Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kalafi E o E Tlhophang

Kalafi E o E Tlhophang

Kalafi E o E Tlhophang

MO BUKENG ya gagwe ya mefuta e mengwe ya kalafi, Dr. Isadore Rosenfeld o ne a gatelela ntlha eno: “Mofuta ope fela wa kalafi o o newang setlhopha sa batho ba ba tlhophilweng ba ba tlhomamisegileng gore o tla ‘bereka’ o ka nna wa tokafatsa botsogo jwa halofo ya bone.”

Mokgwa ono o bidiwa tsela ya go alafa mogopolo, se se bolelang gore le e leng pilisi ya sukiri e ka thusa motho fa a dumela gore e tla dira jalo. Go alafa mogopolo go ka fodisa matshwao a mathata a a amanang le tlhaloganyo, go akaretsa setlhabi, go feroga sebete, letsapa, sedidi, go tlhobaela le go tshwenyega thata mo maikutlong. Ntlha eno e senola eng?

Selo sa botlhokwa ke gore ntlha eno e bontsha gore fa motho a tshepa mofuta ope fela wa kalafi e a e newang gantsi seno ke lone lebaka le legolo le le dirang gore a tokafale. Le fa go ntse jalo, go ka nna botlhale go lekola pele gore a mofuta ono wa kalafi o lwa le modi wa bothata kana o alafa matshwao a jone fela. Seno se ka dirwa ka go lekanya matswela a kalafi ka go dirisa ditsela tse di maleba, jaaka go dira diteko tsa laboratori le diekeserei.

Le fa go ntse jalo, go na le dilo tse dingwe tse dintsi tse motho a ka di dirang fa a tlhopha mofuta wa kalafi.

Dikgato Tse di Botlhokwa go di Tsaya

Go botlhale go batlisisa pele o dira tshwetso. Botsa dipotso. Nka lebelela matswela afe? Melemo le mathata a kalafi eno ke afe, le gone nka lebelela go duela madi a a kana kang le gore kalafi eno e tla tsaya lobaka lo lo kana kang? Bua le batho ba ba kileng ba amogela kana ba dirisa kalafi e o akanyang go e dirisa. Ba botse gore a e ne ya ba thusa. Le fa go ntse jalo, gakologelwa gore bosupi jwa se se diragaletseng batho ba bangwe bo ka nna jwa tsietsa.

Go ka nna ga se ka ga nna botlhale go dirisa mofuta o o sa tlwaelegang wa kalafi fa e le gore o dira gore motho a tlogele kalafi e e itsiweng e bereka, le fa tota kalafi e e tlwaelegileng eno e sa atlege go le kalo. Bosupi jwa dikotsi tse di ka bakwang ke seno bo ne jwa tlhaga mo pegong nngwe ya The New England Journal of Medicine. Makasine ono o ne wa tlhalosa ka kankere e e neng ya anama ka iketlo mo balwetseng bangwe ba babedi ba basha ba ba neng ba gana go dirisa kalafi e e tlwaelegileng mme ba dirisa kalafi ya mefuta e mengwe. Yo mongwe o ne a tlhokafala.

Batho ba ba tshwerweng ke malwetse a a sa foleng kana a a diphatsa ba nna ba iketse tlhoko ka botlhale gore ba se ka ba tsiediwa motlhofo ke batho ba ba buelelang kalafi ya tsietso. Nna kelotlhoko fa o newa melemo epe fela e e solofetsang go alafa mefuta e e farologaneng ya malwetse. Sekao sa bosheng jaana e ne e le sa bitamine nngwe e ntšha e go neng go twe e ile ya “thusa go fedisa mathata otlhe go simolola ka mathata a go hema le go tlhoka maatla go ya go malwetse a a diphatsa.” Fa “bitamine” eno e ne e tlhatlhobiwa, go ne ga fitlhelwa gore ke metsi fela a letswai.

Ga go pelaelo gore mefuta mengwe ya kalafi e ka dira gore batho ba nne le botsogo jo bo itekanetseng. Le fa go ntse jalo, leba dilo tse o lebeletseng gore kalafi e go direle tsone ka tsela e e lekalekaneng. Go botlhale go tlhoma mogopolo mo go jeng dijo tse di nang le dikotla, go robala boroko jo bo lekaneng, go ikatisa sentle, le go nna kelotlhoko fa o tlhopha mofuta wa kalafi.

Tharabololo e Teng

Go phepafetse gore ga go mofuta ope wa kalafi ya batho o o ka fedisang malwetse otlhe le loso. Go ntse jalo ka gonne mathata ano re a tsere mo motsading wa rona wa ntlhantlha, motho wa ntlha, e bong Adame. (Jobe 14:4; Pesalema 51:5; Baroma 5:12) Dikalafi di le dintsi—tsa mofuta mongwe le mongwe—gongwe di ka nna tsa thusa, le fa go ntse jalo ke dilo tse di rarabololang mathata ka nakwana fela tse di ka nnang tsa lelefatsa botshelo jwa motho le go dira gore bo ipedise ka nako e khutshwane fela. Le fa go ntse jalo, go na le tharabololo ya mmatota ya mathata a botsogo jo bo bokoa, mme dimilione tsa batho di setse di e bone.

Tharabololo eno re e newa ke Mmopi wa rona, Jehofa Modimo, Ngaka e Kgolo. Ka go bontsha tumelo mo go ene le go dirisa molemo wa setlhabelo sa thekololo se se tlosang maleo sa Morwawe, Jesu Keresete, o tla kgona go ipelela botsogo jo bo itekanetseng le botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng le le se nang malwetse! (Mathaio 20:28) Baebele e solofetsa gore mo lefatsheng leo le lesha, “monni wa gona ga a ketla a re: ‘Ke a bobola.’”— Isaia 33:24.

[Mafoko a a mo go tsebe 12]

Dimilione tsa batho di bone tsholofelo ya mmatota ya go bona botsogo jo bo itekanetseng