Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A ke Tshwanetse go Bolelela Mongwe Gore ke Tshwenyegile Thata mo Maikutlong?

A ke Tshwanetse go Bolelela Mongwe Gore ke Tshwenyegile Thata mo Maikutlong?

Basha ba Botsa Jaana . . .

A ke Tshwanetse go Bolelela Mongwe Gore ke Tshwenyegile Thata mo Maikutlong?

“Fa ke ikutlwa ke tshwenyegile thata mo maikutlong, ga ke batle go bua ka gone ka gore batho ba ka nna ba akanya gore ke ngwana yo o tshwenyang. Mme gape ke a lemoga gore ke tshwanetse go bua le mongwe gore ke tle ke kgone go bona thuso.”—Alejandro, yo o nang le dingwaga tse 13.

“Fa ke tshwenyegile thata mo maikutlong, ga ke bolelele ditsala tsa me ka gore ga ke bone gore di ka nthusa. Di tla ntshega fela.”—Arturo, yo o nang le dingwaga tse 13.

MONGWE le mongwe o utlwa botlhoko ka dinako dingwe. * Le fa go ntse jalo, ka ntlha ya gore o mmotlana e bile ga o na maitemogelo a a kalo, o ka nna wa ikutlwa o fekeediwa ke dikgatelelo tsa botshelo motlhofo fela. Dilo tse batsadi ba gago, ditsala le barutabana ba gago ba di lebeletseng mo go wena; go fetoga ga mmele wa gago le ga maikutlo a gago ka ntlha ya bosha; kgotsa go ikutlwa e kete o palelwa ke sengwe le sengwe ka ntlha ya go tlhaela mo e seng ga sepe—dilo tseno tsotlhe di ka dira gore o hutsafale o bo o utlwe botlhoko tota.

Fa seo se direga, go molemo gore o bulele mongwe mafatlha. “Fa ke ne nka se kgone go bua le ope ka mathata a me, ke akanya gore ke ne nka phatloga,” go bolela Beatriz yo o nang le dingwaga tse 17. Le fa go ntse jalo, go utlwisa botlhoko gore basha ba bantsi ga ba batle go bua ka mathata a bone—mme gantsi ba iphitlhela ba tlalelwa le go feta. María de Jesús Mardomingo, porofesa kwa Thutelong ya Kalafi ya Madrid, o akgela ka gore basha ba ba felelang ba lekile go ipolaya gantsi ba a bo ba jewa ke bodutu fela thata. Basha ba bantsi ba ba kileng ba leka go ipolaya ba rile ba ne ba paletswe ke go bona mogolo mongwe yo ba neng ba ka bua le ene le yo ba neng ba ka mmulela mafatlha.

Go tweng ka wena? A o na le mongwe yo o ka buang le ene fa o ikutlwa o hutsafetse? Fa a seyo, o ka bua le mang?

Bua le Batsadi ba Gago

Alejandro, yo o nopotsweng kwa tshimologong, o tlhalosa se a se dirang fa a ikutlwa a tshwenyegile thata mo maikutlong: “Ke bua le Mmè ka gonne fa e sa le ke tsholwa, o ntse a nkema nokeng e bile o dira gore ke nne le tshepo. Gape ke bua le rre ka gonne o kile a diragalelwa ke dilo tse di ntiragalelang. Fa ke utlwile botlhoko ke bo ke sa bolelele ope, ke utlwa botlhoko le go feta.” Rodolfo, yo o nang le dingwaga di le 11, o bolela jaana: “Ka dinako tse dingwe morutabana o ne a nnyatsa e bile a nkomanya, ka jalo ke ne ke utlwa botlhoko thata. Ke ne ke ya kwa ntlwaneng ya boithomelo ke ya go lelela teng. Moragonyana ke ne ka bua le Mmè, mme o ne a nthusa go rarabolola bothata jwa me. Ke ne ke tla utlwa botlhoko le go feta fa nkabo ke sa bua le ene.”

A o kile wa akanya ka gore o bulele batsadi ba gago mafatlha? Gongwe o akanya gore ba ka se ka ba tlhaloganya mathata a gago. A mme tota go ntse jalo? Ba ka tswa ba sa tlhaloganye mathata otlhe a basha ba lebaneng nao mo lefatsheng la gompieno; le fa go ntse jalo, a ga go boammaaruri gore ba go itse botoka go feta le fa e le motho ope mo lefatsheng? Alejandro a re: “Ka dinako tse dingwe ga go motlhofo gore batsadi ba me ba nkutlwele botlhoko le gore ba tlhaloganye gore tota ke ikutlwa jang.” Le fa go ntse jalo, o bolela jaana: “Ke a itse gore nka bua le bone.” Gantsi basha ba gakgamadiwa ke go bona kafa batsadi ba bone ba tlhaloganyang mathata a bone sentle ka teng! Ka gonne e le bagolo e bile ba na le maitemogelo a le mantsi, gantsi ba ka go naya kgakololo e e tla go thusang—segolobogolo fa ba na le maitemogelo a go dirisa melaometheo ya Baebele.

“Fa ke bua le batsadi ba me, ba a nkgothatsa e bile ba nnaya tharabololo e e nang le mosola ya mathata a me,” go bolela jalo Beatriz, yo o umakilweng kwa godimo. Go a utlwala he, go bo Baebele e naya basha kgakololo eno: “Morwaaka, tshegetsa taolo ya ga rraago, mme o se ka wa latlha molao wa ga mmaago. Reetsa rraago yo o go tsetseng, o bo o se ka wa nyatsa mmaago fa a tsofetse.”—Diane 6:20; 23:22.

Ee, go thata go bulela batsadi ba gago mafatlha fa o se na botsalano jo bo molemo le bone. Go ya ka Dr. Catalina González Forteza, patlisiso e e dirilweng mo baithuting ba sekolo se segolo e bontshitse gore ba ba reng ba kile ba leka go ipolaya ba ne ba se na maikutlo a go itlotla e bile ba ne ba se na botsalano jo bo molemo le batsadi ba bone. Go farologana le moo, basha ba ba sa akanyeng ka tsela e e ntseng jalo ya go ipakela kotsi, ke ba gantsi “ba nang le botsalano jo bo molemo le bommaabone le borraabone.”

Ka gone, ka botlhale dira gore o nne le botsalano jo bo molemo le batsadi ba gago. Itlwaetse go tlotla le bone ka metlha. Ba bolelele ka se se diragalang mo botshelong jwa gago. Ba botse dipotso. Metlotlo e e ntseng jalo ya dilo tse di seng masisi e ka go thusa gore o kgone go ba atamela fa o na le bothata jo bo masisi.

Go Bua le Tsala

A mme go ka se nne motlhofo gore o bue le molekane wa gago ka mathata a gago? Ee gone, go molemo go nna le ditsala tse o ka di ikanyang. Diane 18:24 ya re “go na le tsala e e kgomarelang motho bogolo go ngwana wa ga rraagwe.” Mme le fa balekane ba gago ba ka go utlwela botlhoko le go go ema nokeng, ga se ka metlha ba ka go nayang kgakololo e e molemo tota. Kana e bile, gantsi ga ba na maitemogelo a a fetang a o nang le one mo botshelong. A o gakologelwa Rehoboame? E ne e le kgosi mo metlheng ya Baebele. Go na le gore a reetse kgakololo ya banna ba ba nang le maitemogelo, ba ba godileng sentle, o ne a reetsa balekane ba gagwe. Matswela e ne ya nna eng? Matlhotlhapelo! Batho ba bantsi mo setšhabeng sa gagwe ba ne ba se ka ba tlhola ba ema Rehoboame nokeng e bile Modimo o ne a se ka a mo amogela.—1 Dikgosi 12:8-19.

Bothata jo bongwe jwa go bulela balekane ba gago mafatlha ke kgang ya go boloka sephiri. Arturo yo o nopotsweng kwa tshimologong, a re: “Basimane ba bantsi ba ke ba itseng ba bua le ditsala tsa bone fa ba utlwile botlhoko. Mme moragonyana, ditsala tsa bone di bolelela ba bangwe sengwe le sengwe di bo di ba tshega.” Gabriela yo o nang le dingwaga di le 13 o kile a diragalelwa ke se se tshwanang. O bolela jaana: “Letsatsi lengwe ke ne ka lemoga gore tsala ya me e ne e bolelela tsala e nngwe ya gagwe dikgang tsa me tsa botho, ka jalo ke ne ka se ka ka tlhola ke mmulela mafatlha. Ee, ke bua le batho ba ba lekanang le nna ka dingwaga, mme ke leka gore ke se ka ka ba bolelela dilo tse di ka nkamang thata fa ba ka di bolelela ba bangwe.” Ka jalo fa o batla thuso, go botlhokwa gore o bone motho yo o ‘sa bipololeng leoma la motho yo mongwe.’ (Diane 25:9) Motho yo o ntseng jalo e ka nna motho yo mogolo mo go wena.

Ka jalo fa e le gore ka mabaka mangwe ga go na yo o go emang nokeng kwa lapeng, go siame gore o batle tsala e o ka e bulelang mafatlha, mme o tlhomamise gore motho yoo o na le maitemogelo mo botshelong e bile o itse melaometheo ya Baebele. Kwantle ga pelaelo go na le batho ba ba ntseng jalo mo phuthegong e e mo lefelong la gaeno ya Basupi ba ga Jehofa. Liliana yo o nang le dingwaga di le 16 o bolela jaana: “Nkile ka bulela bangwe ba bokgaitsadi ba me ba Bakeresete mafatlha, mme seno se ne sa nthusa thata. Ka gonne ba le bagolo mo go nna, kgakololo ya bone e a utlwala. Jaanong ba fetogile ditsala tsa me.”

Go tweng fa e le gore le bomoya jwa gago bo setse bo wetse kwa tlase? Gongwe o ntse o utlwile botlhoko mo e leng gore o ile wa simolola go tlhokomologa go rapela kgotsa go bala Baebele. Mo go Jakobe 5:14, 15, Baebele e re gakolola jaana: “A go na le motho yo o bobolang mo go lona? A a biletse banna ba bagolwane ba phuthego kwa go ene, mme a ba rapele malebang le ene, ba mo tlotse lookwane ka leina la ga Jehofa. Mme thapelo ya tumelo e tla fodisa yo o bokoa, mme Jehofa o tla mo kakatlolola.” Phuthego ya mo lefelong la gaeno ya Basupi ba ga Jehofa e na le banna ba bagolwane ba ba nang le maitemogelo a go thusa batho ba ba kgobegileng marapo kgotsa ba ba lwalang semoyeng. Gololesega go bua le bone. Baebele ya re banna ba ba ntseng jalo ba tshwana le “boipoteletso mo phefong, le boitekeletso mo ledimong.”—Isaia 32:2.

“A Ditōpō Tsa Lona di Itsisiwe Modimo”

Le fa go ntse jalo, motswedi o o molemo thata wa thuso ke “Modimo wa kgomotso yotlhe.” (2 Bakorintha 1:3) Fa o utlwile botlhoko e bile o tshwenyegile thata mo maikutlong, o dirise kgakololo e e mo go Bafilipi 4:6, 7: “Lo se ka lwa tlhobaela ka sepe, mme mo go sengwe le sengwe ka thapelo le mokokotlelo mmogo le go ntshiwa ga ditebogo a ditōpō tsa lona di itsisiwe Modimo; mme kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe e tla disa dipelo tsa lona le maatla a lona a mogopolo ka Keresete Jesu.” Jehofa o iketleeditse go go reetsa ka metlha. (Pesalema 46:1; 77:1) Mme ka dinako tse dingwe o tlhoka fela gore o rapele gore o tle o iketle mo mogopolong.

Fa o ikutlwa o utlwile botlhoko kgotsa o tshwenyegile thata mo maikutlong nako le nako, o se ka wa lebala gore basha ba bangwe ba bantsi ba ile ba ikutlwa fela jaaka wena. Fa nako e ntse e tsamaya, maikutlo ao a tla fela. Mme gone jaanong, o se ka wa boga o le nosi. Bolelela mongwe gore o utlwile botlhoko. Diane 12:25 e bolela jaana: “Boimelesego mo pelong ya motho bo tle bo e inamise, mme lefoko le le molemo le e ipedise.” O ka bona jang lefoko leo la kgothatso “le le molemo”? Ka go bolelela mongwe—mongwe yo o nang le maitemogelo, kitso le botlhale jwa bomodimo gore a kgone go go gomotsa le go go naya thuso e o e tlhokang.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 5 Fa o nna o utlwile botlhoko, go ka nna ga supa gore o na le mathata a a masisi mo maikutlong le mo mmeleng. O kgothalediwa gore o bone ba tsa kalafi ka bonako. Bona setlhogo se se reng “Go Fenya go Lwantshana le go Tshwenyega Thata mo Maikutlong,” mo makasineng o o tsamaisang le ono wa Tora ya Tebelo ya March 1, 1990.

[Mafoko a a mo go tsebe 14]

“Fa ke bua le batsadi ba me, ke amogela kgothatso le tharabololo e e nang le mosola”

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Batsadi ba ba boifang Modimo, go na le balekane ba gago, ke bone ba gantsi ba leng mo boemong jo bo molemo thata jwa go ka go naya kgakololo