Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Lebaka La go Bo go Na le Mathata a Boitsholo

Lebaka La go Bo go Na le Mathata a Boitsholo

Lebaka La go Bo go Na le Mathata a Boitsholo

NGOGOLA ka October mokwadi mongwe kwa Loja, Ecuador, o ne a bolela gore o anaanela bodiredi jwa Basupi ba ga Jehofa. Fa a ntse a kwala o ne a akgela jaana:

“Nngwe ya dipetso tse di maswe thata tse di utlwisang batho botlhoko ke bothata jwa boitsholo . . . Go lebega batho ba lebetse go diragatsa Melao e e Lesome e bile ba itlhokomolosa digakolodi tsa bone, mme seno sotlhe se dira gore batho ba se ka ba utlwana. Gongwe le gongwe, letsatsi le letsatsi, re utlwa ka letlhoo, thubakanyo, bokebekwa, go rekisiwa ga diokobatsi, borukhutlhi, le go sa tlotle seriti sa motho. . . .

“Basupi ba ga Jehofa, ba sa itshupe, ba dira tiro ya bone ka tsela e e nang le kagiso le e e sisibetseng, ba etela baagelani ba bone ka ntlo le ntlo, ba ba naya dimakasine tsa bone tse pedi tse dintle, Tora ya Tebelo le Tsogang!, tse go gatisiwang ditlhogo di le dintsi tse di kgatlhang thata mo go tsone. Tsogang! segolobogolo e bua ka ditlhogo tse di farologaneng tse di kgatlhang, tse di boammaaruri tsa saense le tsa setso. Tseno tsotlhe di kwalwa ka tsela e e kgatlhang thata, di phepafetse e bile di nepile.”

Bothata jwa gompieno jwa boitsholo bo mo pepeneneng, mme jaaka go boletswe mo tsebeng 4 ya makasine ono mo karolong e e reng “Lebaka La go Bo Tsogang! e Gatisiwa,” Tsogang! “e tlhatlhoba e sa okole fela fa godimo e bo e bontsha gore dilo tse di diragalang di bolelang tota.” Boroutšhara jo bo reng A Ruriruri Modimo o Amega ka Rona? bo dumela gore batho ba itshoketse tshotlego, mme bo dira se se fetang seo. Bo bontsha gore ke ka ntlha yang fa go na le bothata jwa boitsholo le matswela a gone a a botlhoko. Se se botlhokwa le go feta seo, e senola kafa batho ba tla bonang thuso ka teng mo bogautshwaneng.

O ka kopa khopi ya boroutšhara jono jo bo gomotsang jwa ditsebe tse 32 ka go tlatsa le go romela setlankana se se fa tlase fano kwa atereseng e e neetsweng kana kwa atereseng e e tshwanetseng mo go tse di boletsweng mo tsebeng ya 5 ya makasine ono.

□ Tsweetswee nthomelelang khopi ya boroutšhara jwa A Ruriruri Modimo o Amega ka Rona?

□ Tsweetswee ikgolaganyeng le nna malebana le thuto ya mahala ya Baebele.