Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Selo se ke Neng ke Tshwenyegile Thata ka Sone—Go Tswelela ke Ikanyega

Selo se ke Neng ke Tshwenyegile Thata ka Sone—Go Tswelela ke Ikanyega

Selo se ke Neng ke Tshwenyegile Thata ka Sone—Go Tswelela ke Ikanyega

JAAKA GO BOLETSE ALEXEI DAVIDJUK

E ne e le ngwaga wa 1947; lefelo e le dikilometara di le mmalwa go tswa kwa motseng wa rona wa Laskiv, kwa Ukraine, gaufi le molelwane wa Poland. Tsala ya me Stepan e ne e le morongwa yo o neng a tlisa dibuka tsa Baebele ka sephiri go tswa Poland a di tlisa mo Ukraine. Bosigo bongwe modisa wa kwa molelwaneng o ne a mmona, a mo lelekisa, mme a mo thuntsha. Dingwaga di le lesome le bobedi morago ga moo loso lwa ga Stepan lo ne lwa nkama ka tsela e kgolo tota, jaaka ke tla tlhalosa moragonyana.

KA NAKO e ke neng ke tsholwa ka yone kwa Laskiv ka 1932, malapa a le lesome mo motseng wa rona e ne e le Baithuti ba Baebele, jaaka Basupi ba ga Jehofa ba ne ba bidiwa ka nako eo. Batsadi ba me e ne e le bangwe ba bone, mme ba ne ba tlhoma sekao se se molemo sa go ikanyega mo go Jehofa go fitlha ba tlhokafala mo magareng a bo1970. Mo botshelong jwa me jotlhe, le nna ke ntse ke tshwenyegile thata ka go ikanyega mo Modimong.—Pesalema 18:25.

Ka 1939, ngwaga o Ntwa ya Lefatshe II e simologileng ka one, lefelo le re neng re nna mo go lone kwa botlhaba jwa Poland le ne la tsenngwa kafa tlase ga taolo ya Soviet Union. Re ne re le kafa tlase ga puso ya Soviet go fitlha ka June 1941, fa Bajeremane ba ne ba tlhasela lefelo la rona ba bo ba le gapa.

Ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II, ke ne ka thatafalelwa ke dilo kwa sekolong. Bana ba ne ba rutwa go opela dipina tsa setšhaba le go ikatisetsa bosole. Tota e bile, go thapisiwa ga rona go ne go kopanyeletsa go ithuta go latlhela dibomo. Mme ke ne ka gana go opela dipina tsa bosetšhaba le go ikatisetsa bosole. Go ithuta ke sa le mmotlana gore ke emele tumelo ya me e e theilweng mo Baebeleng, go ne ga nthusa gore ke tswelele ke ikanyega mo Modimong mo dingwageng tse di neng tsa latela.

Go ne go na le batho ba bantsi tota ba ba neng ba kgatlhegela boammaaruri jwa Baebele mo tshimong ya phuthego ya rona, mo e leng gore go ne ga abelwa babulatsela ba babedi, jaaka badiredi ba nako e e tletseng ba Basupi ba ga Jehofa ba bidiwa, gore ba ye go dira kwa lefelong la rona mme ba thuse go ba ruta. Mongwe wa babulatsela bao, Ilja Fedorovitsch le ene o ne a ithuta Baebele le nna mme a nthapisa mo bodireding. Ka nako e Bajeremane ba neng ba thopile lefelo la rona, Ilja o ne a kobiwa mo nageng mme a tsenngwa mo kampeng ya pogisetso ya Banasi, kwa a neng a tlhokafalela teng.

Rre o Kgaratlhela Gore a se Tseye Letlhakore

Ka 1941 babusi ba Soviet ba ne ba leka go saenisa Rre lekwalo lengwe le mo go lone a neng a tla bo a solofetsa gore o tla duela madi mangwe a go thusa mo ntweng. O ne a ba bolelela gore o ne a ka se ka a ema nokeng letlhakore lepe la a mabedi mo ntweng le gore ene jaaka motlhanka wa Modimo wa boammaaruri, o ne a se na go tsaya letlhakore. Rre o ne a tsewa e le mmaba mme a atlholelwa dingwaga di le nnè mo kgolegelong. Mme o ne a nna koo malatsi a le manè fela. Ka ntlha yang? Ka gonne ka Sontaga o o neng o latela letsatsi le a tsentsweng mo kgolegelong ka lone, masole a Bajeremane a ne a thopa lefelo le re neng re nna mo go lone.

Fa badisa ba kgolegelo ba ne ba utlwa gore Bajeremane ba ne ba le gaufi, ba ne ba bula dikgoro tsa kgolegelo mme ba tshaba. Bontsi jwa magolegwa bo ne jwa thuntshiwa ke masole a Soviet kwa ntle. Rre o ne a se ka a tswa ka bonako mme moragonyana o ne a tshabela kwa legaeng la ditsala tsa gagwe. Fa a le koo o ne a kopa Mmè gore a romele makwalo a gagwe, a a neng a bontsha gore o ne a tsentswe mo kgolegelong ka ntlha ya go gana go tshegetsa Ba-Soviet mo ntweng. Fa Rre a ne a bontsha balaodi ba Bajeremane makwalo ao, ba ne ba se ka ba mmolaya.

Bajeremane ba ne ba batla go itse maina a batho botlhe ba ba neng ba dirisana le Ba-Soviet. Ba ne ba pateletsa Rre gore a a bolele, mme o ne a gana. O ne a ba tlhalosetsa gore ga a tseye letlhakore. Fa a ne a ka ntsha mongwe ka leina, motho yoo o ne a tla thuntshiwa. Ka jalo, boitlhaodi jwa ga Rre gape bo ne jwa boloka matshelo a batho ba bangwe, ba ba neng ba mo leboga thata.

Go Dira mo Sephiring

Ba-Soviet ba ne ba boela kwa Ukraine ka August 1944 mme ka May 1945, Ntwa ya Lefatshe II e ne ya fela kwa Yuropa. Morago ga moo se se bidiwang Lesire la Tshipi se ne sa re kgaoganya le lefatshe lotlhe, rona ba re neng re le mo Soviet Union. Le go ikgolaganya le Basupi ba ga Jehofa ka kwa ga molelwane kwa Poland tota go ne go le thata. Basupi ba ba pelokgale ba ne ba tle ba sutlhe kwa molelwaneng mme ba boe ba tshotse dimakasine di le mmalwa tse di tlhwatlhwakgolo tsa Tora ya Tebelo. Ka gonne molelwane o ne o le dikilometara di le robedi fela go tswa kwa legaeng la rona kwa Laskiv, ke ne ke utlwa ka dipharagobe tse barongwa bano ba neng ba tsena mo go tsone.

Ka sekai, Mosupi mongwe yo o neng a bidiwa Silvester o ne a kgabaganya gabedi mme a boa a sa nna le mathata ape mo makgetlong ao ka bobedi jwa one. Mme mo loetong lwa gagwe lwa boraro, o ne a bonwa ke badisa ba molelwane le dintša tsa bone tse ba disang ka tsone. Masole a ne a mo goeletsa gore a eme, mme Silvester o ne a tshaba. E ne e le fela gore a itatlhele mo lekadibeng le le gaufi gore a se ka a tshwarwa ke dintša. O ne a nna bosigo jotlhe a le mo metsing a a neng a mo ema mo molaleng, a iphitlhile mo tlhageng e telele. La bofelo Silvester o ne a kgokgweetsegela kwa gae a lapile thata, fa badisa ba ne ba itlhobogile ka go mo senka.

Jaaka ke boletse pelenyana, setlogolo sa ga Silvester e bong Stepan o ne a bolawa fa a ne a leka go kgabaganya jalo. Le fa go ntse jalo, go ne go le botlhokwa gore re tswelele re ikgolaganya le batho ba ga Jehofa ka metlha. Re ne ra kgona go amogela dijo tsa semoya le kaelo e e nang le mosola ka ntlha ya maiteko a barongwa ba ba pelokgale.

Mo ngwageng o o latelang, ka 1948, ke ne ka kolobediwa go le bosigo mo lekadibeng le lebotlana gaufi le legae la rona. Ba ba neng ba tlile go kolobediwa ba ne ba kopanela kwa ntlong ya rona, mme ke ne ke sa itse gore ke bomang ka gore go ne go le lefifi mme sengwe le sengwe se ne se direlwa mo sephiring go didimetswe. Rona bayakolobetsong re ne re sa buisane. Ga ke itse gore ke mang yo o neng a beile puo ya kolobetso, yo o neng a mpotsa dipotso tsa kolobetso fa re ne re eme fa lekadibeng, kgotsa ene yo o nkolobeditseng. Dingwaga moragonyana, fa ke ne ke tlotla le tsala ya me e kgolo ka tiragalo eno, re ne ra lemoga gore re kolobeditswe mmogo mo bosigong joo!

Ka 1949 Basupi kwa Ukraine ba ne ba amogela lefoko go tswa kwa Brooklyn le le neng le ba kgothaletsa gore ba kope Moscow gore e letlelele tiro ya go rera semolao kwa Soviet Union. Morago ga go fiwa kaelo eo, go ne ga romelwa kopo ka tona ya tsa selegae e e neng e ya kwa Presidium of the Supreme Soviet ya U.S.S.R. Morago ga moo Mykola Pyatokha le Ilya Babijchuk ba ne ba kopiwa gore ba ye kwa Moscow ba ye go utlwa karabo ya puso mabapi le kopo ya rona. Ba ne ba dumela mme ba ya Moscow ka selemo sa ngwaga oo.

Modiredimogolo yo o neng a amogela baemedi bano o ne a reetsa fa ba ne ba ntsha lebaka le le theilweng mo Baebeleng la tiro ya rona. Ba ne ba tlhalosa gore tiro ya rona e ne e dirwa e le go diragatsa boporofeti jwa ga Jesu jwa gore “dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni gore e nne bosupi mo merafeng yotlhe.” (Mathaio 24:14) Le fa go ntse jalo, modiredimogolo yoo o ne a bolela gore Puso e ne e se kitla e tsamaya e re letlelela semolao.

Basupi bao ba ne ba boela gae mme ba ya kwa motsemogolong wa Ukraine, Kiev, gore ba ye go kopa gore tiro ya rona e letlelelwe semolao mo Ukraine. Gape, balaodi ba ne ba gana kopo eo. Ba ne ba re Basupi ba ga Jehofa ba ne ba tla tlogela go tshwenngwa fa fela ba ne ba ka ema Puso nokeng. Ba ne ba re Basupi ba tshwanetse go direla mo mephatong ya sesole le go tsaya karolo mo ditlhophong. Gape boemo jwa rona jwa boitlhaodi bo ne jwa tlhalosiwa, jwa gore, ka go etsa Mong wa rona, Jesu Keresete, ga re a tshwanela go nna karolo ya lefatshe.—Johane 17:14-16.

Ka bonakonyana fela morago ga moo, Bakaulengwe Pyatokha le Babijchuk ba ne ba tshwarwa, ba pegwa molato mme ba atlholelwa dingwaga di le 25 mo kgolegelong. Mo e ka nnang ka nako eo, ka 1950, Basupi ba le bantsi, Rre a le mo go bone, ba ne ba tsewa ke balaodi ba isiwa go sele. O ne a atlholelwa dingwaga di le 25 mo kgolegelong mme a romelwa kwa Khabarovsk, kwa botlhaba jwa Soviet Union mo e ka nnang bokgakala jwa dikilometara di le 8 000!

Go Isiwa Botshwarwa Kwa Siberia

Ka April 1951, Puso ya Soviet e ne ya kopana mmogo gore e tlhasele Basupi mo direpaboliking tsa bone tsa bophirima tse jaanong di bidiwang Latvia, Estonia, Lithuania, Moldova, Belarus le Ukraine. Mo kgweding eo re ne ra isiwa botshwarwa kwa Siberia re le 7 000, go akaretsa nna le Mmè. Masole a ne a tla fela kwa magaeng a rona bosigo mme a re isa kwa seteisheneng sa diterena. Re ne ra tsenngwa mo dikoloing tse di pegang dikgomo—re ka nna 50 mo koloing e le nngwe—mme dibeke di le pedi morago ga moo, re ne ra folosiwa kwa lefelong le le bidiwang Zalari, e e gaufi le Letšha la Baikal mo kgaolong ya Irkutsk.

Ke ne ka ipotsa gore go tlile go diregang ka rona fa re ne re eme mo kapokong mo phefong e e tsididi thata, e bile re potologilwe ke masole a a tshotseng dibetsa. Ke ne ke tla kgona jang go ikanyega mo go Jehofa mono? Re ne ra simolola go opela dipina tsa Bogosi gore re itlhokomolose serame. Bomanejara ba mo lefelong leo ba dikgwebo tsa mmuso ba ne ba goroga. Bangwe ba bone ba ne ba tlhoka banna ba ba ka dirang tiro e e bokete fa ba bangwe ba ne ba batla basadi gore ba dire ditiro tsa go tshwana le go tlhokomela diphologolo. Nna le mmè re ne ra isiwa kwa lefelong la kago kwa go neng go agiwa Seteishene sa Motlakase sa Tagninskaya teng.

Fa re goroga, re ne ra bona matlo a nakwana a a agilweng ka logong, a batshwarwa. Ke ne ka abelwa tiro ya go nna mokgweetsi wa terekere le go nna rramotlakase, mme Mmè o ne a abelwa go dira kwa polasing. Kafa molaong re ne re tsewa jaaka batho ba ba kobilweng kwa nageng e re neng re le kwa go yone, e seng jaaka magolegwa. Ka jalo re ne re gololesegile gore re ka tsamayatsamaya sekgala se sekhutshwane mo seteisheneng seo sa motlakase, le fa re ne thibetswe go ka etela motsana o mongwe o o neng o le dikilometara di le 50 go tswa foo. Balaodi ba ne ba re patelela gore re saene lekwalo le le bolelang gore re tla nnela ruri moo. Mo go nna, ke le motho wa dingwaga tse 19, go ne go utlwala e le nako e telele thata, ka jalo ke ne ka gana go saena. Mme gone, re ne ra nna mo lefelong leo dingwaga di le 15.

Fa re ne re le kwa Siberia, molelwane wa Poland o ne o sa tlhole o le bokgakala jwa dikilometara di le 8 fela mme o ne o le bokgakala jwa dikilometara di feta 6 000! Rona Basupi re ne ra dira sotlhe se re neng re ka se kgona gore re ithulaganye ka diphuthego gape, mme ra tlhoma banna gore ba etelele pele. Kwa tshimologong, re ne re se na dibuka tse di buang ka Baebele kwantle ga dingwe tse Basupi ba bangwe ba neng ba tlile ka tsone go tswa kwa Ukraine. Re ne ra di kwalolola ka seatla, mme re ne ra di refosana.

Re ne ra simolola go tshwara dipokano ka bonakonyana morago ga moo. Ka gonne bontsi jwa rona re ne re nna mo matlong a nakwana, re ne re kopana gantsi go le maitseboa. Phuthego ya rona e ne e na le batho ba le 50, mme ke ne ka abelwa gore ke tshware Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo. Go ne go na le banna ba le mmalwa fela mo phuthegong ya rona, ka jalo basadi le bone ba ne ba neela dipuo tsa diithuti, e leng thulaganyo e e neng ya simolola go nna teng mo diphuthegong tsa Basupi ba ga Jehofa ka 1958. Botlhe ba ne ba tsaya dikabelo tsa bone masisi, ba tsaya sekolo e le tsela ya go baka Jehofa le ya go kgothatsa ba bangwe mo phuthegong.

Bodiredi Jwa Rona bo a Segofadiwa

Ka gonne re ne re kopanetse matlo a rona a nakwana le batho ba e seng Basupi, go ne go sa direge gore letsatsi le fete re sa bua le batho ba bangwe ka tumelo ya rona, le fa seno se ne se thibetswe gotlhelele. Morago ga gore Joseph Stalin, tonakgolo ya Soviet a tlhokafale ka 1953, maemo a ne a tokafala. Re ne ra letlelelwa go bua le ba bangwe re gololesegilenyana ka ditumelo tsa rona tse di theilweng mo Baebeleng. Ka ntlha ya go kwalelana le ditsala tsa rona kwa Ukraine, re ne ra itse gore Basupi ba bangwe ba nna kae mo lefelong la rona mme ra ikopanya le bone. Seno se ne sa re thusa gore re rulaganye diphuthego tsa rona ka dipotologo.

Ka 1954, ke ne ka nyala Olga yo le ene a neng a isitswe botshwarwa a tswa Ukraine. O ne a ntshegetsa thata mo go direleng Jehofa fa dingwaga di ntse di feta. Stepan, yo o neng a bolawa kwa molelwaneng magareng ga Ukraine le Poland ka 1947, e ne e le kgaitsadia Olga. Moragonyana re ne ra nna le ngwana wa mosetsana, Valentina.

Nna le Olga re itumeletse masego a le mantsi mo bodireding jwa rona jwa Bokeresete kwa Siberia. Ka sekai, re ne ra kopana le George, yo e neng e le moeteledipele wa setlhopha sa Ba-Baptist. Re ne re mo etela ka metlha mme re ithuta le ene dimakasine dingwe le dingwe tsa Tora ya Tebelo tse re neng re na le tsone. George o ne a lemoga ka bonako gore se batlhanka ba ga Jehofa ba se rerang go tswa mo Baebeleng ke boammaaruri. Gape re ne ra simolola go ithuta le ditsala tsa gagwe tsa Ba-Baptist di le mmalwa. A bo go ne ga re itumedisa jang ne fa George le ditsala tsa gagwe di le mmalwa ba ne ba kolobediwa mme ba nna bakaulengwe ba rona ba semoya!

Ka 1956, ke ne ka tlhomiwa go nna molebedi yo o etang, mo go neng go raya gore ke etela phuthego e e mo lefelong la rona beke le beke. Ke ne ke bereka letsatsi lotlhe go tswa foo ke bo ke tsamaya ka sekuta ke ya go kopanela le phuthego maitseboa. Ke ne ke boa go sa le moso mo letsatsing le le latelang ke bo ke ya tirong. Mykhailo Serdinsky yo o neng a tlhomilwe gore a nthuse mo tirong ya go etela diphuthego, o ne a tlhokafala mo kotsing ya koloi ka 1958. O ne a tlhokafala go le Laboraro, mme re ne ra se ka ra mo fitlha go fitlha ka Sontaga gore re neye Basupi ba le bantsi tshono ya gore ba kgone go nna teng.

Fa setlhopha se segolo sa rona se ne se tsena mo tseleng go ya kwa mabitleng, maloko a Tshireletso ya Puso a ne a re sala morago. Fa re ne re ka baya puo e e buang ka tsholofelo e e mo Baebeleng ya tsogo, re ne re tla bo re itsenya mo kotsing ya gore re tshwarwe. Mme nna ke ne ka ikutlwa ke patelesega go bua ka Mykhailo le tsholofelo ya gagwe ya isagwe e a neng a na le yone. Le fa gone ke ne ke dirisa Baebele, ba Tshireletso ya Puso ga ba ka ba ntshwara. Go bonala ba ne ba bona gore ga ba na go solegelwa molemo ke sepe, e bile ba ne ba nkitse sentle, ka gore ke ne nkile ka nna “moeng” gantsi kwa ntlokgolong ya bone fa ba mpotsolotsa.

Re Okiwa ke Molomatsebe

Ka 1959 ba Tshireletso ya Puso ba ne ba tshwara Basupi ba le 12 ba ba neng ba eteletse tiro ya go rera pele. Ba bangwe ba le mmalwa ba ne ba bidiwa ba tla go thamathamisiwa ka dipotso, mme ke ne ke le mongwe wa bone. Fa go ne go tla nako ya gore ke botsolodiwe, ke ne ke gakgametse tota fa ke utlwa badiredibagolo ba ntse ba bua dilo tsa sephiri tsa tiro ya rona ka botlalo. Go ne go tla jang gore ba bo ba itse dilo tseno? Go ne go phepafetse gore go ne go na le mongwe yo o ba lomileng tsebe, mongwe yo o neng a re itse sentle e bile a na le nako a direla Puso.

Ba ba 12 ba ba neng ba tshwerwe ba ne ba le mo diseleng tse di bapileng, mme ba ne ba dumalana gore ga ba na go tlhola ba bolelela balaodi sepe. Ka go dira jalo, molomatsebe o ne a tla tshwanela gore e nne ene ka boene a tlang tshekong go tla go neela bosupi kgatlhanong le bone. Le fa gone ke ne ke sa pegwa molato, ke ne ka ya kgotlatshekelong ka ya go bona se se neng se tlile go diragala. Moatlhodi o ne a botsa dipotso, mme ba ba 12 ba se ka ba araba. Go tswa foo Mosupi yo o neng a bidiwa Konstantyn Polishchuk, yo ke neng ke na le dingwaga tse dintsi ke mo itse, o ne a neela bosupi kgatlhanong le ba ba 12. Tsheko eo e ne ya felela ka gore Basupi ba bangwe ba atlholelwe go tsenngwa mo kgolegelong. Fa re le kwa ntle ga kgotlatshekelo mo mmileng, ke ne ka kopana le Polishchuk.

Ke ne ka mmotsa ka re, “Ke ka ntlha yang fa o re oka?”

“Ka gonne ga ke tlhole ke dumela,” a araba jalo.

Ka mmotsa ka re, “Ga o tlhole o dumela eng?”

“Tota ga ke tlhole ke dumela Baebele,” a araba jalo.

Polishchuk o ka bo a ne a nkoka le nna, mme fa a ntsha bosupi ga a ka a umaka leina la me. Ka jalo ke ne ka mmotsa gore ke ka ntlha yang fa a sa dira jalo.

O ne a tlhalosa jaana, “Ga ke batle gore o ye kgolegelong. Ke sa ntse ke ikutlwa ke le molato ka kgaitsadia mosadi wa gago, Stepan. Ke nna ke neng ke mo rometse gore a kgabaganye molelwane mo bosigong jo a bolailweng ka jone. Ruri ke swabela seo.”

Mafoko a gagwe a ne a nkakabatsa. A bo segakolodi sa gagwe se ne se kgopame jang ne! O ne a ikwatlhaela loso lwa ga Stepan, mme jaanong o oka batlhanka ba ga Jehofa. Ga ke a ka ka tlhola ke bona Polishchuk gape. O ne a tlhokafala morago ga dikgwedinyana. Go bona motho yo ke neng ke mo ikantse dingwaga tse dintsi a oka bakaulengwe ba rona go ne ga nkutlwisa botlhoko thata mo maikutlong. Mme tiragalo eno e ne ya nthuta thuto e e botlhokwa thata: Polishchuk o ne a sa ikanyege ka gonne o ne a sa tlhole a bala Baebele e bile a sa tlhole a e dumela.

Tota re tshwanetse go nna re gakologetswe thuto eno: Fa e le gore re batla go tswelela re ikanyega mo go Jehofa, re tshwanetse go ithuta Dikwalo Tse di Boitshepo ka metlha. Baebele ya re: “Dibela pelo ya gago ka tlhoafalo, gonne matso a botshelo a tswa mo go yone.” Mo godimo ga moo, moaposetoloi Paulo o ne a bolelela Bakeresete gore ba tlhokomele. Ka ntlha yang? “E se re kgotsa ga bo go ka nna ga tsamaya ga tlhaga mo go mongwe wa lona pelo e e boikepo e e se nang tumelo ka go katogela kgakala le Modimo o o tshelang.”—Diane 4:23; Bahebera 3:12.

Re Boela Kwa Ukraine

Fa re tswa botshwarwa kwa Siberia ka 1966, nna le Olga re ne ra boela kwa Ukraine, kwa toropong e e bidiwang Sokal, e e ka nnang dikilometara di le 80 go tswa kwa L’viv. Re ne re na le tiro e ntsi ka gonne go ne go na le Basupi ba le 34 fela kwa Sokal le mo ditoropong tse di bapileng le yone tsa Cervonograd le Sosnivka. Go na le diphuthego di le 11 mo lefelong leno gompieno!

Olga o ne a tlhokafala a ikanyegile ka 1993. Dingwaga tse tharo morago ga moo ke ne ka nyala Lidiya, mme fa e sa le ka nako eo o ntse a nnonotsha fela thata. Mo godimo ga moo, morwadiake, Valentina, le lelapa la gagwe ke batlhanka ba ba tlhoafetseng ba ga Jehofa e bile le bone ba ntse ba nkgothatsa. Le fa go ntse jalo, se se tswelelang se intumedisa thata ke gore ke ne ka nna ke ikanyega mo go Jehofa, Modimo yo o dirang ka boikanyegi.—2 Samuele 22:26.

Alexei Davidjuk o ne a tlhokafala a ikanyegile ka February 18, 2000, fa setlhogo seno se ne se baakanyediwa go gatisiwa.

Fa e le gore o ka rata go bona tshedimosetso e e oketsegileng kana o ka rata mongwe a go etela kwa legaeng la gago go tla go ithuta Baebele le wena mahala, tsweetswee kwala, o romele leina la gago le aterese ya kwa o nnang teng go Watch Tower, Private Bag X2067, Krugersdorp, 1740, South Africa kana kwa atereseng e e tshwanetseng e e mo lenaaneng le le mo tsebeng ya 5.

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Phuthego ya rona e e neng e kopanela kwa matlong a nakwana ka 1952 kwa botlhaba jwa Siberia

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Phitlho ya ga Mykhailo Serdisnky ka 1958

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Sekolo sa rona sa Bodiredi sa Puso ya Modimo ka 1953

[Setshwantsho mo go tsebe 32]

Ke na le mosadi wa me Lidiya