Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Lobopo Lwa Rona lo lo Gakgamatsang—A lo Itlhagetse Fela?

Lobopo Lwa Rona lo lo Gakgamatsang—A lo Itlhagetse Fela?

Lobopo Lwa Rona lo lo Gakgamatsang—A lo Itlhagetse Fela?

BATHO bangwe ba bolela jaana: ‘Ebu, lobopo lwa rona lo itlhagetse fela.’ Ba bangwe, segolobogolo ba bodumedi, ga ba dumalane le kgang eno. Ba bangwe bone ba sa ntse ba sa itse. Wena o dumela eng?

Le fa o ka tswa o leba dilo jang, ga go pelaelo gore o tla dumela gore lobopo lwa rona lo a gakgamatsa. Akanya ka masagaripa a dinaledi. Go ile ga fopholediwa gore go na le masagaripa a ka nna dimilione di le dikete di le 100 mo lobopong lo re kgonang go lo bona. Lesagaripa lengwe le lengwe le dirwa ke setlhopha sa dinaledi go simolola ka tse di kwa tlase ga dimilione di le sekete go ya go tse di fetang bilione.

Bontsi jwa masagaripa bo ntse ka ditlhopha tsa masagaripa a le mmalwanyana go ya go a le dikete di le dintsi. Ka sekai, go ile ga tlhalosiwa gore lesagaripa la Andromeda le le bapileng le la rona le tshwana le lesagaripa la rona la Molala wa Tladi. Masagaripa ano a mabedi a a boitshegang a kopanngwa ke maatlakgogedi. One mmogo le masagaripa a mangwe a le mmalwa a a bapileng le one, a bopa karolo ya setlhopha sa masagaripa.

Lobopo lo dirilwe ka ditlhopha di le dintsintsi tsa masagaripa. Ditlhopha dingwe tsa masagaripa di tshwaragantswe le tse dingwe ka maatlakgogedi, gore di bope ditlhopha tse dikgolo tse di bidiwang di-supercluster. Le fa go ntse jalo, maatlakgogedi ga a kgone go tshwaraganya ditlhopha tsa masagaripa tse dikgolo go feta tseno. Borasaense ba tlhokometse gore di-supercluster tseno di a katogana. Ka mafoko a mangwe, lobopo lo a atologa. Selo se se gakgamatsang seno se ba se lemogileng se dira gore ba dumele gore dilo di simologile lobopo lo le lonnye thata e bile lo kitlane thata. Gantsi go bolelwa gore lobopo lo simologile fa sengwe se ne se thunya ka maatla a magolo.

Borasaense bangwe ga ba dumele sentle gore a motho o tla tsamaya a kgona go itse gore lobopo lo tlhodilwe jang. Ba bangwe ba akanya gore go ka direga gore lobopo lwa rona lo nnile gone kwantle ga gore lo dirwe ke motho mongwe yo o botlhale. Lokwalopaka lwa January 1999 lwa Scientific American, lo ne lwa tlotla ka setlhogo se se reng “Lobopo lo Simologile Jang?” Go setse go fitlhetswe dikgopolo dingwe tsa borasaense di se na bosupi. Makasine ono o bolela jaana: “Ka maswabi, go ka nna ga nna thata tota . . . gore baithutadinaledi ba tlhomamise epe fela ya dikgopolo tseno.”

Kgopolo ya gore lobopo lo itlhagetse fela e tlhoka gore motho a dumele mo go se borasaense ba se tlhalosang e le dilo tse dintsi “tse di itiragalelang fela” kana “kwelano.” Ka sekai, lobopo lo dirilwe ka diatomo di le dintsintsi tse di sa raraanang thata—haeterojene le heliamo. Le fa go ntse jalo, botshelo ga bo tlhoke haeterojene fela mme gape bo tlhoka le diatomo tse dingwe tse dintsintsi tse di raraaneng, segolobogolo khabone le okosejene. Borasaense ba ne ba tlhola ba ipotsa gore diatomo tseno tse di botlhokwa thata jaana di tswa kae.

A go itiragaletse fela gore diatomo tse di raraaneng jaana tse di tlhokegang go tsweledisetsa botshelo pele di dirwe mo teng ga dinaledi dingwe tse dikgolo thata? Le gone a go itiragalela fela gore dingwe tsa dinaledi tseno tse dikgolo thata di thunye jaaka dinaledi tsa di-supernova, di bo di gasetsa kwa ntle letlotlo la tsone la diatomo tse di sa tlwaelegang? Sir Fed Hoyle, yo a neng a na le seabe mo go direng dipatlisiso tseno, o ne a bolela jaana: “Ga ke dumele gore rasaense ope fela yo o tlhatlhobileng bosupi o tla palelwa ke go konela ka gore melao ya fisikisi ya dinyutlease e tlhamilwe ka boomo.”

Ka jalo, a re sekasekeng ka kelotlhoko selo se lobopo lwa rona lo dirilweng ka sone.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 4, 5]

KGOPOLO YA GO ATOLOGA GA LOBOPO KA BONAKO

Borasaense bangwe ba dumela gore matshwao mangwe a lobopo lwa bogologolo, a a jaaka lobelo lo lo tlhomameng lo lo atologang ka lone, a ka tlhalosiwa kwantle ga go batla botlhale jwa motho mongwe yo o lo dirileng. Ba tshegetsa seno ka kgopolo kana dikgopolo tsa go atologa ga lobopo ka bonako. Le fa go ntse jalo, kgopolo ya go atologa ga lobopo ka bonako ga e bue sepe ka tshimologo ya dilo. E batla gore motho a dumele mo go sengwe se pele se neng se le teng se lobopo lwa rona lo neng lwa tlhaga ka tshoganyetso mo go sone.

Go ya ka kgopolo ya go atologa ga lobopo ka bonako, lobopo lo ne lo lo lonnye go feta atomo mme lwa gola ka nako e e kwa tlase ga motsotswana lwa feta losagaripa lwa rona lwa dinaledi. Go bolelwa gore go tloga ka nako eo go ya pele, lobopo lo ne lwa tswelela lo ntse lo atologa ka iketlo, ka lobelo lo lo tlwaelegileng. Gompieno, go bolelwa gore karolo e re kgonang go e bona ya lobopo lwa rona ke karolwana e nnye fela ya lobopo lo logolwane. Batho ba ba tshegetsang kgopolo ya gore lobopo lo ne lwa atologa ka bonako, ba bolela gore go itiragaletse fela gore lobopo lo re kgonang go lo bona lo bo lo lebega lo rulagantswe sentle lotlhe fela. Ba bolela gore karolo e kgolwane e re sa kgoneng go e bona, e ka tswa e farologane, gongwe e bile e tlhakatlhakane. Moithutadipolanete mongwe e bong Geoffrey Burbidge o bolela jaana: “Ga go ka ke ga dirwa teko ya go bona gore a lobopo lo ne lwa atologa ka bonako.” Tota e bile, kgopolo ya gore lobopo lo ne lwa atologa ka bonako e thulana le dikgopolo tse disha tsa bosupi jo re kgonang go bo bona. Jaanong go bonala sentle gore fa kgopolo eno e ne e le boammaaruri, go ne go tla tlhokega maatla mangwe a masha a a ikakanyediwang fela a e seng a kgogedi. Rasaense mongwe e bong Howard Georgi, wa Harvard University, o ne a tlhalosa kgopolo ya gore lobopo lo ne lwa atologa ka bonako a re ke “mofuta o o gakgamatsang wa tlhamane ya saense, o o tshwanang fela le tlhamane epe fela e nngwe ya go bopiwa ga dilo e nkileng ka e utlwa.”

[Setshwantsho mo go tsebe 3]

Mo e batlileng e nna sengwe le sengwe se se leng mo setshwantshong seno sa Hubble Space Telescope ke lesagaripa

[Motswedi wa Setshwantsho]

Pages 3 and 4 (blurred): Robert Williams and the Hubble Deep Field Team (STScI) and NASA

[Ditshwantsho mo go tsebe 4]

“Melao ya fisikisi ya dinyutlease e tlhamilwe ka boomo.”—Sir Fred Hoyle, o bontshiwa mmogo le naledi ya “supernova” 1987A

[Metswedi ya Ditshwantsho]

Dr. Christopher Burrows, ESA/STScI and NASA

Photo courtesy of N. C. Wickramasinghe