka 1988, buka nngwe e e lekang go tlhalosa kafa botshelo bo ka tswang bo itlhagetse fela ka gone e ne ya sekasekiwa bosha mo lokwalopakeng lwa Search, lo lo gatisitsweng ke Mokgatlho wa Australia le New Zealand wa go Tsweledisetsa Saense Pele. Mo tsebeng e le nngwe fela ya buka eno, mokwadi wa saense e bong L. A. Bennett o ne a fitlhela “dipolelo di le 16 tse di ikakanyeditsweng fela ke batho, nngwe le nngwe e ikaegile ka e e tlang fa pele ga yone gore e tle e dumelwe.” Bennett o ne a konela jang fa a sena go bala buka eno yotlhe? O ne a kwala jaana: “Go motlhofo thata go amogela gore Mmopi yo o lorato thata o ne a simolola botshelo ka ponyo ya leitlho a bo a bo kaela mo ditseleng tsa jone tse di nang le [boikaelelo] . . . go na le go dumela ‘dikgopolo tse dintsintsi tse di se nang bokao tsa gore dilo di itiragaletse fela’ tse mokwadi a di tlhokang go tshegetsa dikgopolo tsa gagwe.”

[Ditshwantsho]

Fotosentesese e botlhokwa thata mo go direng dijo le mo modikologong wa okosejene

Ke eng se se dirang gore lefatshe le nne le dilo tse di tlhokegang gore botshelo bo nne bo ntse bo le teng?

Borasaense ba tlhalosa boboko jwa motho ba re ke selo se se raraaneng go gaisa dilo tsotlhe mo lobopong. Ke jang go ka tweng bo ile jwa itlhagela fela?

[Metswedi ya Ditshwantsho]

Photo: Zoo de la Casa de Campo, Madrid

Monte Costa, Sea Life Park Hawaii

[Ditshwantsho mo go tsebe 8, 9]

Bogolo jwa dipolanete di bontshitswe ka selekanyo sa tsone

Letsatsi

Mercury

Venus

Lefatshe

Mars

Jupiter

Saturn

Uranus

Neptune

Pluto

[Metswedi ya Ditshwantsho]

Sun: National Optical Astronomy Observatories; Mercury, Jupiter, and Saturn: Courtesy of NASA/JPL/Caltech/USGS; Venus and Uranus: Courtesy of NASA/JPL/Caltech; Earth: NASA photo; Mars: NASA/JPL; Neptune: JPL; Pluto: A. Stern (SwRI), M. Buie (Lowell Obs.), NASA, ESA