Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Boiteko Jwa go Ntsha Vatican mo Lekgotleng la Ditšhaba Tse di Kopaneng

Boiteko Jwa go Ntsha Vatican mo Lekgotleng la Ditšhaba Tse di Kopaneng

Boiteko Jwa go Ntsha Vatican mo Lekgotleng la Ditšhaba Tse di Kopaneng

LEPHATA lengwe la dikgang la kwa Roma la Inter Press Service (IPS) le ne la bega gore “mekgatlho ya boditšhabatšhaba e e fetang 70 e e seng ya puso (non-governmental organisations [NGOs]) e e itirileng seoposengwe e simolotse letsholo la mo lefatsheng lotlhe la go ntsha Vatican mo lekgotleng la Ditšhaba Tse di Kopaneng. Gone jaanong, Vatican ke moemedi yo o nnetseng ruri yo o etseng maemo tlhoko fela mme a sa tseye karolo kana ke puso e e seng leloko mo lekgotleng la Ditšhaba Tse di Kopaneng. Vatican e ntse e na le maemo ao fa e sa le ka 1964.

Ke ka ntlha yang fa setlhopha seno sa di-NGO, se mo bokhutlong jwa April ngogola se neng sa oketsega go nna mekgatlho e le 100 mo lefatsheng lotlhe, se le kgatlhanong le boemo jo Vatican e nang le jone mo lekgotleng la Ditšhaba Tse di Kopaneng? Di-NGO di bolela gore ke ka gonne Vatican ke tsamaiso e e di gogang kwa pele ya bodumedi e seng puso ya dipolotiki. Frances Kissling, yo e leng poresidente wa mokgatlho wa Bakatoliki wa go Itlhophela ka Kgololesego, o ne a bolelela IPS gore mekgatlho eno e e itirileng seoposengwe ga e lwe le tshwanelo e Vatican e nang le yone ya go ntsha maikutlo a yone, mme “se e lwang le sone ke tshwanelo ya gore mokgatlho ono o e seng wa dipolotiki o nne le maemo a a tshwanang le a dipuso tse dingwe.”

Anika Rahman, yo e leng motsamaisi wa Dithulaganyo Tsa Boditšhabatšhaba kwa Setheong sa Kgolo ya Molao le Botsamaisi, o dumalana le seno. IPS e ne ya mo nopola a bolela gore “fa e le gore lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le tshwara Maemo a a Kwa Godimo a Mopapa jaaka puso e e nang le ditshiamelo tsa go ya go ile tsa go nna moemedi yo o elang maemo tlhoko fela ka ntlha ya taolo e e nang le yone ya bodumedi, lekgotla leno la lefatshe lotlhe le tlhomela ditlhopha tse dingwe tsa bodumedi sekao sa gore le tsone di batle maemo a a tshwanang.” O ne a oketsa jaana: “Go tlhomamisa gore lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng ga le tlhatlose maemo a bodumedi bope fela jo bo rileng, mekgatlho ya bodumedi e e jaaka Kereke ya Katoliki ya Roma ga ya tshwanela go letlelelwa go tsaya karolo mo lekgotleng leno e le puso e e seng leloko la lekgotla leno.”

Le fa go ntse jalo, go tweng ka kgang ya gore Vatican ke puso mme ka jalo e tshwanelwa ke maemo a e leng mo go one gone jaanong? Mmè Kissling o ne a araba jaana fa a ne a botsolodiwa: “Eno ke puo e e sa tlhomamang le e e tsietsang. Re bolela gore eno ke yone tsela e lefoko puso le neng le tlhalosiwa ka yone mo lekgolong la bo15 la dingwaga le gore totatota Maemo a a Kwa Godimo a Mopapa ke tsamaiso e e laolang ya bodumedi.” O ne a oketsa ka go bolela gore dipolelwana tseno “Vatican” le “Maemo a a Kwa Godimo a Mopapa” tsoopedi ke “dipolelwana tse di tshwanang tse di bolelang Kereke ya Katoliki ya Roma.”

Selo se segolo se se dirang gore di-NGO di nne kgatlhanong le boemo jo Vatican e nang le jone jaanong mo lekgotleng la Ditšhaba Tse di Kopaneng ke kgopolo e Vatican e nang le yone malebana le kgang ya palo ya baagi. Ka sekai, Vatican e dirisitse dikokoano tsa lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng jaaka Kokoano ya 1994 ya Boditšhabatšhaba e e ka ga Palo ya Baagi le Tlhabololo, kwa Cairo, le Kokoano ya Basadi ya 1995, kwa Beijing, go ntsha maikutlo a a nonofileng a yone malebana le kgang ya thibelapelegi. IPS e akgela jaana: “E re ka lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le dira bontsi jwa ditshwetso tsa lone go ya ka palo ya batho ba ba dumalanang, dipuo tse di ganetsang tse di jaaka tsa Vatican di ile tsa dira gore go se ka ga nna le dipuisano ka dikgang tse di amanang le palo ya baagi, thibelapelegi, ditshwanelo tsa basadi le kalafi ya bone ya pelegi.”

Go ya ka Mmè Kissling, “seabe se se siameng se Vatican e tshwanetseng go nna le sone ke se NGO e nang le sone—go tshwana fela le seabe se di-NGO tse dingwe tsotlhe tse di emelang Bamoseleme, Bahindu, Babuda, Ba-Bahai le mekgatlho e mengwe ya bodumedi di nang le sone.” Mekgatlho eno e e itirileng seoposengwe e batla gore Mokwaledikakaretso wa lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng e bong Kofi Annan, mme kgabagare le Kokoanotheomolao ya lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng ba sekaseke sesha ka tsela ya semolao boemo jo Vatican e nang le jone mo teng ga mokgatlho o mogolo thata jaana wa lefatshe wa dipolotiki.

[Ditshwantsho mo go tsebe 31]

Modiredimogolo wa Vatican o bua le lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng

[Metswedi ya Ditshwantsho]

UN/DPI Photo by Sophie Paris

UN photo 143-936/J. Isaac