Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Seabe se se Botlhokwa sa Baoki

Seabe se se Botlhokwa sa Baoki

Seabe se se Botlhokwa sa Baoki

“Mooki ke motho yo o otlang, yo o tlhokomelang, le yo o sireletsang—motho yo o ikemiseditseng go tlhokomela balwetse, ba ba gobetseng le batsofe.”—Nursing in Today’s World—Challenges, Issues, and Trends.

GO TLHOKA bopelotshetlha, le fa gone go le botlhokwa, ga go a lekana gore motho a nne mooki yo o nang le bokgoni. Baoki ba ba molemo gape ba tlhoka thapiso e e tseneletseng le maitemogelo a mantsi. Selo sengwe se se botlhokwa se se tlhokwang mo go bone ke gore ba bo ba ithutile ngwaga o le mongwe go ya go di le nnè kgotsa go feta e bile ba thapisitswe mo tirong. Mme re bona jang gore motho ke mooki yo o molemo? Re na le dikarabo fano tsa baoki ba ba nang le maitemogelo ba ba neng ba botsolodiwa ke Tsogang!

“Ngaka e a fodisa, mme mooki ene o tlhokomela molwetse. Gantsi seno se tlhoka gore a kgothatse balwetse ba ba gobetseng mo maikutlong le mo mmeleng, ka sekai, fa ba bolelelwa gore ba na le bolwetse jo bo tla ba tshwarang lobaka lo loleele kgotsa gore ba tlile go swa mo bogautshwaneng. O tshwanetse go nna mmaagwe molwetse.”—Carmen Gilmartín, Spain.

“Go botlhokwa gore o utlwe botlhoko le tlalelo tse molwetse a di utlwang mme o batle go mo thusa. Go tlhokega bopelonomi le bopelotelele. O tshwanetse gore ka metlha o batle go ithuta mo go oketsegileng ka booki le melemo.”—Tadashi Hatano, Japane.

“Mo dingwageng tsa bosheng jaana, baoki ba ile ba tlhoka kitso e e oketsegileng ya booki. Ka jalo, go botlhokwa go nna le keletso ya go ithuta le bokgoni jwa go tlhaloganya se o se ithutang. Gape, baoki ba tlhoka go dira ditshwetso ka bonako le go tsaya kgato ka bonako fa maemo a batla jalo.”—Keiko Kawane, Japane.

“Fa o le mooki, o tshwanetse go nna botsalano. O tshwanetse go itshokela maemo le go nna kutlwelobotlhoko.”—Araceli García Padilla, Mexico.

“Mooki yo o molemo e tshwanetse go nna yo o ithutang thata, yo o elang dilo tlhoko e bile a ithutetse tiro thata. Fa mooki a sa intshe setlhabelo—fa a le pelotshetlhanyana kgotsa a sa rate dikgakololo tsa ba bangwe ba ba mo maemong a a kwa godimo mo go tsa kalafi—mooki yoo ga a kitla a nna mosola mo balwetseng le mo go ba a berekang le bone.”—Rosângela Santos, Brazil.

“Go na le dinonofo di le mmalwa tse di botlhokwa thata: go fetofetoga le maemo, go itshokela maemo, le go nna pelotelele. Gape o tshwanetse go amogela megopolo ya ba bangwe, o kgone go dirisana sentle le ba o berekang le bone le ba bangwe ba ba mo lephateng la tsa kalafi. O tshwanetse go nna bonako go tlwaela mekgwa e mesha ya tiro gore o nne o ntse o dira tiro ya gago ka botswerere.”—Marc Koehler, Fora.

“O tshwanetse go rata batho le go batla go ba thusa. O tshwanetse go kgona go emelana le maemo a a go bayang kafa tlase ga kgatelelo ka gonne fa o le mooki, dilo di ka tsamaya sentle kgotsa tsa senyega. O tshwanetse go fetofetoga le maemo gore fa ka dinako tse dingwe palo ya ba o berekang le bone e le kwa tlase, o kgone go dira tiro e o tlholang o e dira—o sa latlhelele fela.”—Claudia Rijker-Baker, Netherlands.

Mooki yo e Leng Motlhokomedi

Nursing in Today’s World e tlhalosa gore “tiro ya booki e amana le go tlhokomela motho go sa kgathalesege gore o tshwerwe ke bolwetse bofe. Ka jalo, re tsaya molemo e le o o dirisiwang go alafa molwetse, mme booki bone bo amana le go tlhokomela molwetse yoo.”

Ka gone, mooki ke motlhokomedi. Ka jalo, go phepafetse gore mooki o tshwanetse go amega ka molwetse. Mo nakong e e fetileng, baoki ba le 1 200 ba ba kwadisitsweng ba ne ba bodiwa jaana, “Mo tirong ya gago jaaka mooki, ke eng se se botlhokwa thata mo go wena?” Diperesente di le 98 tsa bone di ne tsa araba ka gore ke go naya molwetse tlhokomelo ya boleng jo bo kwa godimo.

Ka dinako tse dingwe, baoki ba tlhaetsa matlho tsela e ba leng botlhokwa ka yone mo balwetseng. Carmen Gilmartín, yo o nopotsweng fa godimo, yo o nang le dingwaga di le 12 e ntse e le mooki o ne a bolelela Tsogang! jaana: “Nako nngwe ke ne ka bolelela tsala ya me gore ke ikutlwa ke se na bokgoni jwa go tlhokomela balwetse ba ba lwalang thata. Ke ne ke ipona ke le ‘Magogorwane fela.’ Mme tsala ya me e ne ya araba ka go re: ‘O “Magogorwane” yo o botlhokwa, ka gonne fa motho a lwala, o nna selo se a se tlhokang go feta sepe se sengwe—mooki yo o kutlwelobotlhoko.’”

Ga go na pelaelo gore go naya tlhokomelo ka tsela e e ntseng jalo e ka nna tiro e e boima tota mo mooking yo o dirang diura di le lesome kana go feta letsatsi lengwe le lengwe! Ke eng se se tlhotlheleditseng batlhokomedi bano ba ba intshitseng setlhabelo gore ba nne baoki?

Ke ka Ntlha Yang fa ba Nnile Baoki?

Tsogang! e ne ya botsolotsa baoki go dikologa lefatshe jaana, “Ke eng se se go tlhotlheleditseng go nna mooki?” Dingwe tsa dikarabo tsa bone ke tseno.

Terry Weatherson o feditse dingwaga di le 47 e le mooki. Gone jaanong ke mooki yo o tlhokomelang balwetse ka tlhamalalo mo Lephateng la Malwetse a Motlhapo la bookelo jwa Manchester, kwa Engelane. O bolela jaana: “Ke godisitswe ke le Mokatoliki mme ka tsena sekolo sa Katoliki se ke neng ke nna kwa go sone. Fa ke ne ke sa ntse ke le mosetsanyana, ke ne ka swetsa ka gore ke batla go nna moitlami kana mooki. Ke ne ke na le keletso ya go direla ba bangwe. Ke tiro e motho a ka e bitsang gore ke pitso ya bomodimo. Jaaka fa o ka bona, ke ile ka tlhopha booki.”

Chiwa Matsunaga go tswa kwa Saitama, kwa Japane, o ipuletse tlileniki ya gagwe e e nang le dingwaga di le robedi. O tlhalosa jaana: “Ke ne ka ya le mogopolo wa ga rre wa gore ‘go botoka go ithutela tiro nngwe e e tla dirang gore o tshwanelegele tiro botshelo jotlhe.’ Ka jalo ke ne ka tlhopha tiro ya go nna mooki.”

Etsuko Kotani go tswa kwa Tokyo, kwa Japane, mookamedi wa baoki yo o nang le dingwaga di le 38 e ntse e le mooki o ne a bolela jaana: “Fa ke ne ke sa ntse ke tsena sekolo, rre o ne a wa mme a dutla madi a le mantsi. Fa ke ntse ke lebile rre kwa bookelong, ke ne ka swetsa ka gore ke batla go nna mooki gore ke tle ke thuse batho ba ba lwalang mo isagweng.”

Ba bangwe ba ne ba tlhotlhelediwa ke go lwala ga bone ka bobone. Eneida Vieyra, mooki wa kwa Mexico o bolela jaana: “Fa ke ne ke na le dingwaga di le thataro, ke ne ka robadiwa kwa bookelong dibeke di le pedi ka ntlha ya bronchitis, mme ka yone nako eo ke ne ka swetsa gore ke batla go nna mooki.”

Go phepafetse gore go nna mooki go batla go intsha setlhabelo mo gogolo. A re sekasekeng ka kelotlhoko dikgwetlho le maduo a tiro eno e e tlotlegang.

Boipelo Jwa go Nna Mooki

Go nna mooki go lere boipelo bofe? Karabo ya potso eno e tla ikaega ka gore motho ke mooki mo lephateng lefe. Ka sekai, babelegisi ba itumela thata fa ngwana mongwe le mongwe a belegwa ka katlego. Mmelegisi mongwe wa kwa Netherlands o bolela jaana: “Go a itumedisa go belegisa motho ngwana yo o itekanetseng sentle yo o ntseng o tlhokometse go gola ga gagwe.” Jolanda Gielen-Van Hooft, yo le ene e leng wa kwa Netherlands, o bolela jaana: “Go belegwa ga ngwana ke sengwe sa dilo tse dintle go gaisa se se ka diragalelang banyalani le mooki. Ke kgakgamatso!”

Rachid Assam go tswa kwa Dreux, kwa Fora, ke mooki yo o tshwanelegang wa Puso yo o dirang tiro ya go idibatsa yo o simololang dingwaga tsa bo40. Ke ka ntlha yang fa a rata tiro ya booki? Ka ntlha ya “go itumelela go bo o ile wa thusa gore karo e atlege le go nna leloko la batho ba ba dirang tiro e e kgatlhang eno e e gatelang pele ka metlha,” o bolela jalo. Isaac Bangili, yo le ene e leng wa kwa Fora, o ne a re: “Ke itumedisiwa ke ditebogo tse re di amogelang go tswa kwa bathong ba ba neng ba lwala le malapa a bone, segolobogolo mo maemong a tshoganyetso fa re ne re ile ra kgona go thusa molwetse yo re neng re akanya gore go ne go se na tsholofelo epe ka ene.”

Terry Weatherson, yo o umakilweng pelenyana, o ne a romelelwa ditebogo tse di ntseng jalo. Motlholagadi mongwe o ne a kwala jaana: “Ga ke kgone go nna fela ke sa umake gape tsela e re neng ra wela makgwafo ka yone ka ntlha ya go nna gone ga gago ka metlha o ritibetse maikutlo mo nakong yotlhe ya fa Charles a ne a lwala. Botsalano jwa gago bo ne jwa fedisa matshwenyego a rona, mme jwa nna seitshegeletso sa rona se re neng re bona nonofo mo go sone.”

Go Lebana le Dikgwetlho

Le fa tiro ya booki e itumedisa, e na le dikgwetlho di le dintsi. Diphoso ga di amogelwe mo go yone! Mooki o tshwanetse go nna kelotlhoko thata fa a naya molwetse molemo kgotsa a goga madi mo go ene kgotsa a mo tsenya nnale mo tshikeng tota le fa a mo pitikolola. Ga a a tshwanela go dira phoso—seno se ntse jalo segolo jang kwa dinageng tse diphoso tsa mofuta ono di isiwang kgotlatshekelong gone. Le fa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe mooki o iphitlhela a le mo bothateng. Ka sekai, a re tseye gore mooki o akanya gore ngaka e neile molwetse molemo o e seng one kgotsa o ntshitse ditaelo tse fa di diragadiwa di se kitlang di thusa molwetse. Ke eng se mooki a ka se dirang? A o tshwanetse go ngangisana le ngaka? Seo se batla bopelokgale, botlhale le bokgoni jwa go buisana le ene—mme gape se mmaya mo kotsing. Se se utlwisang botlhoko ke gore dingaka dingwe ga di amogele dikakantsho tsa ba ba nang le maemo a a kwa tlase ga a bone ka bopelonomi.

Baoki bangwe ba ile ba reng malebana le kgang eno? Barbara Reineke go tswa kwa Wisconsin, U.S.A., yo o feditseng dingwaga di le 34 e le mooki yo o kwadisitsweng, o ne a bolelela Tsogang! jaana: “Mooki o tshwanetse go nna pelokgale. Sa ntlha, go ya ka molao, o na le boikarabelo malebana le melemo epe fela e a e nayang molwetse kgotsa tsela e a mo okang ka yone le ditlamorago dipe tse di kotsi tse di bakwang ke melemo eno. O tshwanetse gore a kgone go gana taelo ya ngaka fa a akanya gore ga e amane le tiro ya gagwe kgotsa fa a dumela gore taelo e a e neilweng ga e a siama. Tiro ya booki ga e tlhole e le jaaka e ne e ntse mo metlheng ya ga Florence Nightingale kgotsa mo dingwageng di le 50 tse di fetileng. Gone jaanong mooki o tshwanetse go itse gore ke leng a tshwanetseng go gana taelo ya ngaka le gore ke leng a tshwanetseng go gatelela gore ngaka e tle go bona molwetse, le fa e ka nna gare ga mpa ya bosigo. Mme fa o dirile phoso, o se ka wa kgopisega fa ngaka e ka go kgala ka tsela nngwe.”

Bothata jo bongwe jo baoki ba lebanang najo ke bothubaki mo tirong. Pego nngwe e e tswang kwa Afrika Borwa e bolela gore baoki “ba tsewa ba le mo kotsing e kgolo ya go sa tshwarwe sentle le go kgokgontshiwa mo tirong. Tota e bile, baoki ba mo kotsing ya go tlhaselwa kwa tirong go feta badisa ba kgolegelo kgotsa batlhankedi ba mapodise e bile diperesente di le 72 tsa bone ga ba ikutlwe ba sireletsegile.” Go begwa bothata jo bo tshwanang kwa United Kingdom, koo diperesente di le 97 tsa baoki ba ba neng ba araba dipotsolotso mo patlisisong ya bosheng jaana ba neng ba umaka kaga mooki mongwe yo o neng a tlhaselwa mo ngwageng o o fetileng. Bothubaki jono bo bakwa ke eng? Gantsi bothata bo bakwa ke balwetse ba ba dirisang diokobatsi kgotsa ba ba ntseng ba nwa kgotsa ba ba tshwenyegileng thata mo maikutlong kgotsa ba ba amilweng ke khutsafalo.

Baoki gape ba tshwanetse go lwantshana le letsapa le le tseneletseng le le bakwang ke go ngomoga pelo. Go tlhaela ga badiri ke sengwe sa dilo tse di bakang bothata jono. Fa mooki yo o kelotlhoko a sa kgone go tlhokomela molwetse sentle ka go bo a na le tiro e ntsi thata, o ngomoga pelo ka bonako. Go leka go baakanya bothata ka go sa tseye nako ya boikhutso le go bereka diura tse di okeditsweng go bonala go felela ka gore a tlalelwe le go feta.

Mo lefatsheng lotlhe, dikokelo di le dintsi ga di na badiri ba ba lekaneng. Pego ya Mundo Sanitario ya kwa Madrid e bolela jaana: “Re tlhoka baoki mo dikokelong tsa rona. Ope fela yo o kileng a tshwanelwa ke go alafiwa o lemoga kafa baoki ba leng botlhokwa ka gone.” Go ne ga ntshiwa lebaka lefe la go tlhaela ga bone? Go somarela madi! Yone pego eno e ne ya bolela gore dikokelo tsa kwa Madrid di tlhaela ka batho ba le 13 000 ba ba ithutetseng tiro ya booki!

Lebaka le lengwe la go ngomoga pelo ga bone ke gore gantsi ba bereka diura tse ditelele mme ba amogela madi a mannye. The Scotsman e ne ya tlhalosa jaana: “Go ya ka mokgatlho wa badiri e bong Unison, mo baoking ba le batlhano ba kwa Boritane, ba ba fetang a le mongwe ba bone le kwatara ya ba ba sa ntseng ba ithutela booki ba na le tiro e nngwe ya bobedi e ba e dirang gore ba nne le madi.” Ba le bararo mo baoking bangwe le bangwe ba le banè ba dumela gore ba amogela madi a mannye. Ka ntlha ya moo, ba le bantsi ba ile ba swetsa ka gore ba tlogele booki.

Go na le mabaka a mangwe gape a le mantsi a a dirang gore baoki ba ngomoge pelo. Go ya ka dikakgelo tse Tsogang! e di amogetseng mo baoking go dikologa lefatshe, go swa ga balwetse go ka ba tshwenya thata mo maikutlong. Magda Souang, wa Moegepeto, o bereka kwa Brooklyn, New York. Fa a bodiwa gore ke eng se se dirileng gore tiro ya gagwe e nne boima, o ne a araba jaana: “Go bona batho ba ba lwalang thata ba ka nna 30 ba ke ileng ka ba tlhokomela fela thata ba swa mo lobakeng lwa dingwaga di le lesome. Seo se go fetsa maatla fela thata.” Ga go gakgamatse go bo buka nngwe e bolela jaana: “Go dirisa maatla otlhe a gago ka metlha o tlhokomela balwetse ba ba swang go ka go fetsa maatla fela thata.”

Isagwe ya Baoki

Kgatelopele ya boranyane jwa saense le tlhotlheletso ya jone e oketsa mathata mo tirong ya booki. Bothata ke go dira gore dilo tsa boranyane le go utlwela batho botlhoko go dirisane mmogo, e leng tsela e e pelonomi ya go tlhokomela balwetse. Ga go na motšhine ope o o ka tlhokomelang motho o bo o mo utlwela botlhoko jaaka mooki ka boene.

Lokwalodikgang longwe lo bolela jaana: “Booki ke tiro e e nnelang ruri. . . . Fa fela batho ba sa ntse ba le teng, go tla nna go ntse go tlhokega kamego, kutlwelobotlhoko le go tlhaloganya.” Booki bo dira yone tiro eo. Le fa go ntse jalo, go na le lebaka le legolo thata la go lebelela isagwe e e itumedisang malebana le go tlhokomela botsogo. Baebele e bontsha gore nako e tla tla ya fa ope a se kitla a re “Ke a bobola.” (Isaia 33:24) Dingaka, baoki le dikokelo di tla bo di sa tlhokege mo lefatsheng le lesha le Modimo a le solofeditseng.—Isaia 65:17; 2 Petere 3:13.

Gape Baebele e solofetsa gore “Modimo . . . o tla phimola keledi nngwe le nngwe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, lefa e le khutsafalo lefa e le selelo lefa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone. Dilo tsa pele di fetile.” (Tshenolo 21:3, 4) Le fa go ntse jalo, mo nakong ya gone jaanong re tshwanetse go anaanela tlhokomelo yotlhe le go intsha setlhabelo ga baoki ba le dimilione tse dintsi go dikologa lefatshe, ba go neng go se kitla go nna monate go nna kwa bookelong kgotsa go se kitlang go kgonega go nna teng fa ba ka bo ba seyo! A bo potso eno e tshwanela jang ne, e e reng “Baoki—re ne re tla dirang kwantle ga bone?”

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 22]

Florence Nightingale—Mosimolodi wa Booki Jwa Segompieno

Florence Nightingale yo o belegweng ke batsadi ba ba humileng ba Baboritane ka 1820 kwa Itali o ne a godisiwa ka go pepetlediwa. ­Florence yo mmotlana o ne a gana go nyalwa mme a ithuta ka tsa boitekanelo le go tlhokomela bahumanegi. Le fa batsadi ba gagwe ba ne ba mo ganetsa, Florence o ne a bona tiro mo sekolong sa go thapisa baoki kwa Kaiserswerth, kwa Jeremane. Moragonyana, o ne a ithuta kwa Paris, mme fa a na le dingwaga di le 33, o ne a nna mookamedi wa bookelo jwa basadi kwa Lontone.

Mme o ne a lebana le kgwetlho e kgolo thata fa a ne a ithaopela go tlhokomela masole a a gobetseng kwa Crimea. Fa a le koo, ene le setlhopha sa gagwe sa baoki ba le 38 ba ne ba tshwanelwa ke go phepafatsa bookelo jo bo neng bo tletse dipeba. E ne e le tiro e kgolo fela thata, ka gonne fa ba simolola, go ne go se na sesepa, go se na dibata tsa go tlhapela le ditoulo, e bile go ne go se na malao a a lekaneng, dimatarase, kgotsa dihapo. Florence le setlhopha sa gagwe ba ne ba itebaganya le kgwetlho eno, mme e ne ya re fa ntwa e fela, a bo a lerile diphetogo mo lefatsheng lotlhe mo tirong ya booki le tsela e dikokelo di tsamaisiwang ka yone. Ka 1860, o ne a tlhoma Sekolo sa Thapiso sa Baoki sa Nightingale kwa Bookelong Jwa St. Thomas kwa Lontone—sekolo sa ntlha sa booki se se neng se sa golagana le bodumedi. O ne a gatelelwa ke bolwetse mo a neng a nna fela mo bolaong dingwaga di le dintsi pele ga a swa ka 1910. Le fa go ntse jalo, o ne a tswelela pele a kwala dibuka le diphamfolete ka maiteko a go tokafatsa maemo a tsa kalafi.

Bangwe ba ganela gore Florence Nightingale e ne e le motho yo o amegang ka ba bangwe ka go tlhoka bopelotshetlha, ba bolela gore ba bangwe le bone ba tshwanetse go akgolelwa tiro ya bone ya booki ka tsela e e tshwanang. Mo godimo ga moo, go ne go ngangisanwa thata ka mofuta wa motho yo a neng a le ene. Go ya ka buka ya setlhogo se se reng A History of Nursing, bangwe ba bolela gore e ne e le motho yo o “galefang bonolo, yo o ikgogomosang, yo o gatelelang gore dilo di dirwe ka tsela ya gagwe, yo o pelokhutshwane, le yo o gatelelang,” fa ba bangwe bone ba ne ba kgatlhwa ke “botlhale le bontle jwa gagwe, tlhagafalo ya gagwe e e gakgamatsang, le botho jwa gagwe jo bo fetofetogang.” Go sa kgathalesege gore e ne e le motho wa mofuta ofe, re tlhomamisega ka selo se le sengwe: Mekgwa ya gagwe ya go dira tiro ya booki le ya go okamela bookelo e anametse mo dinageng di le dintsi. O lejwa e le mosimolodi wa tiro ya booki jaaka fa re bo itse gompieno.

[Setshwantsho]

Bookelo Jwa St. Thomas morago ga go tlhomiwa ga Sekolo sa Thapiso sa Baoki sa Nightingale

[Motswedi wa Setshwantsho]

Courtesy National Library of Medicine

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 24]

Ditshwanelego Tsa Mooki

Mooki: “Motho yo o ikemiseditseng ka tsela e e kgethegileng go dira tiro ya booki le yo o nang le ditshwanelego dingwe tsa thuto le bokgoni jwa go alafa balwetse.”

Mooki yo o kwadisitsweng: “Mooki yo o alogileng yo o neilweng tetla ya semolao (yo o kwadisitsweng) gore a ka tsena mo tirong fa a sena go tlhatlhobiwa ke lekgotla la puso le le tlhatlhobang baoki . . . e bile a letleletswe semolao go tlhaolwa jaaka R.N. (Registered Nurse).”

Mooki yo o kgethegileng yo o alafang: “Mooki yo o kwadisitsweng yo o nang le kitso e e kwa godimo thata, bokgoni, e bile a tshwanelega mo tirong e e kgethegileng ya booki.”

Mooki wa mmelegisi: “Motho yo o rutilweng booki le go belegisa.”

Mooki yo o tlhokomelang balwetse: “Motho yo o ileng a rutiwa go tlhokomela balwetse mme a sa aloga mo sekolong sepe sa booki.”

Mooki yo o nang le lekwalo la go tlhokomela balwetse: “Motho yo o alogileng mo sekolong sa go tlhokomela balwetse . . . yo o letleletsweng semolao gore a ka bereka jaaka mooki yo o nang le lekwalo la go tlhokomela balwetse.”

[Metswedi ya Ditshwantsho]

Go tswa go kgatiso ya Dorland’s Illustrated Medical Dictionary ya United States

UN/J. Isaac

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 25]

‘Motheo wa go Tlhokomela Botsogo’

Kwa Kopanong ya Bolekgolo ya Lekgotla la Boditšhabatšhaba la Baoki ka June 1999, Dr. Gro Harlem Brundtland, mokaedimogolo wa World Health Organization, o ne a bolela jaana:

“Baoki, jaaka e le batho ba ba botlhokwa ba ba ithutetseng tiro ya go tlhokomela botsogo, ba mo boemong jo bo tlhomologileng jwa go nna babueledi ba ba nonofileng ba polanete e e itekanetseng. . . . E re ka baoki le babelegisi ba setse ba fitlha go diperesente di le 80 tsa badiri ba ba tshwanelegang ba ba tlhokomelang botsogo mo tsamaisong yotlhe ya tsa kalafi ya setšhaba, ke maatla a a nonofileng a a ka nnang a lere diphetogo tse di tlhokegang gore re nne le dilo tse re di tlhokang tsa Boitekanelo Jwa Botlhe mo lekgolong la dingwaga la bo21. Eleruri, se ba se dirang mo tirong ya bone ya go tlhokomela botsogo se akaretsa dikarolo tsotlhe tsa go tlhokomela botsogo . . . Go phepafetse gore baoki ke motheo wa ditlhopha di le dintsi tse di tlhokomelang botsogo.”

Poresidente ya pele ya kwa Mexico, Ernesto Zedillo Ponce de León, o ne a baka baoki ba kwa Mexico ka tsela e e kgethegileng mo puong ya gagwe fa a ne a re: “Letsatsi le letsatsi, lotlhe fela . . . lo dirisa kitso yotlhe ya lona, kutlwano ya lona, le tiro ya lona ya go sireletsa le go tsosolosa boitekanelo jwa batho ba Mexico. Letsatsi le letsatsi ga lo ise fela thuso ya tiro e lo e ithutetseng kwa go ba ba e tlhokang mme gape le go ba kgothatsa ka mokgwa wa lona wa bopelonomi, wa boineelo, le wa go direla ba bangwe molemo. . . . Lo karolo e kgolo go di feta tsotlhe ya mekgatlho ya rona ya boitekanelo. Tiro ya baoki ba rona e akaretsa go boloka matshelo, go enta bana, go belegisa, go tlotla ka botsogo, go alafa, go tlhokomela balwetse le go ba kgothatsa thata.”

[Metswedi ya Ditshwantsho]

UN/DPI Photo by Greg Kinch

UN/DPI Photo by Evan Schneider

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 27]

Ngaka e e Nang le Kanaanelo

Dr. Sandeep Jauhar wa Presbyterian Hospital ya New York, o ne a bolela gore e kete a ka direla baoki ba ba molemo sengwe. Mooki mongwe o ne a ile a mmontsha ka tsela e e botlhale gore molwetse mongwe yo o neng a tloga a swa o ne a tlhoka go newa molemo o mongwe gape wa mmorofene. O ne a kwala jaana: “Baoki ba ba molemo gape ba ruta dingaka. Baoki ba ba dirang kwa diphaposing tsa bookelo tse di kgethegileng jaaka mo karolong ya bookelo ya balwetse ba ba lwalang thata ke bangwe ba baoki ba ba thapisitsweng ka tsela e e molemo go gaisa mo bookelong. Fa ke ne ke sa ntse ke ithutela bongaka, ba ne ba nthuta go tsenya ditšhupu mo molwetseng le go dirisa metšhini e e thusang molwetse go hema. Ba ne ba mpolelela gore ke melemo efe e ke neng ke sa tshwanela go e dirisa.”

O ne a tswelela pele jaana: “Baoki ba nonotsha balwetse mo tlhaloganyong le mo maikutlong, ka gonne ke bone ba ba fetsang nako e ntsi ba na le bone. . . . Gantsi ke arabela ka bonako fa mooki yo ke mo ikantseng a mpolelela gore ke tshwanetse go bona molwetse kwantle ga go senya nako.”

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

“Ke ne ke na le keletso ya go thusa ba bangwe.”—Terry Weatherson, Engelane.

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

“Fa ke ne ke lebile rre kwa bookelong, ke ne ka swetsa ka gore ke batla go nna mooki.”—Etsuko Kotani, Japane.

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

‘Go belegwa ga ngwana ke sengwe sa dilo tse dintle go gaisa se se ka diragalelang mmelegisi.’—Jolanda Gielen-Van Hooft, Netherlands.

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Babelegisi ba bona boipelo le kgotsofalo ka ntlha ya go thusa go belegisa