Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Botsogo jo bo Botoka—A ke Tsela e Ntšha?

Botsogo jo bo Botoka—A ke Tsela e Ntšha?

Botsogo jo bo Botoka—A ke Tsela e Ntšha?

Go na le dilo di le dintsi tse batho ba amegileng thata ka tsone go feta botsogo. Ka dinako tse dingwe, go lebega go na le dikgopolo di le dintsi go feta bomankge ba tsa boitekanelo. Go na le gore Tsogang! e tseye letlhakore, e dirisa ditlhogo tseno di le mmalwa go leka go bega ka mefuta e e dirisiwang e e ntseng e oketsega ya kalafi e ka tlwaelo e bidiwang gore ke mefuta e mengwe ya kalafi. Ga re kgothaletse batho go dirisa mefuta ya kalafi e re tlileng go tlotla ka yone fano kana epe fela e mengwe. Mefuta e le mentsi ya kalafi ga e a umakiwa—mengwe ya yone e le e e dirisiwang thata, e mengwe yone e le e go ganetsanwang thata ka yone. Re dumela gore ka kakaretso go a thusa go ruta batho ka dikgang tsa botsogo; motho ke ene a itirelang tshwetso ka boene malebana le dikgang tse di amanang le botsogo.

MOTHO mongwe le mongwe o batla go itekanela. Le fa go ntse jalo, go ka nna thata go nna le botsogo jo bo molemo, jaaka re bona bontsi jwa batho ba na le mathata a botsogo. Go lebega batho bangwe ba lemoga gore gompieno batho ba le bantsi ba lwala ka tsela e ba iseng ba ko ba lwale ka yone pele.

Go lwantsha bolwetse, dingaka di le dintsi di ikantse thata go naya batho melemo e e dirwang e bo e phasaladiwa thata ke dikhampani tsa diokobatsi tsa kalafi. Go ile ga lemogiwa gore mmaraka wa lefatshe wa diokobatsi tseno o dirile madi a le mantsi thata mo masomeng a bosheng jaana a dingwaga, go tswa go diranta di le dimilione di le dikete di le mmalwa ka ngwaga go ya go diranta di le dimilione di le diketekete ka ngwaga. Seno se feletse ka eng?

Diokobatsi tse di buelelwang ke ba tsa kalafi di ile tsa thusa batho ba le bantsi. Le fa go ntse jalo, seemo sa botsogo sa batho bangwe ba ba dirisang diokobatsi se ne sa nna fela se sa fetoge kana sa nna maswe le go feta. Ka jalo, bosheng jaana batho bangwe ba ile ba simolola go dirisa mekgwa e mengwe ya kalafi.

Se Bontsi bo Simololang go se Dirisa

Kwa mafelong a kwa go one go ntseng go dirisiwa kalafi ya segompieno e e tlwaelegileng, batho ba le bantsi jaanong ba simolola go dirisa se se bidiwang gore ke mefuta e mengwe ya kalafi kana e e thusanang le e mengwe. Consumer Reports ya May 2000 e ne ya bolela jaana: “Go lebega lobota lo lo sa bolong go kgaoganya mefuta e mengwe ya kalafi le kalafi e e tlwaelegileng lo gosomana.”

The Journal of the American Medical Association (JAMA), ya November 11, 1998, e ne ya akgela jaana: “Mefuta e mengwe ya kalafi, e ka ntlha ya tsela e e dirang ka yone e tlhalosiwang e le kalafi e e tokafatsang bolwetse, mme go sa rutiwe thata ka yone mo dikolong tsa kalafi kana gantsi e sa dirisiwe mo dikokelong tsa United States, e ile ya gapa tlhokomelo e ntsi thata ya setšhaba go tswa mo metsweding ya dikgang, lephata la tsa kalafi, baemedi ba puso le batho ka kakaretso.”

Le fa go ntse jalo, e ne ya re fa Journal of Managed Care Pharmacy e tlhokomela se se diregang bosheng jaana, e ne ya tlhalosa jaana ka 1997: “Mo nakong e e fetileng, dingaka tsa kalafi e e tlwaelegileng di ne tsa belaela go dirisiwa ga mefuta e mengwe ya kalafi, le fa go ntse jalo, jaanong dikolo di le 27 tsa kalafi kwa United States [pego ya bosheng thata jaana e re ke di le 75] di naya batho tlhopho ya go ka ithuta ka mefuta e mengwe ya kalafi, go akaretsa Harvard, Stanford, Yunibesithi ya Arizona, le Yale.”

Makasine wa JAMA o ne wa bolela se balwetse ba le bantsi ba se dirang go leka go tokafatsa botsogo jwa bone. O ne wa bega jaana: “Ka 1990, go ne ga fopholediwa gore motho a le 1 (19,9%) mo go ba le 5 yo o neng a tlile go bona ngaka ka ntlha ya bothata bongwe jo bo masisi le ene o ne a dirisa mofuta o mongwe wa kalafi. Diperesente tseno di ne tsa oketsega go nna mo e ka nnang motho a le 1 (31,8%) mo go ba le 3 ka 1997.” Gape setlhogo seno se ne sa akgela jaana: “Dipatlisiso tsa bosetšhaba tse di neng tsa dirwa ka kwa ntle ga United States di bontsha gore mefuta e mengwe ya kalafi e dirisiwa thata kwa dinageng tsotlhe tse di tlhabologileng.”

Go ya ka JAMA, bontsi jwa baagi ba ba neng ba dirisa mefuta e mengwe ya kalafi mo lobakeng lwa bosheng jaana lwa dikgwedi di le 12 e ne e le diperesente di le 15 kwa Canada, diperesente di le 33 kwa Finland, le diperesente di le 49 kwa Australia. JAMA e ne ya bolela jaana: “Palo ya batho ba ba batlang mefuta e mengwe ya kalafi e ntsi thata.” Seno se ntse jalo segolo jang ka e le ka sewelo fela batho ba duelelwang inshorense ya mefuta e mengwe ya kalafi. Ka jalo, setlhogo sa JAMA se ne sa konela jaana: “Go dirisiwa ga mefuta e mengwe ya kalafi gone jaanong go bonala go bontsha gore batho ga ba e kgatlhegele go le kalo go na le ka tsela e ba tla e kgatlhegelang thata ka yone mo isagweng fa e e oketsegileng ya yone e tla bo e duelelwa inshorense.”

Kwa dinageng di le dintsi, batho ga ba bolo go nna ba tswakanya mefuta e mengwe ya kalafi le kalafi e e tlwaelegileng. Dr. Peter Fisher, wa Royal London Homeopathic Hospital, o ne a lemoga gore mefuta e e tlhomologileng ya kalafi e e thusanang le e mengwe e setse e “batla e le e e tlwaelegileng mo dinageng di le dintsi.” O ne a bolela jaana: “Ga go tlhole go na le mefuta e mebedi ya kalafi, e leng e e tlwaelegileng le e e thusanang le e mengwe. Go na le kalafi e e siameng le e e sa siamang fela.”

Ka jalo, gompieno bomankge ba le bantsi ba tsa kalafi ba lemoga botlhokwa jwa kalafi e e tlwaelegileng mmogo le jwa mefuta e mengwe ya kalafi. Go na le gore ba gatelele molwetse go amogela mofuta o o rileng wa kalafi, ba akantsha gore mo mefuteng e e farologaneng ya kalafi go dirisiwe mongwe le mongwe fela o o bonalang o ka thusa molwetse yoo.

Kalafi e e bidiwang gore ke ya mofuta o mongwe kana e e thusanang le tse dingwe e alafa ka ditsela dife tse dingwe? Mengwe ya mefuta eno e simologile leng le gone kae? Mme ke ka ntlha yang fa batho ba le bantsi jaana ba e dirisa?